Scriptures
2 Nifae 12


Kgaolo 12

Isaia o bona tempele ya malatsi a bofelo, kgobokanyo ya Iseraele, le katlholo le kagiso tsa sebaka sa dingwaga tse sekete—Baikgogomosi le baleofi ba tlaa tlisiwa tlase kwa Go tleng ga Bobedi—Tshwantsha Isaia 2. E ka nna dingwaga di le 559 go ya go di le 545 pele ga ga Keresete.

1 Lefoko le Isaia, morwa Amose, a le boneng mabapi le Juta le Jerusalema:

2 Mme go tlaa diragala mo malatsing a bofelo, fa thaba ya ntlo ya Morena e tlaa tlhongwa mo godimo ga dithaba, mme e tlaa tlhatlosiwa godimo ga makhubu, mme ditšhaba tsotlhe di tlaa tshologela go yone.

3 Mme batho ba le bantsi ba tlaa tsamaya mme ba re, Tlang lona, mme re ye kwa thabeng ya Morena, kwa ntlong ya Modimo wa ga Jakobe; mme o tlaa re ruta ka ditsela tsa gagwe, mme re tlaa tsamaya mo ditselaneng tsa gagwe; gonne go tswa Sione go tlaa tsamaya pele molao, le lefoko la Morena go tswa Jerusalema.

4 Mme o tlaa atlhola gareng ga ditšhaba, mme o tlaa kgalemela batho ba le bantsi: mme ba tlaa thula ditšhaka tsa bone go nna dikara tsa megoma, mme digai tsa bone go nna dikero tse di kgaolang ditlhare—setšhaba ga sena se tsholetsa tšhaka kgatlhanong le setšhaba, le fa e le go ka tlhola ba ithuta ntwa gape.

5 O ntlo ya ga Jakobe, tlang lona mme mmang re tsamayeng mo leseding la Morena; ee, tlang, gonne lona lotlhe lo ile go sele, mongwe le mongwe kwa ditseleng tsa gagwe tse di boleo.

6 Jalo he, O Morena, o tlogetse batho ba gago, ntlo ya ga Jakobe, ka ntlha ya gore ba tladitswe go tswa kwa botlhaba, mme ba obamela baitseanape jaaka Bafilisitia, mme ba iitumedisa mo baneng ba batho ba ba sa itseweng.

7 Lefatshe la bone le lone le tletse selefera le gauta, le e seng gore go ne go na le bofelo jwa matlotlo a bone; lefatshe la bone gape le tletse dipitsi, le fa e le bofelo jwa dikaraki tsa bone.

8 Lefatshe la bone le tletse medimo ya disetwa; ba obamela ditiro tsa diatla tsa bone, tseo tse menwana ya bone e di dirileng.

9 Mme monna yo o fa gare ga a obame tlase, mme monna yo mogolo ga a ikokobetse, jalo he, o se mo itshwarele.

10 O lona ba ba boleo, tsenang mo lefikeng, mme lo iphitlhe mo loroleng, gonne poifo ya Morena le kgalalelo ya bogolo jwa gagwe di tlaa lo kgwathisa.

11 Mme go tlaa diragala gore ditebo tse di maikgantsho tsa batho di kokobediwe, mme maikgantsho a magolo a batho a tlaa obelwa tlase, mme Morena ka nosi o tlaa tlhatlosiwa ka letsatsi leo.

12 Gonne letsatsi la Morena wa Masomosomo ka bonako le etla mo ditšhabeng tsotlhe, ee, mo go mongwe le mongwe; ee mo baikgogomosing le baikgantshi, le mo go mongwe le mongwe yo o tsholetsegileng godimo, mme o tlaa tlisiwa tlase.

13 Ee, mme letsatsi la Morena le tlaa tla mo masetareng otlhe a Lebanone, gonne a kwa godimo e bile a tsholetsegile; le mo go tsotlhe diouku tsa Bašane;

14 Le mo dithabeng tsotlhe tse di kwa godimo, le mo makhubung otlhe, le mo ditšhabeng tsotlhe tse di tsholetsegetseng godimo, le mo bathong botlhe;

15 Le mo godimo ga kago e e godileng nngwe le nngwe, le mo godimo ga lobota lengwe le lengwe le le ageletsweng;

16 Le mo dikepeng tsotlhe tsa lewatle, le mo dikepeng tsotlhe tsa Taresise, le mo ditshwantshong tsotlhe tse di kgatlhisang.

17 Mme maikgantsho a motho a tlaa kobelwa tlase, mme maikgantsho a magolo a banna a tlaa isiwa kwa tlase; mme Morena ka nosi o tlaa tlhatlosiwa ka letsatsi leo.

18 Mme medimo ya disetwa o tlaa e fedisa gotlhelele.

19 Mme ba tlaa tsena mo mesimeng ya mantswe, le mo dikgageng tsa lefatshe, gonne poifo ya Morena e tlaa tla mo go bone mme kgalalelo ya bogolo jwa gagwe e tlaa ba itaya, fa a emelela go roromisa lefatshe ka poitshego.

20 Mo letsatsing leo, monna o tlaa a latlha medimo ya disetwa ya gagwe ya selefera, le medimo ya disetwa ya gagwe ya gauta, e a e itiretseng go e obamela, kwa dirunyeng le kwa go bommamanthwane;

21 Go ya mo matshwagong a matlapa, le mo godimo ga matlapa a a ditšheka, gonne poifo ya Morena e tlaa tla mo go bone mme bogolo jwa kgalalelo ya gagwe bo tlaa ba itaya, fa a emelela go roromisa ka poitshego lefatshe.

22 Kgaotsang lona go tswa mo mothong, yo go hema ga gagwe go leng mo dinkong; gonne ke mo go eng mo a ka kaiwang ka gone ?