Scriptures
2 Nifae 14


Kgaolo 14

Sione le barwadie ba tlaa rekololwa, le go tlhatswiwa mo letsatsing la dingwaga tse di sekete—Tshwantsha Isaia 4. E ka nna dingwaga di le 559 go ya go di le 545 pele ga ga Keresete.

1 Mme mo letsatsing leo, basadi ba le supa ba tlaa tshwara monna a le mongwe, ba re: Re tlaa ja senkgwe sa rona, le go apara diaparo tsa rona; fela re letlelele go bidiwa ka leina la gago go ntsha kgalo ya rona.

2 Mo letsatsing leo kala ya Morena e tlaa nna ntle le go e galalela; leungo la lefatshe le tlaa tlotlomala le go ntlafala go bone ba e leng bafalodi ba Iseraele.

3 Mme go tlaa diragala, bao ba ba tlogetsweng mo Sione, mme ba setse kwa Jerusalema ba tlaa bidiwa boitshepho, mongwe le mongwe yo o kwadilweng gareng ga batshedi kwa Jerusalema—

4 Fa Morena a tlaa bo a tlhatswitse makgapha a barwadia Sione, le a tlaa bo a phepafaditse madi a Jerusalema go tswa mo gare ga one ka mowa wa katlholo le mowa wa phiso.

5 Mme Morena o tlaa bopa mo lefelong la bonno lengwe le lengwe la thaba ya Sione, le mo diphuthegong tsa gagwe, leru le mosi mo motshegareng le phatsimo ya molelo o o tukang mo bosigong; gonne godimo ga kgalalelo yotlhe ya Sione, go tlaa nna tshireletso.

6 Mme go tlaa nna motlaagana wa moriti mo motshegareng go thibela mogote, le go nna lefelo la botshabelo, le kutla mo diphefong le mo puleng.