Scriptures
2 Nifae 22


Kgaolo 22

Mo letsatsing la sebaka sa dingwaga tse di sekete batho botlhe ba tlaa galaletsa Morena—O tlaa nna gareng ga bone—Tshwantsha Isaia 12. E ka nna dingwaga di le 559 go ya go di le 545 pele ga ga Keresete.

1 Mme mo letsatsing leo o tlaa a re: O Morena, ke tlaa go baka; le fa o ne o ntshakgaletse tšhakgalo ya gago e eme, mme o nkgomoditse.

2 Bonang, Modimo ke poloko ya me; Ke tlaa tshepa, mme ke se boife; gonne Morena Jehofa ke nonofo ya me le pina ya me; ene gape o nnile poloko ya me.

3 Jalo he, ka boipelo o tlaa ga metsi go tswa mo didibeng tsa poloko.

4 Mme mo letsatsing leo lo tlaa re: Bakang Morena, bitsang leina la gagwe, begang ditiro tsa gagwe gareng ga batho, bolelang gore leina la gagwe le tlhatlositswe.

5 Opelelang go Morena; gonne o dirile dilo tse di kgethegileng; se se itsewe mo lefatsheng lotlhe.

6 Goa o bo o kue, wena moagi wa Sione; gonne go gogolo Moitshephi wa Iseraele mo gareng ga lona.