Scriptures
3 Nifae 9


Kgaolo 9

Mo lefifing, lentswe la ga Keresete le itsise ka tshenyego ya batho ba le bantsi le metse ka ntlha ya boikepi jwa bone—O itsise gape bosemodimo jwa gagwe, o itsise gore molao wa ga Moše o diragaditswe, mme o laletsa batho go tla go ene go bolokwa. E ka nna mo ngwageng wa Morena wa 34.

1 Mme go ne ga diragala gore go ne go na le lentswe le utlwiwa gareng ga banni botlhe ba lefatshe, mo sefatlhogong sotlhe sa lefatshe le, le goa:

2 Khutsafalo, khutsafalo, khutsafalo go batho ba; khutsafalo go banni ba lefatshe lotlhe fa e se ba tlaa ikotlhaya; gonne diabole o a tshega, mme baengele ba gagwe ba a ipela, ka ntlha ya barwa le barwadia ba ba ntle ba batho ba me ba ba bolailweng; mme ke ka ntlha ya boikepi le bodiabole gore ba ole!

3 Bonang, motse o mogolo olo Sarahemola ke o tshubile ka molelo, le banni ba one.

4 Mme bonang, motse o mogolo olo Moronae ke dirile gore o nwele mo boteng jwa lewatle, le banni ba one gore ba betwe ke metsi.

5 Mme bonang, motse o mogolo olo Moronaeha ke o ribegeditse ka mmu, le banni ba one, go fitlha boikepi jwa bone le bodiabole jwa bone go tswa fa pele ga sefatlhogo sa me, gore madi a baporofiti le baitshephi a seka a tlhola a tla gape go nna kgatlhanong le bone.

6 Mme bonang, motse wa Gilegale ke o dirile gore o nwele, le banni ba one go fitlhiwa mo boteng jwa lefatshe;

7 Ee, le motse wa Onaeha le banni ba one, le motse wa Mokamo le banni ba one, le motse wa Jerusalema le banni ba one; mme metsi ke a dirile go tla godimo mo boemong jwa yone, go fitlha boleo jwa bone le bodiabole jwa bone go tswa fa pele ga sefatlhogo sa me, gore madi a baporofiti le baitshephi a seka a tlhola a tla gape go nna kgatlhanong le bone.

8 Mme bonang, motse wa Kedientae, le motse wa Kediamona, le motse wa Jakobe, le motse wa Kimokimono, e yotlhe ke dirile gore e nwele, mme ka dira mantswe le mekgatšha mo mafelong a yone; mme banni ba yone ke ba fitlhile mo boteng jwa lefatshe, go fitlha boleo jwa bone le bodiabole go tswa fa pele ga sefatlhogo sa me, gore madi a baporofiti le baitshephi a seka a tlhola a tla gape go nna kgatlhanong le bone.

9 Mme bonang, motse o mogolo olo Jakabukafe, o o neng o nna batho ba ga kgosi Jakobe, ke dirile gore o še ka molelo ka ntlha ya dibe tsa bone le boleo jwa bone, jo bo neng bo le godimo ga boleo jotlhe jwa lefatshe, ka ntlha ya dipolao tsa bone tsa sephiri le makunutu; gonne ke bone ba ba neng ba senya kagiso ya batho ba me le puso ya lefatshe; jalo he ke ne ka ba dira gore ba še, go ba senya go tswa fa pele ga sefatlhogo sa me, gore madi a baporofiti le baitshephi a seka a tlhola a tla kwa go nna gape kgatlhanong le bone.

10 Mme bonang, motse wa ga Leimene, le motse wa Jashe, le motse wa Gate, le motse wa Kishekumene, ke dirile gore e še ka molelo, le banni ba yone, ka ntlha ya boleo jwa bone mo go lelekeng baporofiti, le go kgobotletsa ka matlapa bao ba ke neng ke ba romile go bega go bone mabapi le boleo jwa bone le bodiabole jwa bone.

11 Mme ka ntlha ya gore ba ne ba ba koba botlhe, gore go ne go se ope yo o siameng gareng ga bone, ke ne ka romelela tlase molelo go ba senya, gore boleo jwa bone le bodiabole bo ka tla jwa fitlhega go tswa fa pele ga sefatlhogo sa me, gore madi a baporofiti le baitshephi ba ke ba romileng gareng ga bone ba ka tla ba seka ba tlhola ba goa go nna go tswa mo mmung kgatlhanong le bone.

12 Mme ditshenyego di le dintsi tse dikgolo ke dirile gore di tle mo lefatsheng le, le mo bathong ba, ka ntlha ya boleo jwa bone le bodiabole jwa bone.

13 O lotlhe lona ba lo sadisitsweng ka ntlha ya gore lo ne lo siame go ba feta, a ga lona jaanong go boela go nna, mme lwa ikotlhaela dibe tsa lona, mme lwa sokologa, gore ke ka tla ka lo fodisa?

14 Ee, ruri ke lo raya ke re, fa lo ka tla kwa go nna lo tlaa nna le botshelo jo bosakhutleng. Bonang, letsogo la me la kutlwelobotlhoko le thapololetswe go ya kwa go lona, mme mang le mang yo o tlaa tlang, ene ke tlaa mo amogela; mme go sego bao ba ba tlang go nna.

15 Bonang, ke Jesu Keresete Morwa wa Modimo. Ke bopile magodimo le lefatshe, le dilo tsotlhe tse mo go tsone di leng. Ke ne ke na le Rara go tswa kwa tshimologong. Ke mo go Rara, mme Rara mo go nna; mme mo go nna Rara o galaleditse leina la gagwe.

16 Ke tlile go ba me, mme ba me ba seka ba nkamogela. Mme mafoko a Modimo a a kwadilweng mabapi le go tla ga me a diragaditswe.

17 Mme bontsi jotlhe jo bo nkamogetseng, kwa go bone ke neile go nna barwa ba Modimo; mme le jalo tota ke tlaa go bontsi jo bo jaaka ba ba tlaa dumelang mo leineng la me, gonne bonang, ka nna thekololo e a tla, mme mo go nna molao wa ga Moše o a diragadiwa.

18 Ke nna lesedi le botshelo jwa lefatshe. Ke Alefa le Omega, tshimologo le bokhutlo.

19 Mme ga lo kitla lo tlhola lo abela go nna tshololo ya madi; ee, ditlhabelo tsa lona le dikabelo tsa lona tse di fisitsweng di tlaa fedisiwa, gonne ga ke kake ka amogela dipe tsa ditlhabelo tsa lona le dikabelo tse di fisitsweng tsa lona.

20 Mme lo tlaa abela go nna setlhabelo pelo e e thubegileng le mowa o gamuketseng. Mme mang yo o tlang go nna ka pelo e thubegileng le mowa o gamuketseng, ene ke tlaa mo kolobetsa ka molelo le ka mowa o boitshepho, fela jaaka Baleimene, ka ntlha ya tumelo ya bone mo go nna ka nako ya go sokologa ga bone, ba ne ba kolobediwa ka molelo le ka Mowa o o Boitshepho, mme ba ne ba sa itse.

21 Bonang, ke tlile mo lefatsheng go tlisa thekololo mo lefatsheng, go boloka lefatshe go tswa mo sebeng.

22 Jalo he, mang yo o ikotlhayang mme a tla go nna jaaka ngwana yo monnye, ene ke tlaa mo amogela, gonne go ba ba jalo ke motse wa bogosi jwa Modimo. Bonang, ka ntlha ya ba ba jalo ke beile botshelo jwa me fatshe, mme ke bo tsere gape, jalo he ikotlhaeng, mme lo tle go nna lona dikhutlo tsa lefatshe, mme lo bolokwe.