Scriptures
3 Nifae 18


Kgaolo 18

Jesu o tlhoma selalelo gareng ga Banifae—Ba laelwa go rapela ka nako tsotlhe mo leineng la gagwe—Bao ba ba jang mmele wa gagwe mme ba a nwa madi a gagwe ba sa itekanela ba hutsitswe—Barutwana ba fiwa thata ya go naya Mowa o o Boitshepho. E ka nna mo ngwageng wa Morena wa 34.

1 Mme go ne ga diragala gore Jesu a laele barutwana ba gagwe gore ba tlise pele senkgwe le mofine go ene.

2 Mme fa ba santse ba latile senkgwe le mofine, a laela matshwititshwiti gore ba nne fatshe.

3 Mme fa barutwana ba tlile ka senkgwe le mofine, a tsaya senkgwe mme a se kgaola mme a se segofatsa; mme a naya go barutwana mme a laela gore ba je.

4 Mme fa ba sena go ja mme ba kgotshe, a laela gore ba neye go matshwititshwiti.

5 Mme fa matshwititshwiti a sena go ja mme a kgotshe, a raya barutwana a re: Bonang go tlaa nna le mongwe a tlhomilwe gareng ga lona, mme go ene ke tlaa naya thata gore o tlaa kgaoganya senkgwe mme a se segofatse mme a se neye go batho ba kereke ya me, go botlhe bao ba ba tlaa dumelang mme ba kolobediwa mo leineng la me.

6 Mme se lo tlaa tlhokomela go se dira ka nako tsotlhe, le jaaka ke dirile, le jaaka ke kgaogantse senkgwe le go se segofatsa mme ka se naya go lona.

7 Mme se lo tlaa se dira mo kgakologelong ya mmele wa me, o ke o bontshitseng go lona. Mme e tlaa nna bopaki go Rara gore lo nkgakologelwa ka nako tsotlhe. Mme fa lo nkgalogelwa ka nako tsotlhe lo tlaa nna le Mowa wa me go nna le lona.

8 Mme go ne ga diragala gore fa a bua mafoko a, a laela barutwana ba gagwe gore ba tseye mofine wa senwelo mme ba nwe bontlha jwa one, le gore gape ba neye go matshwititshwiti gore ba tle ba o nwe.

9 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba dira jalo, mme ba ne ba o nwa mme ba kgora; mme ba naya go matshwititshwiti, mme ba ne ba a nwa, mme ba ne ba kgora.

10 Mme fa barutwana ba dirile se, Jesu a ba raya a re: Go sego lona ka ntlha ya selo se se lo se dirileng, gonne se ke tiragatso ya ditaelo tsa me, mme se se supa go Rara gore lo rata go dira seo se ke lo se laetseng.

11 Mme se lo tlaa se dira ka nako tsotlhe kwa go bao ba ba ikotlhayang mme ba kolobediwa mo leineng la me; mme lo tlaa se dira mo kgakologelong ya madi a me, a ke a tshololetseng lona, gore lo ka tla lwa supa go Rara gore lo nkgakologelwa ka nako tsotlhe. Mme fa lo nkgakologelwa ka nako yotlhe lo tlaa nna le Mowa wa me go nna le lona.

12 Mme ke naya go lona taelo gore lo dire dilo tse. Mme fa lo ka dira dilo tse ka nako tsotlhe go sego lona, gonne lo agile mo lefikeng la me.

13 Mme mang gareng ga lona yo o tlaa dirang go feta kgotsa go fetwa ke tse ga ba a aga mo lefikeng la me, mme ba agile mo motheong o o motlhaba; mme fa pula e fologa, le merwalela e tla, le diphefo di foka, mme di itaya mo go bone, ba tlaa wa, mme dikgoro tsa molete di eme sentle go ba amogela.

14 Jalo he go sego lona fa lo ka tshegetsa ditaelo tsa me, tse Rara a di ntaetseng gore ke di neye go lona.

15 Ammaaruri, ammaaruri, ka re go lona, lo tshwanetse lo tlhokomele mme lo rapele ka nako tsotlhe, e se re kgotsa lo raelwe ke diabole, mme lo isiwe go sele botshwarwa ke ene.

16 Mme jaaka ke rapetse gareng ga lona le jalo tota lo tlaa rapela mo kerekeng ya me, gareng ga batho ba me ba ba ikotlhayang mme ba kolobediwa mo leineng la me. Bonang ke lesedi; ke beile sekai go lona.

17 Mme go ne ga diragala gore fa Jesu a sena go bua mafoko a go barutwana ba gagwe, a fetogela gape go matshwititshwiti mme a ba raya a re:

18 Bonang, ammaaruri, ammaaruri, ka re go lona, lo tshwanetse lo lebelele mme lo rapele ka nako tsotlhe e se re kgotsa lwa tsena mo thaelong; gonne Satane o eletsa go lo tsaya, gore o ka tla a lo olosa jaaka korong.

19 Jalo he lo tshwanetse ka nako tsotlhe lo rapele Rara mo leineng la me;

20 Mme eng le eng se lo tlaa se kopang Rara mo leineng la me, se se siameng, lo dumela gore lo tlaa amogela, bonang se tlaa newa go lona.

21 Rapelang mo malwapeng a lona go Rara, mo leineng la me ka nako tsotlhe, gore basadi ba lona le bana ba lona ba ka segofadiwa.

22 Mme bonang, lo tlaa kopana mmogo gantsi; mme ga lo na go itsa motho ope go tla go lona fa lo kopana mmogo mme ba letleleleng gore ba ka tla go lona mme lo seka lwa ba itsa;

23 Mme lo tlaa ba rapelela, mme ga lo na go ba kobela kwa ntle; mme fa e le gore ba tla go lona gantsi lo tlaa ba rapelela kwa go Rara, mo leineng la me.

24 Jalo he, tsholetsang lesedi la lona gore le ka tla la phatsima go lefatshe. Bonang ke lesedi le lo tlaa le tsholetsang—seo se le se boneng ke se dira. Bonang lo bona gore ke rapetse go Rara, mme lotlhe lo bone ka matlho.

25 Mme lo bone gore ke laetse gore ope wa lona a seka a tsamaya, mme boemong jwa moo ke laetse gore lo tle go nna, gore lo ka tla lwa utlwa le go bona; le jalo tota lo tlaa dira go lefatshe; mme mang le mang yo o robang taelo e o itetlelela gore a isiwe mo thaelong.

26 Mme jaanong go ne ga diragala gore fa Jesu a sena go bua mafoko a, a busetsa matlho a gagwe gape mo barutwaneng ba a neng a ba tlhophile, mme a ba raya a re:

27 Bonang ammaaruri, ammaaruri, ka re go lona, ke naya go lona taelo e nngwe, mme jaanong foo ke tshwanetse go ya kwa go Rara gore ke ka tla ka diragatsa ditaelo tse dingwe tse a di mphileng.

28 Mme jaanong bonang, e ke taelo e ke e nayang go lona, gore lo seka lwa letlelela ope lo itse, go tsaya mmele wa me le madi a sa itekanela, fa lo tlaa o direla:

29 Gonne yoo yo o jang le go nwa mmele le madi a me a sa itekanela o ja le go nwela khutso go botho jwa gagwe; jalo he fa lo itse gore motho ga a lekana go ja le go nwa mmele le madi a me lo tlaa mo itsa.

30 Le fa go ntse jalo, ga lo na go mo koba go tswa gareng ga lona, mme lo tlaa mo ruta le go mo rapelela go Rara, mo leineng la me; mme fa go ka nna gore o a ikotlhaya mme o a kolobediwa mo leineng la me, jaanong foo lo tlaa mo amogela, mme lo tlaa direla go ene mmele wa me le madi.

31 Mme fa a sa ikotlhaye ga a na go balelwa gareng ga batho ba me, gore o ka tla a seka a senya batho ba me, gonne bonang ke itse dinku tsa me, mme di na le palo.

32 Le fa go ntse jalo, lo seka lwa mo koba mo disenagogeng tsa lona, kgotsa mafelo a lona a kobamelo, gonne go ba ba jalo lo tlaa tswelela go ruta; gonne ga lo itse gore ba tlaa boa leng mme ba ikotlhaya, mme ba tla go nna ka maikaelelo a a tletseng a pelo, mme ke tlaa ba fodisa; mme lo tlaa nna mokgwa wa go tlisa poloko go bone.

33 Jalo he, tshegetsang dipuo tse tse ke lo di laetseng gore lo seka lwa tla ka fa tlase ga pono molato le kotlhao; gonne khutsafalo go ene yo Rara a mo atlholang.

34 Mme ke naya go lona ditaelo tse ka ntlha ya manganga a a neng a le teng gareng ga lona. Mme go sego lona fa lo sena manganga gareng ga lona.

35 Mme jaanong ke ya go Rara, gonne go tlhokafala gore ke ye go Rara ka ntlha ya lona.

36 Mme go ne ga diragala gore fa Jesu a sena go dira bokhutlo jwa mafoko a, a ama ka seatla sa gagwe barutwana ba a neng a ba tlhophile, bongwe ka bongwe, le go fitlhelela a ba amile botlhe, mme a bua le bone jaaka fa a ba ama.

37 Mme matshwititshwiti a seka a utlwa mafoko a a neng a a bua, jalo he ba ne ba seka ba nna le bosupi; mme barutwana ba baya bosupi gore o ba neile thata go naya Mowa o o Boitshepho. Mme ke tlaa lo bontsha gotsweng fano gore pego e ke boammaaruri.

38 Mme go ne ga diragala gore fa Jesu a sena go ba ama botlhe, go ne ga tla leru mme la apesa matshwititshwiti mo ba neng ba seka ba bona Jesu.

39 Mme fa ba ne ba apesitswe a emelela go tswa mo go bone, mme a tlhatlogela mo legodimong. Mme barutwana ba bona mme ba ne ba nna le bosupi gore o tlhatlogetse gape kwa legodimong.