Scriptures
3 Nifae 4


Kgaolo 4

Mephato ya Banifae e fenya dirukutlhi tsa ga Kedienthene—Kidianhae o a bolawa, mme yo o mo tlhatlhamang, Semonaraeha, o a kalediwa—Banifae ba baka Morena mo diphenyong tsa bone. E ka nna mo ngwageng wa Morena wa 19 go ya go wa 22.

1 Mme go ne ga diragala gore kwa ntlheng e e kwa bofelong jwa ngwaga wa lesome le boroba bobedi mephato eo ya dirukutlhi e ne e ipaakanyeditse go lwa, mme ba ne ba simolola go tla tlase le go tlhasela ka tshoganyetso go tswa mo mantsweng, le go tswa mo dithabeng, le naga, le maremelelo a bone, le mafelo a bone a sephiri, mme ba ne ba simolola go tsaya mafatshe, mmogo a a neng a le mo lefatsheng le le borwa le a a neng a le mo lefatsheng le le bokone, mme ba ne ba simolola go tsaya mafatshe otlhe a a neng a tlogetswe ke Banifae, le metse e e neng e tlogetswe e le matlotla.

2 Mme bonang, go ne go sena dibatana le fa e le diphologolo mo mafatsheng ao a a neng a tlogetswe ke Banifae, mme go ne go sena diphologolo go tsongwa ke dirukutlhi fa e se e ne e le mo nageng.

3 Mme dirukutlhi di ne di ka seka tsa tshela fa e se e ne e le mo nageng, ka ntlha ya patlo ya dijo; gonne Banifae ba ne ba tlogetse mafatshe ao e le matlotla, mme ba ne ba kgobokantse matsomane a bone le maraka a bone le dithoto tsotlhe tsa bone, mme ba ne ba le mo segopeng se le sengwe.

4 Jalo he, go ne go sena phatlha mo dirukutlhing go thukutha le go bona dijo, fa e ne e se go tla mo ntweng e e kwa ntle kgatlhanong le Banifae; mme Banifae ba le mo segopeng se le sengwe, mme ba na le palo e kgolo jalo, mme ba ipeetse mefago, le dipitsi le dikgomo, le matsomane a mefuta yotlhe, gore ba ka tla ba kgona go tshela sebaka sa dingwaga di supa, mo nakong e ba neng ba solofela go senya dirukutlhi go tswa mo sefatlhogong sa lefatshe; mme jalo ngwaga wa lesome le boroba bobedi o ne wa feta.

5 Mme go ne ga diragala gore mo ngwageng wa lesome le boroba bongwe Kidianhae a bona gore go ne go tlhokafala gore a ye go lwa kgatlhanong le Banifae, gonne go ne go sena mokgwa ope o ba neng ba ka tshela fa e ne e se go thukutha le go rukutlha le go bolaya.

6 Mme ba ne ba ka seka ba leka go iphatlalatsa mo sefatlhogong sa lefatshe mo e leng gore ba ne ba ka kgona go lema mabele, e sere kgotsa Banifae ba tle mo go bone mme ba ba bolae; jalo he Kidianhae a fa talo go mephato ya gagwe gore mo ngwageng o ba tshwanetse go ya go lwa kgatlhanong le Banifae.

7 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba tla go lwa; mme e ne e le mo kgweding ya borataro; mme bonang, bogolo le poitshego e ne e le letsatsi le ba neng ba tla go lwa ka lone; mme ba ne ba itlamile morago ga mokgwa wa dirukutlhi; mme ba ne ba na le letlalo la nku mo dinokeng tsa bone, mme ba ne ba tloditswe madi, mme ditlhogo tsa bone di ne di le borethe, mme ba na le makarapa mo go tsone; mme bogolo le poitshego e ne e le tebego ya mephato ya ga Kidianhae, ka ntlha ya seaparo sa bone sa ntwa, le ka ntlha ya go bo ba ne ba tloditswe madi.

8 Mme go ne ga diragala gore mephato ya Banifae, fa ba bona tebego ya mophato wa ga Kidianhae, ba ne ba wetse fa fatshe, mme ba tsholeletsa dilelo tsa bone go Morena Modimo wa bone, gore a ba babalele mme a ba golole mo diatleng tsa baba ba bone.

9 Mme go ne ga diragala gore fa mephato ya ga Kidianhae e bona se, ba ne ba simolola go goa ka lentswe le le kwa godimo, ka ntlha ya boipelo jwa bone, gonne ba ne ba gopotse gore Banifae ba ole ka poifo ka ntlha ya poitshego ya mephato ya bone.

10 Mme mo selong se ba ne ba swaba, gonne Banifae ba ne ba sa ba tshabe; mme ba ne ba tshaba Modimo wa bone mme ba ne ba mo lopa ka boikokobetso go ba sireletsa; jalo he, fa mephato ya ga Kidianhae e ne ya tabogela mo go bone ba ne ba ipaakanyeditse go ba kgatlhantsha; ee, mo nonofong ya Morena ba ne ba ba amogela.

11 Mme ntwa ya simologa mo kgweding e ya borataro; mme bogolo le poitshego go ne go le ntwa ya teng, ee, bogolo le poitshego go ne go le kganyaolo ya yone, mo e leng gore go ne go ise go ke go itsiwe kganyaolo e kgolo jaana gareng ga batho ba ga Lihae fa a sale a tswa kwa Jerusalema.

12 Le go sa kgathalesege matshosetsi le maikano a Kidianhae a neng a a dirile, bonang, Banifae ba ne ba ba itaya, mo e leng gore ba ne ba boela morago go tswa fa pele ga bone.

13 Mme go ne ga diragala gore Kidikiditonae a laela mephato ya gagwe gore e ba sale morago go ya go goroga kwa melelwaneng ya naga, le gore ba seka ba sadisa ope yo o tlaa welang mo diatleng tsa bone mo tseleng; mme jalo ba ne ba ba sala morago mme ba ba bolaya, go ya kwa melelwaneng ya naga, le go fitlhelela ba diragaditse taelo ya ga Kidikiditonae.

14 Mme go ne ga diragala gore Kidianhae, yo o neng a ema le go lwa ka tsosologo, a salwa morago jaaka a ne a tshaba; mme a ne a lapile ka ntlha ya go lwa mo gontsi ga gagwe o ne a tshwarwa mme a bolawa. Mme jalo go ne go le phelelo ya ga Kidianhae wa serukutlhi.

15 Mme go ne ga diragala gore mephato ya Banifae e ne ya boela gape kwa lefelong la bone la tshireletso. Mme go ne ga diragala gore ngwaga o wa lesome le boroba bongwe o ne wa feta, mme dirukutlhi di ne tsa seka tsa tla gape go lwa; le fa e le go tla gape mo ngwageng wa masome a mabedi.

16 Mme mo ngwageng wa masome a mabedi le bongwe ba ne ba seka ba tla go lwa, mme ba ne ba tla mo ditlhakoreng tsotlhe go dikaganyetsa batho ba Nifae; gonne ba ne ba gopola gore fa ba ne ba ka kgaoganya batho ba Nifae le mafatshe a bone, mme ba ba thibelela mo teng mo tlhakoreng nngwe le nngwe, mme fa ba ne ba ka ba kgaoganya le ditshiamelo tsotlhe tsa bone tse di kwa ntle, gore ba ne ba ka ba dira go ineela go ya ka fa dikeletsong tsa bone.

17 Jaanong ba ne ba tlhomile go bone moeteledipele yo mongwe, yo leina la gagwe e neng e le Semonaraeha; jalo he e ne e le Semonaraeha yo o neng a dira gore tikaganyetso e e diragala.

18 Mme bona, se e ne e le tshito go Banifae; gonne go ne go sa kgonege gore dirukutlhi di dikaganyetse mo go leele mo go lekaneng go ka ama Banifae, ka ntlha ya mefago ya bone e mentsi e ba neng ba e beile mo polokelong,

19 Mme ka ntlha ya bonnye jwa mefago gareng ga dirukutlhi; gonne bonang, ba ne ba sena sepe fa e se fela nama go ba tshedisa, nama e ba neng ba e bona mo nageng;

20 Mme go ne ga diragala gore diphologolo tsa naga di ne tsa tlhokega mo nageng mo e leng gore dirukutlhi di ne di le gaufi le go nyelela ka tlala.

21 Mme Banifae bone ba ne ba gwantela kwa ntle go tsweletse motshegare le bosigo, mme ba wela mo mephatong ya bone, mme ba ba kgaola ka dikete le masome a dikete.

22 Mme jalo e ne ya nna keletso ya batho ba ga Semonaraeha go ikgogela morago mo leanong la bone, ka ntlha ya tshenyo e kgolo e e neng e tla mo go bone bosigo le motshegare.

23 Mme go ne ga diragala gore Semonaraeha o ne a fa taelo go batho ba gagwe gore ba ikgogele morago mo go dikaganyetseng, mme ba gwantele kwa dintlheng tse di kgakala thata tsa lefatshe le le go ya bokone.

24 Mme jaanong, Kidikiditonae a ne a lemogile leano la bone, mme a itse ka bokowa jwa bone ka ntlha ya patlo ya dijo, le kganyaolo e kgolo e e neng e dirilwe gareng ga bone, jalo he o ne a romela mephato ya gagwe mo nakong ya bosigo, mme a kgaola tsela ya go katela morago ga bone, mme a baya mephato ya gagwe mo tseleng ya go katela morago ga bone.

25 Mme se ba ne ba se dira mo nakong ya bosigo, mme ba tsena mo go gwanteng ga bone go feta dirukutlhi, gore e tle e re mo mosong, fa dirukutlhi di simolola go gwanta ga tsone, di ne tsa rakantshiwe ke mephato ya Banifae mmogo kwa pele ga tsone le kwa morago ga tsone.

26 Mme dirukutlhi tse di neng di le kwa borwa le tsone di ne tsa kgaolwa mo mafelong a bone a go katela morago. Mme dilo tse tsotlhe di ne di dirilwe ka taelo ya ga Kidikiditonae.

27 Mme go ne go na le dikete di le dintsi tsa ba ba neng ba ineela go nna magolegwa go Banifae, mme masalela a bone a ne a bolawa.

28 Mme moeteledipele wa bone, Semonaraeha, o ne a tsewa mme a kalediwa mo setlhareng, ee, le mo godimo ga sone tota go fitlhelela a swa. Mme fa ba sena go mo kaletsa go fitlhelela a swa, ba ne ba digela setlhare fa fatshe, mme ba goa ka lentswe le le kwa godimo, ba re:

29 A Morena a somarele batho ba gagwe mo tshiamong le mo boitshephong jwa pelo, gore ba tle ba dire gore go digelwe fa fatshe botlhe ba ba tlaa batlang go ba bolaya ka ntlha ya thata le makunutu a sephiri, le jaaka monna yo a digetswe fa fatshe.

30 Mme ba ne ba ipela mme ba goa gape ka lentswe le le lengwe, ba re: A Modimo wa ga Aberahame, le Modimo wa ga Isake, le Modimo wa ga Jakobe, o sireletse batho ba mo tshiamong, fela fa ba ka bitsa leina la Modimo wa bone go ba sireletsa.

31 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba thubega, botlhe jaaka bongwe, mo go opeleng, le go baka Modimo wa bone ka ntlha ya selo se segolo se a neng a se ba diretse, mo go ba babaleleng mo go weleng mo diatleng tsa baba ba bone.

32 Ee, ba ne ba goa: Hosana go Modimo yo o Godimodimo. Mme ba ne ba goa: A go segofadiwe leina la Morena Modimo mothatayotlhe, Modimo yo o Godimodimo.

33 Mme dipelo tsa bone di ne di rurugile ka boipelo, mo go tshologeng ga dikeledi tse dintsi, ka ntlha ya bomolemo jo bogolo jwa Modimo mo go ba gololeng mo diatleng tsa baba ba bone; mme ba ne ba itse gore e ne e le ka ntlha ya boikotlhao jwa bone le boikokobetso jwa bone gore ba bo ba golotswe mo tshenyegong e e senang bokhutlo.