Scriptures
3 Nifae 27


Kgaolo 27

Jesu o ba laela go bitsa Kereke ka leina la gagwe—Thomo ya gagwe le setlhabelo sa gagwe sa tetlanyo di dira efangele ya gagwe—Batho ba laelwa go ikotlhaya mme ba kolobediwe gore ba ka tla ba itshephisiwa ka Mowa o o Boitshepho—Ba tshwanetse go nna le jaaka Jesu a ntse tota. E ka nna mo ngwageng wa Morena wa 34 go ya go wa 35.

1 Mme go ne ga diragala gore fa barutwana ba ga Jesu ba ne ba ntse ba le mo loetong e bile ba rera dilo tse ba neng mmogo ba di utlwile le go di bona, mme ba ne ba kolobetsa mo leineng la ga Jesu, go ne ga diragala gore barutwana ba ne ba kgobokane mmogo mme ba kopane mo thapelong e kgolo le go ikitsa dijo.

2 Mme Jesu gape a itshupa go bone, gonne ba ne ba rapela go Rara mo leineng la gagwe; mme Jesu a tla mme a ema mo gareng ga bone, mme a re go bone: Ke eng se lo ratang ke ka se naya go lona?

3 Mme ba re go ene: Morena, re rata gore o ka re bolelela leina le ka lone re tlaa bitsang kereke e; gonne go na le manganga gareng ga batho mabapi le selo se.

4 Mme Morena a re go bone: Ammaaruri, ammaaruri, ka re go lona, ke ka go reng gore batho ba tshwanetse go ngunanguna le go nganga ka ntlha ya selo se?

5 A ga ba a bala mafoko a Modimo a a kwadilweng, a a reng lo tshwanetse lo tseye mo go lona leina la ga Keresete, le e leng leina la me? Gonne ka leina le lo tlaa bidiwa ka letsatsi la bofelo;

6 Mme mang yo o tsayang mo go ene leina la me, mme a itshoka go ya kwa bokhutlong, ene yoo o tlaa bolokwa ka letsatsi la bofelo.

7 Jalo he, eng le eng se lo tlaa se dirang, lo tlaa se dira mo leineng la me; jalo he lo tlaa bitsa kereke ka leina la me; mme lo tlaa bitsa Rara mo leineng la me gore a tle a segofatse kereke ka ntlha ya me.

8 Mme e ka nna jang kereke ya me fa e se e bidiwa ka leina la me? Gonne fa kereke e bidiwa ka leina la ga Moše jaanong foo e tlaa nna kereke ya ga Moše; kgotsa fa e ka bidiwa ka leina la monna jaanong foo e tlaa nna kereke ya monna; fa e ka bidiwa ka leina la me jaanong foo ke kereke ya me, fa e le gore ba agilwe mo efangeleng ya me.

9 Ammaaruri ka re go lona, gore lo agilwe mo efangeleng ya me; jalo he lo tlaa bitsa eng le eng dilo tse lo di bitsang, mo leineng la me; jalo he fa lo ka bitsa Rara, lo mmiletsa kereke, fa e le mo leineng la me Rara o tlaa lo utlwa;

10 Mme fa e le gore kereke e agilwe mo efangeleng ya me jaanong foo Rara o tlaa supa pele ditiro tsa gagwe ka boene mo go yone.

11 Mme fa e sa agelwa mo efangeleng ya me, mme e agetswe mo ditirong tsa batho, kgotsa mo ditirong tsa ga diabole, ammaaruri ka re go lona ba na le boipelo mo ditirong tsa bone mo pakeng, mme go ya le go ya bokhutlo bo a tla, mme ba kgaolelwe fatshe mme ba latlhelwe mo molelong, kwa go senang go boa.

12 Gonne ditiro tsa bone di a ba latela, gonne ke ka ntlha ya ditiro tsa bone gore ba kgaoletswe fatshe; jalo he gakologelwang dilo tse ke lo di boleletseng.

13 Bonang ke neile go lona efangele ya me, mme e ke efangele e ke e neileng go lona—gore ke tlile mo lefatsheng go dira thato ya ga Rara, ka ntlha ya gore Rara o nthomile.

14 Mme Rara o nthomile gore ke ka tla ka tsholelediwa godimo mo sefapaanong; mme morago ga moo ke ne ke tsholeleditswe mo sefapaanong, gore ke ka tla ka gogela batho botlhe go nna, gore fela jaaka ke tsholeleditswe godimo ke batho le fela jalo batho ba tlaa tsholelediwa godimo ke Rara, go ema fa pele ga me, go atlholelwa ditiro tsa bone, gore a di molemo kgotsa gore a di bosula—

15 Mme ka ntlha ya lebaka le ke tsholeleditswe godimo; jalo he, go ya ka fa thateng ya ga Rara ke tlaa gogela batho botlhe kwa go nna, gore ba ka tla ba atlholwa go ya ka fa ditirong tsa bone.

16 Mme go tlaa diragala, gore mang yo o tlaa ikotlhayang mme a kolobediwa mo leineng la me o tlaa tladiwa; mme fa a ka itshoka go ya kwa bokhutlong, bonang, ene ke tlaa mo tsaya a sena molato fa pele ga ga Rara ka letsatsi leo fa ke tlaa emang go atlhola lefatshe.

17 Mme ene yo o sa itshokeng go ya kwa bokhutlong, ene yoo ke ene yo o kgaolelwang fatshe mme a latlhelwe mo molelong, go tswa kwa ba ka se tlholeng ba boa, ka ntlha ya tshiamiso ya ga Rara.

18 Mme le ke lefoko le a le neileng go bana ba batho. Mme ka ntlha ya lebaka le o diragatsa mafoko a a neileng, mme ga a ake, mme o diragatsa mafoko a gagwe otlhe.

19 Mme ga go na selo sepe se se seng phepa se se ka tsenang mo motseng wa bogosi jwa gagwe; jalo he ga go sepe se se tsenang mo bonnong jwa gagwe fa e se bao ba ba tlhatswitseng diaparo tsa bone mo mading a me, ka ntlha ya tumelo ya bone, le boikotlhao jwa dibe tsa bone tsotlhe, le go ikanyega ga bone go ya kwa bokhutlong.

20 Jaanong se ke taelo: Ikotlhaeng, lotlhe lona dikhutlong tsa lefatshe, mme tlang go nna mme lo kolobediwe mo leineng la me, gore lo ka tla lwa itshekisiwa ka kamogelo ya Mowa o o Boitshepho, gore lo ka tla lwa ema lo sena selabe fa pele ga me ka letsatsi la bofelo.

21 Ammaaruri, ammaaruri, ka re go lona, e ke efangele ya me; mme lo itse dilo tse lo tshwanetseng go di dira mo kerekeng ya me; gonne ditiro tse lo boneng ke di dira tseo le lona lo di dire; gonne seo se lo mponeng ke se dira le lona lo tshwanetse go se dira;

22 Jalo he, fa lo dira dilo tse go sego lona, gonne lo tlaa tsholelediwa godimo ka letsatsi la bofelo.

23 Kwalang dilo tse lo di boneng le go di utlwa, fa e se tse di iditsweng.

24 Kwalang ditiro tsa batho ba, tse di tlaa nnang, le jaaka go ne go kwadilwe, ka tseo tse di nnileng.

25 Gonne bonang, go tswa mo dibukeng tse di kwadilweng, le tse di tlaa kwalwang, batho ba ba tlaa atlholwa, gonne ka tsone ditiro tsa bone di tlaa itsege go batho.

26 Mme bonang, dilo tsotlhe di kwadilwe ke Rara; jalo he go tswa mo dibukeng tse di tlaa kwalwang lefatshe le tlaa atlholwa.

27 Mme itseng lona gore lo tlaa nna baatlhodi ba batho ba, go ya ka fa katlholong e ke tlaa e nayang go lona, e e tlaa bong e le tshiamo le tlhamalalo. Jalo he, lo tshwanetse go nna banna ba mokgwa o o ntseng jang? Ammaaruri ka re go lona, le jaaka nna ke ntse.

28 Mme jaanong ke ya kwa go Rara. Mme ammaaruri ka re go lona, eng le eng dilo tse lo tlaa di kopang Rara mo leineng la me di tlaa newa go lona.

29 Jalo he, kopang, mme lo tlaa amogela; kokotang, mme go tlaa bulwa go lona; gonne ene yo o kopang, o a amogela; mme go ene yo o kokotang, go tlaa bulwa.

30 Mme jaanong, bonang, boipelo jwa me bo bogolo, le go ya botlalong tota, ka ntlha ya lona, ga mmogo le tshika e; ee, le Rara tota o a ipela, ga mmogo le baengele ba ba boitshepho botlhe, ka ntlha ya lona le tshika e; gonne ga go bape ba bone ba ba latlhegileng.

31 Bonang, ke ka re gore lo tlhaloganye; gonne ke raya bone ba jaanong ba tshelang ba tshika e; mme ga go bape ba bone ba ba latlhegileng; mme mo go bone ke na le botlalo jwa boipelo.

32 Mme bonang, go nkutlwisa botlhoko ka ntlha ya tshika ya bone go tswa mo tshikeng e, gonne ba isiwa go sele botshwarwa ke ene le jaaka go ne ga nna morwa tatlhego; gonne ba tlaa nthekisetsa selefera le gauta, le seo se motoutwane o se senyang le se magodu a ka thubang mme a se utswa. Mme mo letsatsing leo ke tlaa ba etela, le mo go retololeng ditiro tsa bone mo ditlhogong tsa bone.

33 Mme go ne ga diragala gore fa Jesu a sena go khutlisa dipuo tse o ne a re go barutwana ba gagwe: Tsenang lona kwa kgorong e e pitlaganeng; gonne go pitlagane kgoro, mme go tshesane tsela e e isang kwa botshelong, mme ga ba kae ba ba e bonang; mme go atlhame kgoro, mme go bulegile tsela e e isang kwa losong, mme bontsi go bao ba ba tsamayang mo go yone, go fitlhelela bosigo bo tla, jo mo go jone go se motho ope a ka dirang.