Scriptures
3 Nifae 23


Kgaolo 23

Jesu o dumalana le mafoko a ga Isaia—O laela batho go sekaseka baporofiti—Mafoko a ga Samuele wa Moleimene mabapi le tsogo a tsenngwa mo dipegong tse di kwadilweng tsa bone. E ka nna mo ngwageng wa Morena wa 34.

1 Mme jaanong, bonang, ka re go lona, gore lo tshwanetse go sekaseka dilo tse. Ee, taelo ke e naya go lona gore lo sekaseke dilo tse ka tlhoafalo; gonne go gogolo mafoko a ga Isaia.

2 Gonne e le ruri o buile a ama dilo tse tsotlhe mabapi le batho ba me ba e leng ba ntlo ya Iseraele; jalo he go tshwanetse go tlhokega gore o tshwanetse go bua gape le Baditšhaba.

3 Mme dilo tsotlhe tse a di buileng di nnile e bile di tlaa nna, le tota go ya ka fa mafokong a a buileng.

4 Jalo he elang tlhoko mafoko a me; kwalang dilo tse ke lo di boleletseng; mme go ya ka fa nakong le thato ya ga Rara di tlaa ya pele go Baditšhaba.

5 Mme mang le mang yo o tlaa obamelang mafoko a me mme a ikotlhaye le go kolobediwa, ene yoo o tlaa bolokwa. Sekasekang baporofiti, gonne bontsi ba teng ba ba pakang ka ga dilo tse.

6 Mme jaanong go ne ga diragala gore fa Jesu a sena go bua mafoko a a re go bone gape, morago ga a sena go tlhalosa ka botlalo mafoko a Modimo a a kwadilweng go bone a ba neng ba a amogetse, a re go bone: Bonang, mafoko a Modimo a mangwe ke kare gore lo a kwale, a lo senang nao.

7 Mme go ne ga diragala gore o ne a re go Nifae: Tlisa pele pego e e kwadilweng e o neng o e tshegeditse.

8 Mme fa Nifae a sena go tlisa pele dipego tse di kwadilweng, mme a di baya fa pele ga gagwe, a latlhela matlho a gagwe mo go tsone mme a re:

9 Ammaaruri ka re go wena, ke laetse motlhanka wa me Samuele, Moleimene, gore a pake go batho ba, gore ka letsatsi leo Rara o tlaa galaletsang leina la gagwe mo go nna gore go na le baitshephi ba le bantsi ba ba tlaa tsogang mo baswing, mme ba tlaa bonala go ba le bantsi, mme ba tlaa ba ruta. Mme a re go bone: A go ne go sa nna jalo?

10 Mme barutwana ba gagwe ba mo araba ba re: Ee, Morena, Samuele o ne a porofita go ya ka fa mafokong a gago, mme a ne a diragadiwa otlhe.

11 Mme Jesu a re go bone: Go ka jang gore ga lo a kwala selo se, gore baitshephi ba le bantsi ba ne ba tsoga mme ba ne ba bonala go ba le bantsi le go ba ruta?

12 Mme go ne ga diragala gore Nifae a gakologelwa gore selo se se ne se sa kwalwa.

13 Mme go ne ga diragala gore Jesu a laela gore se tshwanetse go kwalwa; jalo he se ne sa kwalwa go ya jaaka a ne a laela.

14 Mme jaanong go ne ga diragala gore fa Jesu a sena go tlhalosa mafoko a Modimo a a kwadilweng otlhe mo bongweng, a ba neng ba a kwadile, a ba laela gore ba rute dilo tse a neng a di tlhalositse ka botlalo go bone.