Scriptures
3 Nifae 25


Kgaolo 25

Kwa Go tleng ga Bobedi baikgogomosi le baleofi ba tlaa tshubiwa jaaka letlhaka—Elija o tlaa boa pele ga letsatsi le legolo le le boitshegang leo—Tshwantsha Malaki 4. E ka nna mo ngwageng wa Morena wa 34.

1 Gonne bonang, letsatsi le e tla le le tlaa fisang jaaka ntlo ya pesetso; mme botlhe ba ba boikgogomoso ee, le botlhe ba ba dirang boleofi, ba tlaa nna letlhaka; mme letsatsi le le tlang le tlaa ba fisa, go bua Morena wa Masomosomo, gore le tlaa ba tlogelela le e seng modi le fa e le kala.

2 Mme go lona ba lo boifang leina la me, Morwa Tshiamo o tlaa tsoga ka pholo mo diphukeng tsa gagwe; mme lo tlaa ya pele mme lo gole jaaka marole mo lesakaneng.

3 Mme lo tlaa gataka baleofi; gonne ba tlaa nna melora ka fa tlase ga dinao tsa lona mo letsatsing le ke tlaa dirang se, go bua Morena wa Masomosomo.

4 Gakologelwang molao wa ga Moše, motlhanka wa me, o ke o laetseng go ene mo godimo ga thaba ya Horebe go Iseraele yotlhe, ka ditao le dikatlholo.

5 Bonang, ke tlaa lo romelela Elija moporofiti pele ga go tla ga letsatsi le legolo le le boitshegang la Morena;

6 Mme o tlaa sokololela pelo ya borrabana kwa baneng, le pelo ya bana kwa go borraabo, e se re kgotsa ka tla mme ka itaya lefatshe ka khutso.