Scriptures
3 Nifae 8


Kgaolo 8

Matsubutsubu, dithoromo tsa lefatshe, melelo, difefo, le dikgoberego di rurifatsa papolo ya ga Keresete mo sefapaanong—Batho ba le bantsi ba a senngwa—Lefifi le apesa lefatshe malatsi a le mararo—Bao ba ba setseng ba hutsafalela phelelo ya bone. E ka nna mo ngwageng wa Morena wa 33 go ya go wa 34.

1 Mme jaanong go ne ga diragala gore go ya ka fa pegong e e kwadilweng ya rona, mme re itse pego e e kwadilweng ya rona gore e le boammaaruri, gonne bonang, e ne e le monna yo o tshiamo le tlhamalalo yo o neng a tshegetsa pego e e kwadilweng—gonne o ne ka boammaaruri a dira dikgakgamatso di le dintsi mo leineng la ga Jesu; mme go ne go se monna ope yo o neng a ka dira kgakgamatso mo leineng la ga Jesu fa e se fela a ne a tlhatswitswe karolwana nngwe le nngwe go tswa mo boikeping jwa gagwe—

2 Mme jaanong go ne ga diragala gore, fa e le gore go ne go sena phoso e e dirilweng ke monna yo mo go baleng ga nako ya rona, ngwaga wa masome a mararo le boraro o ne o fetile;

3 Mme batho ba simolola go lebelela ka tlhoafalo e kgolo sesupo se se neng se filwe ke moporofiti Samuele, Moleimene, ee, go nako e go neng go tlaa nna lefifi sebaka sa malatsi a le mararo mo godimo ga sefatlhogo sa lefatshe.

4 Mme go ne ga simolola go nna le dipelaelo tse dikgolo le manganga gareng ga batho, go sa kgathalesege gore ditshupo tse dintsi jaana di ne di filwe.

5 Mme go ne ga diragala mo ngwageng wa masome a mararo le bone, mo kgweding ya ntlha, mo letsatsing la bone la kgwedi, go ne ga tsoga phefo e kgolo, e e jaaka nngwe e e iseng eke e itsiwe mo lefatsheng lotlhe.

6 Mme go ne gape go na le matsubutsubu a magolo a a boitshegang; mme go ne go na le tladi e e boitshegang, mo e leng gore e ne ya tshikhinya lefatshe lotlhe jaaka e kete le ne le le gaufi le go fatoga ka bogare.

7 Mme go ne go na le magadima a a bogale mo go feteletseng, jaaka a a iseng ake a itsiwe mo lefatsheng lotlhe.

8 Mme motse wa Sarahemola o ne wa kapa molelo.

9 Mme motse wa Moronae o ne wa nwela mo boteng jwa lewatle, mme banni ba one ba ne ba betwa ke metsi.

10 Mme lefatshe le ne la tsholetsegela godimo mo motseng wa Moronaeha, gore mo boemong jwa motse go ne ga nna thaba e kgolo.

11 Mme go ne go na le tshenyego e kgolo e e boitshegang mo lefatsheng le le go ya borwa.

12 Mme bonang, go ne go na le tshenyego e kgolo e e boitshegang go feta mo lefatsheng le le go ya bokone; gonne bonang, sefatlhogo sotlhe sa lefatshe se ne sa fetoga, ka ntlha ya matsubutsubu le difefo, le ditladi le dikgadima, le go roroma mo go feteletseng ga lefatshe lotlhe;

13 Mme ditsela tse dikgolo di ne tsa thubeba, mme ditsela tse di lekalekanang di ne tsa senyega mme mafelo a a borethe a le mantsi a ne a nna magwata.

14 Mme metse e mentsi e megolo e e bonalang e ne ya nwela, mme e mentsi e ne ya ša, mme e mentsi e ne ya tshikhinyega go fitlhelela dikago tsa yone di wela fa fatshe, mme banni ba yone ba ne ba swa, mme mafelo a ne a sala e le matlotla.

15 Mme go ne go na le metse mengwe e e neng ya sala; mme tshenyego ya yone e ne e le kgolo mo go feteletseng, mme go ne go le ba le bantsi mo go yone ba ba neng ba swa.

16 Mme go ne go le bangwe ba ba neng ba tsewa mo sefefong; mme kwa ba ileng ga go motho ope yo o itseng, fa e se fela ba itse gore ba ne ba tsewa.

17 Le jalo sefatlhogo sa lefatshe lotlhe se ne sa senyega, ka ntlha ya matsubutsubu, le ditladi, le dikgadima, le go roroma ga lefatshe.

18 Mme bonang, mafika a ne a kgaogana ka bogara; a ne a thubegela mo sefatlhogong sa lefatshe lotlhe, mo e leng gore a ne a fitlhelwa ka diphatlonyana a a tlhubegileng, le mo makeketeng le mo matshwagong, mo sefatlhong sotlhe sa lefatshe.

19 Mme go ne ga diragala gore fa ditladi, le dikgadima, le setsuatsue, le matsubutsubu, le go roroma ga lefatshe di sena go ema—gonne bonang, di ne tsa nna e ka nna sebaka sa dioura di le tharo; mme go ne ga buiwa ke bangwe gore nako e ne e le telele go feta; le fa go ntse jalo, dilo tse dikgolo tse di boitshegang tse tsotlhe di ne tsa dirwa e ka nna mo sebakeng sa dioura tse tharo—mme go tswa foo bonang, go ne go na le lefifi mo sefatlhogong sa lefatshe.

20 Mme go ne ga diragala gore go ne go na le lefifi le le golo mo sefatlhogong sotlhe sa lefatshe, mo e leng gore banni ba lone ba ba neng ba sa wa ba ne ba utlwa looto la lefifi;

21 Mme go ne go ka seke go nne le lesedi, ka ntlha ya lefifi, le fa e le dikerese, le fa e le dithotshe; le fa e le molelo o neng o ka seka wa gotsiwa ka dikgong tsa bone tse di siameng e bile di omeletse mo go feteletseng, gore go seka ga ba ga nna le lesedi gotlhelele;

22 Mme go ne ga seka ga bonwa lesedi lepe, le fa e le molelo, le e seng go pekenya, le fa e le letsatsi, le e seng ngwedi, le e seng dinaledi, gonne go ne go le go golo jalo meuwane ya lefifi e e neng e le mo sefatlhogong sa lefatshe.

23 Mme go ne ga diragala gore le ne la nna sebaka sa malatsi a le mararo gore go ne go sena lesedi le bonwa; mme go ne go le khutsafala e kgolo le go goa le go lela gareng ga batho botlhe ka go tswelela; ee, go ne go le go golo go koma ga batho, ka ntlha ya lefifi le tshenyego e kgolo e e neng e tlile mo go bone.

24 Mme mo lefelong lengwe ba ne ba utlwiwa ba lela, ba re: O fa re ne re ka bo re ikotlhaile pele ga letsatsi le legolo le le boitshegang le, mme jaanong foo bakaulengwe ba rona ba ka bo ba sadisitswe, mme ba ka bo ba sa šela mo motseng o mogolo oo Sarahemola.

25 Mme mo lefelong le lengwe ba ne ba utlwiwa ba lela le go hutsafala, ba re: O gore re ka bo re ikotlhaile pele ga letsatsi le legolo le le boitshegang le, mme ra seka ra bolaya le go kgobotletsa ka matlapa baporofiti, mme ra ba leleka; jaanong foo bommaarona le barwadia rona ba ba ntle, le bana ba rona ba ka bo ba sadisitswe, mme ba sa kategela mo motseng o mogolo oo Moronaeha. Mme jalo go kuwa ga batho go ne go le go golo le go boitshega.