Scriptures
3 Nifae 28


Kgaolo 28

Boroba bongwe jwa ba ba lesome le bobedi ba a eletsa mme ba solofediwa boswa mo motseng wa bogosi jwa ga Keresete fa ba a swa—Banifae ba Bararo ba a eletsa mme ba fiwa thata godimo ga loso jalo go sala mo lefatsheng go fitlhelela Jesu a tla gape—Ba a fetolwa gore ba seka ba swa mme ba bona dilo tse go seng ka fa molaong go di bua, mme jaanong ba direla gareng ga batho. E ka nna mo ngwageng wa Morena wa 34 go ya go wa 35.

1 Mme go ne ga diragala fa Jesu a sena go bua mafoko a, a bua go barutwana ba gagwe, mongwe ka mongwe, a re go bone: Ke eng se lo se eletsang mo go nna, morago ga gore ke ile kwa go Rara?

2 Mme ba ne botlhe ba bua, fa e se ba le bararo, ba re: Re eletsa gore morago ga re sena go tshela go fitlha kwa dingwageng tsa motho, gore tirelo ya rona, e mo go yone o re biditseng, e ka nna le bokhutlo, gore re ka tla ka bonako go wena mo motseng wa bogosi jwa gago.

3 Mme a re go bone: Go sego lona ka ntlha ya gore lo eleditse selo se mo go nna; jalo he, morago ga gore lo nne dingwaga di le masome a supa le bobedi lo tlaa tla go nna mo motseng wa bogosi jwa me; mme le nna lo tlaa bona boikhutso.

4 Mme fa a sena go bua le bone, o ne a retologela kwa go ba bararo, mme a re go bone: Lo rata eng gore ke se dire go lona, fa ke sena go ya kwa go Rara?

5 Mme ba utlwa botlhoko mo dipelong tsa bone, gonne ba ne ba seka ba leka go bua go ene selo se ba neng ba se eletsa.

6 Mme a re go bone: Bonang, ke itse dikakanyo tsa lona, mme lo eleditse selo se Johane, yo ke mo ratang, yo o neng a na le nna mo tirelong ya me, pele ga ke tsholelediwa godimo ke Bajuta, a se eleditseng mo go nna.

7 Jalo he, go sego lona go feta, gonne ga lo kitla lo utlwa loso; mme lo tlaa tshela go bona ditiro tsotlhe tsa ga Rara go bana ba batho, le go fitlhelela dilo tsotlhe di tlaa diragadiwa go ya ka fa thatong ya ga Rara, fa ke tlaa tlang mo kgalalelong ya me ka dithata tsa legodimo.

8 Mme ga lo kitla lo sotlega ditlhabi tsa loso; mme fa ke tla mo kgalalelong ya me lo tlaa fetolwa mo ponyong ya leitlho go tswa mo mmeleng o o swang go ya mo mmeleng o o sa sweng; mme jaanong foo lo tlaa segofadiwa mo motseng wa bogosi jwa ga Rara.

9 Mme gape, ga lo na go nna le ditlhabi fa lo santse lo nna mo nameng, le fa e le kutlobotlhoko fa e se fela ka ntlha ya dibe tsa lefatshe; mme se sotlhe ke tlaa se dira ka ntlha ya selo se lo se eleditseng mo go nna, gonne lo eleditse gore lo ka tlisa botho jwa batho kwa go nna, fa lefatshe le sa ntse le eme.

10 Mme ka ntlha ya lebaka le lo tlaa nna le botlalo jwa boipelo; mme lo tlaa nna fatshe mo motseng wa bogosi jwa ga Rara; ee, boipelo jwa lona e tlaa bo e re jo bo tletseng, le jaaka Rara a mphile botlalo jwa boipelo; mme lo tlaa nna fela jaaka nna ke ntse, mme ke ntse le jaaka Rara tota; mme Rara le nna re bongwe;

11 Mme Mowa o o Boitshepho o naya bosupi ka ga Rara le nna; mme Rara o naya Mowa o o Boitshepho go bana ba batho, ka ntlha ya me.

12 Mme go ne ga diragala gore fa Jesu a sena go bua mafoko a, a ama mongwe le mongwe wa bone ka monwana wa gagwe fa e se e ne e le ba bararo ba ba neng ba tshwanetse go sala, mme jaanong foo a tsamaya.

13 Mme bonang, magodimo a ne a bulega, mme ba ne ba tseelwa kwa legodimong, mme ba bona le go utlwa dilo tse di sa buegeng.

14 Mme go ne ga ediwa go bone gore ba ka bua; le e seng gore go ne ga fiwa go bone thata gore ba ka bua dilo tse ba di boneng le go di utlwa;

15 Mme gore a ba ne ba le mo mmeleng kgotsa kwa ntle ga mmele, ba ne ba ka seka ba lemoga; gonne go ne ga nna go bone jaaka phetogo ya mmele ga bone, gore ba ne ba fetolwa go tswa mo mmeleng o wa nama go tsena mo seemong sa go sa swe, gore ba tle ba kgone go bona dilo tsa Modimo.

16 Mme go ne ga diragala gore ba ne gape ba ruta mo sefatlhogong sa lefatshe; le fa go ntse jalo ba ne ba seka ba ruta ka ga dilo tse ba neng ba di utlwile le go di bona, ka ntlha ya taelo e e neng e filwe bone kwa legodimong.

17 Mme jaanong, gore a ba ne ba le mo seemong sa go swa kgotsa sa go sa swe, go tswa ka letsatsi la phetogo ya mmele ga bone, ga ke itse;

18 Mme go le kana ke a itse, go ya ka fa pegong e e kwadilweng e e filweng—ba ne ba ya pele mo sefatlhogong sa lefatshe, mme ba ne ba direla go batho botlhe, ba kopanya bontsi le kereke go lekana le jaaka ba ne ba dumela mo therong ya bone; ba ba kolobetsa, mme bontsi jotlhe jo bo neng bo kolobediwa ba ne ba amogela Mowa o o Boitshepho.

19 Mme ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong ke bone ba ba neng e se ba kereke. Mme dikgolegelo di ne di sa kgone go ba tshegetsa, gonne di ne tsa thubagana ka bogare.

20 Mme ba ne ba latlhelwa kwa tlase mo lefatsheng; mme ba ne ba itaya lefatshe ka lefoko la Modimo, mo e leng gore ka thata ya gagwe ba ne ba gololwa go tswa mo boteng jwa lefatshe; mme jalo he ba ne ba ka seka ba epa mahuti a a lekaneng go ba tshwara.

21 Mme gararo ba ne ba latlhelwa mo lehuting la molelo mme ba seka ba amogela kgobalo epe.

22 Mme gabedi ba ne ba latlhelwa mo serubing sa dibatana tsa naga; mme bonang ba ne ba tshameka le dibatana jaaka ngwana le kwanyana e e anywang, mme ba seka ba amogela kgobalo epe.

23 Mme go ne ga diragala gore jalo ba tsamaye pele gareng ga batho botlhe ba Nifae, mme ba ne ba rera efangele ya ga Keresete go batho botlhe mo sefatlhogong sa lefatshe; mme ba ne ba sokologela go Morena, mme ba ne ba kopanngwa go kereke ya ga Keresete, mme jalo batho ba tshika eo ba ne ba segofadiwa, go ya ka fa lefokong la ga Jesu.

24 Mme jaanong nna, Momone, ke dira bokhutlo jwa go bua mabapi le dilo tse ka nakwana.

25 Bonang, ke ne ke le gaufi le go kwala maina a bao ba ba neng ba se kitla ba utlwa loso, mme Morena a itsa; jalo he ga ke a kwale, gonne ba fitlhetswe lefatshe.

26 Mme bonang, ke ba bone, mme ba re rutile.

27 Mme bonang ba tlaa nna gareng ga Baditšhaba, mme Baditšhaba ga ba na go ba itse.

28 Mme gape ba tlaa nna gareng ga Bajuta, mme Bajuta ga ba na go ba itse.

29 Mme go tlaa diragala, fa Morena a bona go lekane mo tlhalefong ya gagwe gore ba ka ruta go merafe ya Iseraele yotlhe e e phatlaletseng, le go ditšhaba tsotlhe, lotso, diteme le batho, mme ba tlaa tlisa go tswa mo go bone go Jesu batho ba le bantsi, gore keletso ya bone e ka tla ya diragadiwa, le gape ka ntlha ya thata e e dumedisang ya Modimo e e mo go bone.

30 Mme ba jaaka baengele ba Modimo, mme fa ba ka rapela go Rara mo leineng la ga Jesu ba ka itshupa go mang le mang motho yo ba bonang go le molemo mo go bone.

31 Jalo he, ditiro tse dikgolo tse di gakgamatsang di tlaa dirwa ke bone, pele ga letsatsi le legolo le le tlang fa batho botlhe ba tshwanetse ka boammaaruri go ema fa pele ga setilo sa katlholo sa ga Keresete;

32 Ee le gareng ga Baditšhaba tota go tlaa nna le tiro e kgolo e e gakgamatsang e berekwa ke bone, pele ga letsatsi leo la katlholo.

33 Mme fa lo ne lo na le mafoko a Modimo a a kwadilweng otlhe a a nayang pego ya ditiro tse di gakgamatsang tsotlhe tsa ga Keresete, lo ka, go ya ka fa mafokong a ga Keresete, itse gore dilo tse di tshwanetse ka boammaaruri di tle.

34 Mme khutsafalo a e nne go ene yo o tlaa se keng a obamele mafoko a ga Jesu, le gape go bone ba a ba tlhophileng mme a ba romela gareng ga bone; gonne mang yo o sa amogeleng mafoko a ga Jesu le mafoko a bao ba a ba romileng ga a mo amogele; mme jalo he ga a na go ba amogela ka letsatsi la bofelo;

35 Mme go tlaa bo go le botoka mo go bone fa ba ne ba ise ba ke ba tsholwe. Gonne a lo gopola gore lo ka latlha tshiamiso ya Modimo yo o kgopisegileng, yo o neng a gatakwa ka fa tlase ga dinao tsa batho, gore e poloko e ka tla?

36 Mme jaanong bonang, jaaka ke buile mabapi le bao ba Morena a ba tlhophileng, ee, le ba bararo ba ba neng ba tseelwa kwa magodimong, gore ke ne ke sa itse gore a ba ne ba tlhatswiwa go tswa mo go sweng go ya kwa go sa sweng—

37 Mme bonang, fa ke sale ke kwala, ke boditse Morena, mme o ne a supa go nna gore go tshwanetse go tlhokega gore go nne le phetogo e dirilwe mo mebeleng ya bone, kgotsa go seng jalo go tlhokega gore ba utlwe loso;

38 Jalo he, gore ba ka tla ba seka ba utlwa loso go ne go na le phetogo e dirilwe mo mebeleng ya bone, gore ba tle ba seka ba sotlega setlhabi le fa e le kutlobotlhoko fa e se fela ka ntlha ya dibe tsa lefatshe.

39 Jaanong phetogo e e ne e sa lekane le e e tla diragalang ka letsatsi la bofelo; mme go ne go na le phetogo e dirilwe mo go bone, mo e leng gore Satane o ne a sa kake a nna le thata godimo ga bone, gore o ne a ka seka a ba raela; mme ba ne ba itshekisitswe mo nameng, mo e leng gore ba ne ba le boitshepho, le gore dithata tsa selefatshe di ne di ka seka tsa ba tshwara.

40 Mme mo seemong se ba ne ba tshwanetse go nna go fitlhelela letsatsi la katlholo la ga Keresete; mme ka letsatsi leo ba ne ba tshwanetse go amogela phetogo e kgolo go feta, le go amogelwa mo motseng wa bogosi jwa ga Rara gore ba se tlhole gape ba tswela kwa ntle, mme go nna le Modimo ka bosakhutleng mo magodimong.