Scriptures
3 Nifae 10


Kgaolo 10

Go tidimalo mo lefatsheng dioura di le dintsi—Lentswe la ga Keresete le solofetsa go kgobokanya batho ba gagwe jaaka koko e kgobokanya dikokwana tsa yone—Karolo e e tshiamo thata ya batho e babaletswe. E ka nna mo ngwageng wa Morena wa 34 go ya go wa 35.

1 Mme jaanong bonang, go ne ga diragala gore batho botlhe ba lefatshe ba ne ba utlwa dipuo tse, mme ba ne ba nna le bosupi ka tsone. Mme morago ga dipuo tse go ne ga nna tidimalo mo lefatsheng sebaka sa dioura di le dintsi;

2 Gonne go ne go le go golo kgakgamalo ya batho mo ba neng ba emisa go hutsafala le go goa ka ntlha ya tatlhegelo ya lotso lwa bone ba ba neng ba sule; jalo he go ne ga nna tidimalo mo lefatsheng lotlhe sebaka sa dioura di le dintsi.

3 Mme go ne ga diragala gore go ne ga tla lentswe gape go batho, mme batho botlhe ba ne ba utlwa, mme ba ne ba nna le bosupi ka lone, le re:

4 O lona batho ba metse e megolo e e oleng, ba lo leng dikokomana tsa ga Jakobe, ee, ba lo leng ba ntlo ya Iseraele, ke ga kae ke lo kgobokanya jaaka koko e kgobokanya dikokwana tsa yone ka fa tlatse ga diphuka tsa yone, mme ke lo otlile.

5 Mme gape, ke ne ke tlaa lo kgobokanya ga kae jaaka koko e kgobokanya dikokwana tsa yone ka fa tlase ga diphuka tsa yone, ee, O lona batho ba ntlo ya Iseraele, ba lo oleng; ee, O lona batho ba ntlo ya Iseraele, lona ba lo nnang kwa Jerusalema, jaaka lona ba lo oleng; ee, ke ne ke tlaa lo kgobokanya ga kae jaaka koko e kgobokanya dikokwana tsa yone, mme lo seke.

6 O lona batho ba ntlo ya Iseraele ba ke lo babaletseng, ke tlaa lo kgobokanya ga kae jaaka koko e kgobokanya dikokwana tsa yone ka fa tlase ga diphuka tsa yone, fa lo ka ikotlhaya mme lwa boela go nna ka maikaelelo a a tletseng a pelo.

7 Mme fa e se jalo, O ntlo ya Iseraele, mafelo a bonno jwa lona a tlaa nna matlotla go fitlhelela nako ya go diragadiwa ga kgolagano go borraalona.

8 Mme jaanong go ne ga diragala gore fa batho ba sena go utlwa mafoko a, bonang, ba ne ba simolola go lela le go goa gape ka ntlha ya tatlhegelo ya lotso lwa bone le ditsala.

9 Mme go ne ga diragala gore jalo malatsi a mararo a ne a feta. Mme e ne e le mo mosong, mme lefifi la phatlalala go tswa mo sefatlhogong sa lefatshe, mme lefatshe le ne la emisa go roroma, mme mafika a ne a emisa go thubega, mme go koma mo go boitshegang go ne ga ema, mme medumo ya dipheretlhego yotlhe e ne ya feta.

10 Mme lefatshe le ne la momagana mmogo gape, mo le neng la ema; mme go hutsafala, le go lela, le go kuruetsa ga batho ba ba neng ba sadisiwa ba tshela go ne ga ema; mme go hutsafala ga bone go ne ga fetolelwa mo boipelong, mme dikhutsafalo tsa bone mo pakong le go naya ditebogo go Morena Jesu Keresete, Morekolodi wa bone.

11 Mme go fitlha fa mafoko a Modimo a a kwadilweng a ne a diragaditswe a a neng a builwe ke baporofiti.

12 Mme e ne e le karolo ya batho e e tshiamo thata ba ba neng ba bolokwa, mme e ne e le bone ba ba neng ba amogela baporofiti mme ba seka ba ba kgobotletsa ka matlapa; mme e ne e le bone ba ba neng ba sa tsholola madi a baitshephi, ba ba neng ba sadisiwa—

13 Mme ba ne ba sadisiwa mme ba seka ba nwela le go fitlhiwa mo lefatsheng; mme ba ne ba sa betwa mo boteng jwa lewatle; mme ba ne ba sa ša ka molelo, le e seng gore ba ne ba welwa godimo le go silwa go swa; mme ba ne ba sa tsewa mo sefefong; le e seng gore ba ne ba fekeediwa ke looto la mosi le la lefifi.

14 Mme jaanong, mang yo o balang, a a tlhaloganye; yo o nang le mafoko a Modimo a a kwadilweng, a a a sekaseke, mme a lebe gape a bone fa e le gore dintsho tse tsotlhe le ditshenyo ka molelo, le ka mosi, le ka matsubutsubu, le ka difefo, le ka go bulega ga lefatshe go ba amogela, mme dilo tse tsotlhe ga di mo go diragatseng diporofito tsa bontsi jwa baporofiti ba ba boitshepho.

15 Bonang, ke lo raya ke re, ee, bontsi bo pakile ka ga dilo tse ka nako ya go tla ga ga Keresete, mme ba ne ba bolawa ka ntlha ya gore ba ne ba paka ka ga dilo tse.

16 Ee, moporofiti Sinose o ne a paka ka ga dilo tse, ga mmogo le Sinoko o buile mabapi le dilo tse, ka gonne ba pakile bogolo jang mabapi le rona, ba re leng masalela a peo ya bone.

17 Bonang, rraarona Jakobe le ene o ne a paka mabapi le masalela a peo ya ga Josefe. Mme bonang, a ga re masalela a peo ya ga Josefe? Mme dilo tse, tse di pakang ka ga rona, a ga di a kwalwa mo dipapetlaneng tsa borase tse rraarona Lihae a di tliseng go tswa kwa Jerusalema?

18 Mme go ne ga diragala gore mo bofelong jwa ngwaga wa masome a mararo le bone, bonang, ke tlaa bontsha go lona gore batho ba Nifae ba ba neng ba sadisitswe, le bao ba ba neng ba bidiwa Baleimene, ba ba neng ba sadisitswe, ba ne ba nna le go ratega mo go golo go supiwa go bone, le masego a magolo a tshololelwa godimo ga ditlhogo tsa bone, mo e leng gore ka bonako morago ga tlhatlogo ya ga Keresete go tsena mo legodimong o ne ka boammaaruri a itshupa go bone—

19 A supa mmele wa gagwe go bone, e bile a ba ruta; mme pego ya go ruta ga gagwe e tlaa fiwa go tswa fa. Jalo he mo nakong e ke dira bokhutlo jwa go bua ga me.