Scriptures
3 Nifae 29


Kgaolo 29

Go tla pele ga Buka ya ga Momone ke sesupo gore Morena o simolotse go kgobokanya Iseraele le go diragatsa dikgolagano tsa gagwe—Bao ba ba ganang ditshenolo tsa gagwe tsa malatsi a bofelo le dimpho ba tlaa hutsiwa. E ka nna mo ngwageng wa Morena wa 34 go ya go wa 35.

1 Mme jaanong bonang, ka re go lona gore fa Morena a tlaa bona go lekane, mo tlhalefong ya gagwe, gore dipuo tse di tlaa tla go Baditšhaba go ya ka fa lefokong la gagwe, jaanong foo lo ka itse gore kgolagano e Rara a e dirileng le bana ba Iseraele, mabapi le puseletso ya bone kwa mafatsheng a boswa jwa bone, e setse e simologile go diragadiwa.

2 Mme lo ka itse gore mafoko a Morena, a a builweng ke baporofiti ba ba boitshepho, otlhe a tlaa diragadiwa; mme ga lo tlhoke gore lo re Morena o dia go tla ga gagwe go bana ba Iseraele.

3 Mme ga lo tlhoke go gopola mo dipelong tsa lona gore mafoko a a builweng ke lefela, gonne bonang, Morena o tlaa gakologelwa kgolagano ya gagwe e a e dirileng go batho ba gagwe ba ntlo ya Iseraele.

4 Mme fa lo tlaa bona dipuo tse di tla pele gareng ga lona, jaanong foo ga lo tlhoke go tlhola lo kgala ditiragatso tsa Morena, gonne tšhaka ya tshiamiso ya gagwe e mo seatleng sa gagwe sa moja; mme bonang, ka letsatsi leo, fa lo ka kgala ditiro tsa gagwe o tlaa dira gore e tlaa re ka bonako e lo tshware.

5 Khutsafalo go ene yo o kgalang ditiragatso tsa Morena; ee, khutsafalo go ene yo o tlaa latolang Keresete le ditiro tsa gagwe!

6 Ee, khutsafalo go ene yo o tlaa latolang ditshenolo tsa Morena, le yo o tlaa reng Morena ga a sa tlhole a dira ka ditshenolo, kgotsa ka seporofiti, kgotsa ka dimpho, kgotsa ka diteme, kgotsa ka diphodiso, kgotsa ka thata ya Mowa o o Boitshepho!

7 Ee, mme khutsafalo go ene yo o tlaa reng mo letsatsing leo, go bona poelo, gore ga go kake ga nna le dikgakgamatso di berekwa ke Jesu Keresete; gonne ene yo o dirang se o tlaa tla go nna jaaka morwa tatlhego, yo go ene go neng go sena kutlwelobotlhoko, go ya ka fa lefokong la ga Keresete!

8 Ee, mme ga lo tlhoke go tlhola lo suma, le fa e le go kgala, le fa e le go dira motshameko ka Bajuta, le fa e le bape ba masalela a ntlo ya Iseraele; gonne bonang, Morena o gakologelwa kgolagano ya gagwe go bone, mme o tlaa dira go bone go ya ka seo se a se ikanneng.

9 Jalo he ga lo tlhoke go gopola gore lo ka fetola seatla sa moja sa Morena go sa molema, gore o ka tla a seka a diragatsa katlholo mo go diragatseng kgolagano e a e dirileng go ntlo ya Iseraele.