Scriptures
3 Nifae 30


Kgaolo 30

Baditšhaba ba malatsi a bofelo ba laelwa go ikotlhaya, tla go Keresete, mme ba balelwe le ntlo ya Iseraele. E ka nna mo ngwageng wa Morena wa 34 go ya go wa 35.

1 Obamelang, O lona Baditšhaba, mme lo utlwe mafoko a ga Jesu Keresete, Morwa Modimo o o tshelang, a a ntaetseng gore ke a bue mabapi le lona, gonne, bonang o ntaela gore ke kwale, ke re:

2 Fetogang, lotlhe lona Baditšhaba, go tswa mo ditseleng tsa lona tse di boleo; mme lo ikotlhaele ditiro tsa lona tse di bosula, le maaka a lona le ditsietso, le boaka jwa lona, le bodiabole jwa lona jwa sephiri, le go obamela disetwa ga lona, le dipolao tsa lona, le boperesiti boferefere jwa lona, le mafufa a lona, le dikgotlhang tsa lona, le go tswa mo boleofing jotlhe le bodiabole jwa lona, mme lo tle go nna, mme lo kolobediwe mo leineng la me, gore lo ka tla lwa amogele phimolo ya dibe tsa lona, mme lwa tlala ka Mowa o o Boitshepho, gore lo ka tla lwa balelwa le batho ba me ba e leng ba ntlo ya Iseraele.