Scriptures
3 Nifae 14


Kgaolo 14

Jesu o a laela: Se atlholeng; kopang Modimo; elang tlhoko baporofiti ba e seng ba nnete—O solofetsa poloko go bao ba ba dirang thato ya ga Rara—Tshwantsha Mathaio 7. E ka nna mo ngwageng wa Morena wa 34.

1 Mme jaanong go ne ga diragala gore fa Jesu a sena go bua mafoko a fetogela gape kwa matshwititshwiting, mme o ne a bula molomo wa gagwe gape go bone, a re: Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, se atlholeng, gore lo seka lwa atlholwa.

2 Gonne ka katlholo e lo atlholang ka yone, lo tlaa atlholwa; le ka selekanyo se lo lekanyang ka sone, go tlaa lekanyediwa go lona gape.

3 Mme ka go reng o bona selabe se se leng mo leitlhong la ga morwarrago, mme o sa tlhokomele kota e e mo leitlhong la gago?

4 Kgotsa o ka re jang go morwarrago: Tla ke ntshe selabe mo leitlhong la gago—mme bona, kota e mo leitlhong la gago?

5 Wena moitimokanyi, ntsha pele kota e e mo leitlhong la gago; mme jaanong foo o tlaa bona sentle go ntsha selabe se se mo leitlhong la ga morwarrago.

6 Se fe seo se se boitshepho go dintša, le fa e le go latlhela diperela tsa gago fa pele ga dikolobe, e se re kgotsa tsa di gataka ka fa tlase ga dikgato tsa tsone, mme tsa fetoga gape mme tsa go gagola.

7 Kopa, mme go tlaa newa go wena; batla, mme o tlaa bona; kokota, mme go tlaa bulelwa go wena.

8 Gonne mongwe le mongwe yo o kopang, o a amogela; mme ene yo o batlang, o a bona; mme go ene yo o kokotang go tlaa bulwa.

9 Kgotsa ke monna ofe yo o teng wa lona, yo, fa morwawe a kopa senkgwe, o tlaa mo naya letlapa?

10 Kgotsa fa a kopa tlhapi, o tlaa mo fa noga?

11 Fa jaanong foo lona, lo le bosula, lo itse go fa dimpho tse di molemo go bana ba lona, go gantsi go feta go le kae Rraeno yo o kwa legodimong a tlaa nayang dilo tse di molemo go bone ba ba mo kopang?

12 Jalo he, dilo tsotlhe eng le eng se lo eletsang gore batho ba lo di direle, dirang le jalo lona go bone, gonne se ke molao le baporofiti.

13 Tsenang lona kwa kgorong e e pitlaganeng; gonne go atlhame kgoro, e bile go bulegile tsela e e isang kwa tshenyegong, mme go ba bantsi ba ba tsenang mo teng kwa go yone;

14 Gonne go pitlagane kgoro, e bile go go sesane tsela, e e isang kwa botshelong, mme ga ba kae ba ba e bonang.

15 Itlhokomeleng mo baporofiting ba e seng ba nnete, ba ba tlang mo go lona ba apere jaaka dinku, mme mo teng e le diphiri tse di gagolakang.

16 Lo tlaa ba itse ka maungo a bone. A batho ba ka bapala moretlwa mo mitlweng, kgotsa difeige mo masitlwaneng?

17 Le jalo setlhare sengwe le sengwe se se molemo se ungwa leungo le le molemo; mme setlhare se se bosula se ungwa leungo le le bosula.

18 Setlhare se se molemo ga se kake sa ungwa leungo le le bosula, le fa e le setlhare se se bosula se ungwa leungo le le molemo.

19 Setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng leungo le le molemo se kgaolelwa fa fatshe, mme se latlhelwe mo molelong.

20 Jalo he, ka maungo a bone lo tlaa ba itse.

21 Ga se mongwe le mongwe yo o reng go nna, Morena, Morena, yo o tlaa tsenang mo motseng wa bogosi jwa legodimo; fa e se ene yo o dirang thato ya ga Rara yo o kwa legodimong.

22 Bontsi bo tlaa re go nna mo letsatsing leo: Morena, Morena, a ga re a porofita mo leineng la gago, mme mo leineng la gago ra ntshetsa kwa ntle bodiabole, mme mo leineng la gago ra dira ditiro di le dintsi tse di gakgamatsang?

23 Mme jaanong foo ke tlaa bolela go bone: Ga ke ise ke lo itse; tswang fa go nna, lona ba lo dirang boikepi.

24 Jalo he, mang yo o utlwang dipuo tse tsa me mme a di dire, ke tlaa mo tshwantshanya le monna wa motlhalefi, yo o agileng ntlo ya gagwe mo lefikeng—

25 Mme pula ya fologa, le merwalela ya tla, le diphefo tsa foka, mme tsa itaya ntlong eo; mme ya seka ya wa, gonne e ne e thaetswe mo lefikeng.

26 Mme mongwe le mongwe yo o utlwang dipuo tse tsa me mme a seka a a dira o tlaa tshwantshiwa le monna wa sematla, yo o agileng ntlo ya gagwe mo motlhabeng—

27 Mme pula ya fologa, le merwalela ya tla, le diphefo tsa foka, mme tsa itaya ntlong eo; mme ya wa, mme go ne go le gogolo go wa ga yone.