Scriptures
3 Nifae 15


Kgaolo 15

Jesu o bolela gore molao wa ga Moše o diragaditswe mo go ene—Banifae ke dinku tse dingwe tse ka ga tsone a buileng kwa Jerusalema—Ka ntlha ya boikepi, batho ba Morena ba ba mo Jerusalema ga ba itse ka ga dinku tse di phatlaletseng tsa Iseraele. E ka nna mo ngwageng wa Morena wa 34.

1 Mme jaanong go ne ga diragala gore fa Jesu a sena go khutlisa dipuo tse a latlhela matlho a gagwe mo tikologong mo matshwititshwiting, mme a ba raya a re: Bonang, lo utlwile dilo tse ke di rutileng pele ga ke tlhatlogela kwa go Ntate; jalo he, mang yo o gakologelwang dipuo tse tsa me, mme a di dira, ene ke tlaa mo tsosa ka letsatsi la bofelo.

2 Mme go ne ga diragala gore fa Jesu a sena go bua mafoko a a lemoga gore go ne go le bangwe gareng ga bone ba ba neng ba gakgametse, mme ba ipotsa se a tlaa se batlang mabapi le molao wa ga Moše; gonne ba ne ba sa tlhaloganye puo e e reng dilo tse dikgologolo di fetile, le gore dilo tsotlhe di nnile diša.

3 Mme a ba raya a re: Se gakgamaleng gore ke lo reile ka re dilo tse dikgologolo di fetile, le gore dilo tsotlhe di nnile diša.

4 Bonang, ke lo raya ke re molao o diragaditswe o o neng o filwe Moše.

5 Bonang, ke ene yo o neileng molao oo, mme ke ene yo o dirileng kgolagano le batho ba me Iseraele; jalo he, molao o diragaditswe mo go nna, gonne ke tlile go diragatsa molao; jalo he o na le phelelo.

6 Bonang, ga ke senye baporofiti, gonne bontsi jotlhe jo bo sa diragadiwang mo go nna, ammaaruri ke a lo raya, jotlhe bo tlaa diragadiwa.

7 Mme ka ntlha ya gore ke rile go lona gore dilo tse dikgologolo di fetile, ga ke senye tseo tse di builweng mabapi le dilo tse di tlaa tlang.

8 Gonne bonang, kgolagano e ke e dirileng le batho ba me ga e a diragadiwa yotlhe; mme molao o o neng o neilwe go Moše o na le bokhutlo mo go nna.

9 Bonang, ke molao, le lesedi. Lebang go nna, mme lo itshoke go ya kwa bokhutlong, mme lo tlaa tshela; gonne go ene yo o itshokang go ya kwa bokhutlong ke tlaa naya botshelo jo bosakhutleng.

10 Bonang, ke lo neile ditaelo; jalo he tshegetsang ditaelo tsa me. Mme se ke molao le baporofiti, gonne ka boammaaruri ba pakile ka ga nna.

11 Mme jaanong go ne ga diragala gore fa Jesu a sena go bua mafoko a, o ne a re go bao ba ba lesome le bobedi ba a neng a ba tlhophile:

12 Lo barutwana ba me; mme lo lesedi go batho ba, ba e leng masalela a ntlo ya ga Josefe.

13 Mme bonang, le ke lefatshe la boswa jwa lona; mme Rara o le neile go lona.

14 Mme ga go na ka nako epe Rara a mphileng taelo gore ke di bolele go bakaulengwe ba lona kwa Jerusalema.

15 Le e seng ka nako epe Rara o neng a mpha taelo gore ke bolele go bone mabapi le merafe e mengwe ya ntlo ya Iseraele, ba Rara a ba eteletseng pele go tswa mo lefatsheng.

16 Go le kana Rara o ntaetse, gore ke bolele go bone.

17 Gore dinku tse dingwe ke na natso tse e seng tsa lesaka le; le tsone ke tshwanetse go di tlisa, mme di tlaa utlwa lentswe la me; mme go tlaa nna le lesaka le le lengwe, le modisa a le mongwe.

18 Mme jaanong, ka ntlha ya go gagamala melala le tlhoka tumelo ba ne ba seka ba tlhaloganya lefoko la me; jalo he ke ne ka laelwa gore ke seka ka tlhola ke bua sepe ke Rara mabapi le selo se go bone.

19 Mme, ammaaruri, ke lo raya ke re Rara o ntaetse, mme ke se bolela go lona, gore lo ne lwa kgaoganngwa go tswa gareng ga bone ka ntlha ya boikepi jwa bone; jalo he ke ka ntlha ya boikepi jwa bone gore ga ba itse sepe ka lona.

20 Mme ammaaruri, ke lo raya gape ke re merafe e mengwe Rara o e kgaogantse go tswa mo go bone; mme ke ka ntlha ya boikepi jwa bone gore ga ba itse ka bone.

21 Mme ammaaruri ka re go lona, gore ke lona bone ba ka bone ke rileng: Dinku tse dingwe ke na le tsone tse e seng tsa lesaka le; tsone le tsone ke tshwanetse go di tlisa, mme di tlaa utlwa lentswe la me; mme go tlaa nna le lesaka le le lengwe, le modisa a le mongwe.

22 Mme ba ne ba seka ba ntlhaloganya, gonne ba ne ba gopola e ne e le Baditšhaba; gonne ba ne ba sa tlhaloganye gore Baditšhaba ba tlaa sokololwa ka thero ya bone.

23 Mme ba ne ba seka ba ntlhaloganya gore ke rile ba tlaa utlwa lentswe la me; mme ba ne ba seka ba ntlhaloganya gore Baditšhaba ga ba kitla ka nako epe ba utlwa lentswe la me—gore ga ke na go itshupa go bone fa e se ka Mowa o o Boitshepho.

24 Mme bonang, mmogo lo utlwile lentswe la me, e bile lo mpone; mme lo dinku tsa me, mme lo balelwa gareng ga bao ba Rara a ba mphileng.