Scriptures
1 Nifae 8


Kgaolo 8

Lihae o bona pono ya setlhare sa botshelo—O ja leungo la sone, mme o eletsa ba lelwapa la gagwe go ka dira jalo—O bona thobane ya tshipi, tselana e e pitlaganeng e tshesane, le mouwane wa lefifi o o sirang batho—Saraeya, Nifae, le Seme ba ja leungo, mme Leimene le Lemuele ba a gana. E ka nna dingwaga di le 600 go ya go dile 592 pele ga ga Keresete.

1 Mme go ne ga diragala gore re ne re kgobokantse mmogo mekgwa yotlhe ya dipeo tsa mefuta yotlhe, mmogo tsa mabele a mefuta yotlhe, gape le dipeo tsa maungo a mefuta yotlhe.

2 Mme go ne ga diragala gore fa ntate a ntse a letile mo nageng o ne a bua le rona, a re: Bonang, ke lorile toro; kgotsa, ka mafoko a mangwe, ke bone pono.

3 Mme bonang, ka ntlha ya selo se ke se bonyeng, ke na le lebaka la go itumela mo Moreneng ka ntlha ya ga Nifae ga mmogo le ka ga Seme; gonne ke na le lebaka la go akanya gore bone, ga mmogo le bontsi jwa peo ya bone, ba tlaa bolokwa.

4 Mme bonang, Leimene le Lemuele, ke boifa mo go feteletseng ka ntlha ya lona; gonne bonang, nna ka akanya gore ke bonye mo torong ya me, naga e e lefifi e e boitshegang.

5 Mme go ne ga diragala gore ka bona monna, mme o ne a apere purapura e tshweu; mme o ne a tla go ema fa pele ga me.

6 Mme go ne ga diragala gore a bue le nna, mme a ntaletsa gore ke mo sale morago.

7 Mme go ne ga diragala gore jaaka fa ke ne ke mo setse morago ke ne ka ipona gore ke ne ke le mo tatlhegong e e lefifi e e boitshegang.

8 Mme morago ga ke sena go tsamaya sebaka sa dioura tse dintsi mo lefifing, ka simolola go rapela go Morena gore a nne kutlwelobotlhoko mo go nna, go ya ka matshwititshwiti mautlwelobotlhoko a a bonolo a gagwe.

9 Mme go ne ga diragala morago ga ke sena go rapela go Morena ka bona lebala le legolo le le bophara.

10 Mme go ne ga diragala gore ke bone setlhare, se leungo la sone le neng le eletsega go dira mongwe go itumela.

11 Mme go ne ga diragala gore ke ne ka ya pele mme ka ja leungo la sone; mme ka bona gore le ne le le monate thata, godimo ga otlhe a ke kileng ka a utlwa. Ee, ke ne ka bona gore leungo la sone le ne le le lesweu, go feta bosweu jotlhe jo ke kileng ka bo bona.

12 Mme fa ke e ja leungo la sone, le ne la tlatsa botho jwa me ka boitumelo jo bogolo jo bo feteletseng; ka jalo he, ka simolola go eletsa gore ba lelwapa la me ba le je le bone; gonne ke ne ke itse gore le eletsega godimo ga maungo a mangwe otlhe.

13 Mme fa ke latlhela matlho a me mo tikologong, gore gongwe ke ka bona ba lelwapa la me le bone, ka bona noka ya metsi; mme e elela, mme e ne e le gaufi le setlhare se ke neng ke e ja leungo la sone.

14 Mme ka leba go bona kwa e neng e tswa teng; mme ka bona tlhogo ya yone, sekgelenyana se se kae; mme kwa tlhogong ya yone ka bona mmaalona Saraeya, le Seme, le Nifae; mme ba eme jaaka e kete ba ne ba sa itse gore ba ye kae.

15 Mme go ne ga diragala gore ke ba bitse ka letsogo; mme gape ka ba raya ka lentswe le le kwa godimo gore ba tle kwa go nna, mme ba je leungo, le le neng le eletsega godimo ga maungo a mangwe otlhe.

16 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba tla go nna, mme ba a ja leungo le bone.

17 Mme go ne ga diragala gore ke ne ka eletsa gore Leimene le Lemuele ba tle go ja leungo le bone; ka jalo he, ka latlhela matlho a me go ya kwa tlhogong ya noka gore gongwe ke ka ba bona.

18 Mme go ne ga diragala gore ke ba bone, mme ba ne ba seka ba tla kwa go nna go tla go ja leungo.

19 Mme ka bona thobane ya tshipi, mme e ne e tsamaya e bapisitse le letshitshi la noka, mme e isa kwa setlhareng se ka sone ke neng ke eme.

20 Mme ke ne gape ka bona tselana e e pitlaganeng e tshesane, e e neng e tla e bapile le thobane ya tshipi, le go ya kwa setlhareng se ka sone ke neng ke eme; mme gape e ne e isa kwa tlhogong ya motswedi, go ya kwa lebaleng le legolo le le bophara, jaaka e kete e ne e le lefatshe.

21 Mme ke ne ka bona masomosomo a a senang palo a batho, ba bontsi jwa bone ba neng ba gatela pele, gore ba tle ba bone tselana e e neng e isa kwa setlhareng se ka sone ke neng ke eme.

22 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba tla pele, mme ba simolola mo tselaneng e e neng e isa kwa setlhareng.

23 Mme go ne ga diragala gore go tsoge mouwane wa lefifi; ee, le tota mouwane wa lefifi o mogolo mo go feteletseng, mo e leng gore ba ba neng ba simolotse mo tselaneng ba ne ba latlhegelwa ke tsela ya bone, mo ba neng ba kailakaila, mme ba latlhega.

24 Mme go ne ga diragala gore ka bona ba bangwe ba gatela pele, mme ba tla pele le go tshwara phelelo ya thobane ya tshipi; mme ba ne ba gatela pele go ralala mouwane wa lefifi, ba ngaparetse thobane ya tshipi, le go fitlhelela ba tla pele, ba bo ba a ja leungo la setlhare.

25 Mme morago ga ba sena go ja leungo la setlhare ba ne ba latlhela matlho a bone mo tikologong jaaka e kete ba ne ba tlhabiwa ke ditlhong.

26 Mme le nna ka latlhela matlho a me mo tikologong, mme ka bona, kwa letlhakoreng le lengwe la noka ya metsi, kago e kgolo e e bulegileng; mme e ne e eme jaaka e kete e mo phefong, kwa godimo godimo ga lefatshe.

27 Mme e ne e tletse ka batho, mmogo bagolo le bana, mmogo banna le basadi; mme mokgwa wa bone wa go apara o ne o le montle mo go feteletseng; mme ba ne ba le mo maitsholong a go sotla le go supa menwana ya bone kwa go ba ba neng ba tsile kwa mme ba ne ba a ja leungo.

28 Mme morago ga ba sena go utlwa leungo ba ne ba tlhajwa ke ditlhong, ka ntlha ya bao ba ba neng ba ba sotla; mme ba wela go sele mo tselaneng tse di ileditsweng mme ba latlhega.

29 Mme jaanong nna, Nifae, ga ke bue mafoko otlhe a ga ntate.

30 Mme, go nna mokhutshwane mo go kwaleng, bonang, a bona boidiidi jo bongwe bo gatela pele; mme ba ne ba tla mme ba tshwara phelelo ya thobane ya tshipi; mme ba ne ba gatela tsela ya bone kwa pele, ba tsweletse ba itshwareletse ka thobane ya tshipi, go fitlhelela ba tla pele, le go wela fatshe, mme ba a ja leungo la setlhare.

31 Mme o ne gape a bona matshwititshwiti a mangwe a lekela tsela ya bone go ya kwa kagong eo e kgolo e e sephara.

32 Mme go ne ga diragala gore bontsi bo ne jwa betwe ke metsi mo boteng jwa motswedi; mme bontsi bone jwa timela mo ponong ya gagwe, jwa kaila mo ditseleng tse di sa itsiweng.

33 Mme bogolo e ne e le matshwititshwiti a a neng a tsena mo kagong eo e e sa tlwaelesegang. Mme fa ba sena go tsena mo kagong eo, ba ne ba supa monwana wa tshotlo kwa go nna le bao ba ba neng ba a ja leungo; mme ra seka ra ba tlhokomela.

34 A ke mafoko a ga ntate: Gonne bontsi jotlhe jo bo neng jwa ba reetsa, ba ne ba wela kwa thoko.

35 Mme Leimene le Lemuele ba ne ba seka ba ja leungo, ga bua ntate.

36 Mme go ne ga diragala gore morago ga ntate a sena go bua mafoko otlhe a toro ya gagwe kgotsa pono, a a neng a le mantsi, a re go rona, ka ntlha ya dilo tse tse a di bonyeng mo ponong, o boifela mo go feteletseng Leimene le Lemuele; ee, o ne a boifa e sere kgotsa ba latlhwe go tswa fa bonnong jwa Morena.

37 Mme o ne a ba rotloetsa jaanong foo ka maikutlo otlhe a motsadi yo o bonolo, gore ba obamele mafoko a gagwe, gore gongwe Morena o ka ba utlwela botlhoko, mme a seke a ba latlhe; ee, ntate o ne a ba rerela.

38 Mme morago ga a sena go ba rerela, ga mmogo le go porofita go bone dilo di le dintsi, o ne a ba laletsa go tshegetse ditaelo tsa Morena; mme a emisa go bua le bone.