Scriptures
1 Nifae 21


Kgaolo 21

Mesia o tlaa nna lesedi go Baditšhaba mme o tlaa golola magolegwa—Iseraele o tlaa kgobokanngwa ka thata mo malatsing a bofelo—Dikgosi di tlaa nna borraabo ba batlhokomedi—Tshwantsha Isaia 49. E ka nna dingwaga di le 588 go ya go di le 570 pele ga ga Keresete.

1 Mme gape: Reetsang, O lona ntlo ya Iseraele, lotlhe ba lo kgaotsweng mme lwa kobiwa ka ntlha ya boleo jwa badisa ba batho ba me; ee, lona lotlhe ba lo kgaotsweng, ba lo gasameng kwa ntle, ba lo leng ba batho ba me, O ntlo ya Iseraele. Reetsang, O ditlhaketlhake, go nna, mme reetsang lona batho go tswa kgakala; Morena o mpiditse go tswa mo sebopelong; go tswa mo mpeng ya ga mme o buile ka leina la me.

2 Mme a dirile molomo wa me jaaka tšhaka e e bogale; mo moruting wa seatla sa gagwe o ne a mphitlha, mme a ntira motswi o o phatsimisitsweng; mo kgatleng ya gagwe o ne a mphitlha;

3 Mme a re go nna: O motlhanka wa me, O Iseraele, yo mo go ene ke tlaa galalediwang.

4 Jaanong foo ke ne ka re, ke dirile mo lefeleng, ke dirisitse nonofo ya me go se e seng sepe le mo lefeleng; ammaaruri katlholo ya me e mo Moreneng, le tiro ya me le Modimo wa me.

5 Mme jaanong, ga bua Morena—yo o mpopileng go tswa mo sebopelong gore ke nne motlhanka wa gagwe, gore ke tle ke lere Jakobe gape kwa go ene—le fa Iseraele a ise a kgobokane, mme ke tlaa galalela mo matlhong a Morena, mme Modimo wa me o tlaa nna thata ya me.

6 Mme o ne a re: Ke selo se se motlhofo gore o nne motlhanka wa me go emeletsa merafe ya ga Jakobe, le go busetsa ba ba sireleditsweng ba Iseraele. Ke tlaa go naya gape go nna lesedi go Baditšhaba, gore o tle o nne poloko ya me go dikhutlo tsa lefatshe.

7 Jalo go bua Morena, Morekolodi wa Iseraele, Moitshephi wa gagwe, go ene yo motho a mo nyatsang, go ene yo ditšhaba di mo tlhoileng, go batlhanka ba babusi: Dikgosi di tlaa bona mme di eme, dikgosana le tsone di tlaa obamela, ka ntlha ya Morena yo o boikanyo.

8 Jalo go bua Morena: Mo nakong e e amogelesegang ke ne ka le utlwa, O ditlhaketlhake tsa lewatle, mme ka letsatsi la poloko ke ne ka lo thusa; mme ke tlaa lo sireletsa, mme ke lo fe motlhanka wa me go nna kgolagano ya batho, go tlhoma lefatshe, go dira go ja boswa jwa matlotla a boswa;

9 Gore lo tle lo re go magolegwa: Yang pele; kwa go bone ba ba nnang mo lefifing: Lo itshupe. Ba tlaa ja mo ditseleng, mme mafulo a bone a tlaa nna mo mafelong a a kwa godimo.

10 Ga ba ketla ba tshwarwa ke tlala le fa e le lenyora, le fa e le go itewa ke mogote le fa e le letsatsi; gonne ene yo o nang le kutlwelobotlhoko mo go bone o tlaa ba etelela, le tota ka metswedi ya metsi o tlaa ba kaela.

11 Mme ke tlaa dira dithaba tsotlhe tsa me tsela, mme ditsela tse dikgolo tsa me di tlaa godisiwa.

12 Mme jaanong foo, O ntlo ya Iseraele, bonang, ba ba tlaa tswa kgakala; mme bonang, ba go tswa kwa bokone le go tswa kwa bophirima; mme ba go tswa kwa lefatsheng la Sinime.

13 Opelang, O magodimo; mme lo ipele, O lefatshe; gonne dinao tsa bao ba ba kwa botlhaba di tlaa tlhomiwa; mme thubegang, mo go opeleng, O dithaba; gonne ga ba kitla ba tlhola ba itewa; gonne Morena o gomoditse batho ba gagwe, mme o tlaa nna le kutlwelobotlhoko mo babuging ba gagwe.

14 Mme, bona, Sione o rile: Morena o ntatlhile, mme Morena wa me o ntebetse—mme o tlaa supa gore ga a dira jalo.

15 Gonne a mosadi o ka lebala ngwana wa gagwe yo o anyang, gore a tlhoke pelotlhomogi mo go morwa wa sebopelo sa gagwe? Ee, ba ka nna ba lebala, mme nna ga ke kitla ke go lebala, O ntlo ya Iseraele.

16 Bona, ke go gabile mo magofing a diatla tsa me; mabota a gago a tswelela go nna fa pele ga me.

17 Bana ba gago ba tlaa akofa kgatlhanong le basinyi ba gago; mme ba ba go dirileng matlakala ba tlaa tsamaya go tswa go wena.

18 Tsholeletsa matlho a gago mo tikologong mme o bone; ba botlhe ba ikgobokanya mmogo, mme ba tlaa tla kwa go wena. Mme jaaka ke tshela, ga rialo Morena, ammaaruri o tlaa ikapesa ka bone botlhe, jaaka ka mekgabisa, mme o ba bofelele jaaka monyadi.

19 Gonne matlakala a gago le mafelo a gago a matlotla, le lefatshe la tshenyo ya gago, le jaanong tota le tlaa nna lesesane thata ka ntlha ya banni ba lone; mme ba ba go meditseng ba tlaa bo ba le kgakala.

20 Bana ba o tlaa ba tsholang, morago ga o sena go latlhegelwa ke ba ntlha, ba tlaa re gape mo ditsebeng tsa gago ba re: Lefelo le pitlagane thata mo go nna; mpha lefelo gore ke kgone go nna.

21 Jaanong foo o tlaa re mo pelong ya gago: Ke mang yo o ntsholetseng ba, go bona ke latlhegetswe ke bongwanake, mme ke kakabetse, setshwarwa, le go tswa kwa le go ya kwa? Mme ke mang yo o tsisitseng ba? Bonang, ke ne ke tlogetswe ke le nosi; ba, ba ntse ba le kae?

22 Jalo go bua Morena Modimo: Bonang, ke tlaa tsholeletsa seatla sa me go Baditšhaba, le go tlhoma seboko sa me kwa bathong; mme ba tlaa tlisa barwao mo matsogong a bone, mme barwadiago ba tlaa sikarwa ka magetla a bone.

23 Mme dikgosi di tlaa nna borraalona ba baoki, mme bahumagadi ba bone bommaalona ba baoki; ba tlaa obamela go lona ka difatlhogo tsa bone di lebile lefatshe, mme ba latswe lerole la dinao tsa lona; mme lo tlaa itse gore ke nna Morena; gonne ga ba na go tlhajwa ke ditlhong ba ba nkemelang.

24 Gonne a tsa kgapo di tlaa tsewa go tswa dinatleng, kgotsa batshwarwa ka fa molaong ba tlaa gololwa?

25 Mme jalo go bua Morena, le ditshwarwa tsa dinatla tota di tlaa tsewa, mme kgapo ya ba ba boitshegang e tlaa gololwa; gonne ke tlaa ganetsana le ene yo o ganetsanang le wena, mme ke tlaa boloka bana ba gago.

26 Mme ke tlaa jesa bone ba ba go gatelelang ka nama ya bone; ba tlaa tagiwa ke madi a bone jaaka e kete ke mofine o o botshe; mme nama yotlhe e tlaa itse gore Nna, Morena, ke Mmoloki wa lona le Morekolodi wa lona, Senatla sa ga Jakobe.