Scriptures
1 Nifae 13


Kgaolo 13

Nifae o bona mo ponong kereke ya ga diabole e tlhomilwe mo gare ga Baditšhaba, go bonwa le go gapiwa ga Amerika, tatlhego ya dikarolo tse dintsi tse di motlhofo e bile e le tsa botlhokwa tsa Baebele, seemo sa ditlamorago, sa kgelogo ya Baditšhaba; tsosoloso ya efangele, go tla pele ga lefoko la Modimo le le kwadilweng la malatsi a bofelo, le go agiwa ga Sione. E ka nna dingwaga di le 600 go ya go di le 592 pele ga ga Keresete.

1 Mme go ne ga diragala gore moengele a bue le nna, a re: Leba! Mme ka leba mme ka bona bontsi jwa ditšhaba le magosi.

2 Mme moengele a re go nna: Ke eng se o se bonang? Mme ka re: Ke bona ditšhaba di le dintsi le metse ya bogosi.

3 Mme a re go nna: Tse ke ditšhaba le metse ya bogosi ya Baditšhaba.

4 Mme go ne ga diragala gore ke bone gareng ga ditšhaba tsa Baditšhaba go bopiwa ga kereke e kgolo.

5 Mme moengele a re go nna: Bona go bopiwa ga kereke e e bodiabole go gaisa godimo ga dikereke tsotlhe tse dingwe, e e bolayang baitshephi ba Modimo, ee, le go ba bogisa le go ba golegelela fa fatshe, le go ba rwesa jokwe ya tshipi, le go ba tlisa tlase mo botshwarong.

6 Mme go ne ga diragala gore ke bone kereke e kgolo e e bodiabole e; mme ka bona diabole gore ke ene mothei wa yone.

7 Mme gape ka bona gauta, le selefera, le diseleke, le bohibidu jwa letlhololo, le matsela a a logilweng bontle, le mekgwa yotlhe ya diaparo tsa tlhwatlhwa e kgolo; mme ka bona diaka tse dintsi.

8 Mme moengele a bua le nna, a re: Bona gauta, le selefera, le diseleke, le bohibidu jwa letlhololo, le matsela a a logegileng bontle, le diaparo tsa tlhwatlhwa e kgolo, le diaka, ke dikeletso tsa kereke e kgolo e e bodiabole e.

9 Mme gape ka ntlha ya pako ya lefatshe, ba bolaya baitshephi ba Modimo, mme ba ba tlise tlase mo botshwarong.

10 Mme go ne ga diragala gore ke lebe mme ka bona boidiidi jwa metsi; mme bo kgaoganya Baditšhaba le peo ya bakaulengwe ba me.

11 Mme go ne ga diragala gore moengele a re go nna: Bona kgalefo ya Modimo e mo peong ya bakaulengwe ba gago.

12 Mme ka leba mme ka bona monna gareng ga Baditšhaba, yo o neng a kgaogantswe le peo ya bakaulengwe ba me ke boidiidi jwa metsi; mme ka bona Mowa wa Modimo gore o ne wa tla tlase mme wa dira mo monneng; mme a ya pele godimo ga boidiidi jwa metsi, le tota go peo ya bakaulengwe ba me ba ba neng ba le mo lefatsheng la tsholofetso.

13 Mme go ne ga diragala gore ka bona Mowa wa Modimo, gore o ne o bereka mo go Baditšhaba ba bangwe; mme ba ya pele go tswa mo botshwarong, mo godimo ga boidiidi jwa metsi.

14 Mme go ne ga diragala gore ka bona bontsi jwa matshwitshwiti a Baditšhaba mo lefatsheng la tsholofetso; mme ka bona kgalefo ya Modimo, gore e ne e le mo peong ya bakaulengwe ba me; mme ba ne ba gasagasame fa pele ga Baditšhaba mme ba itewa.

15 Mme ka bona Mowa wa Morena, gore o ne o le mo Baditšhabeng, mme ba ne ba tswelela pele mme ba tsaya lefatshe go nna boswa jwa bone; mme ka bona gore ba ne ba le basweu, mme ba tlhatswegile mo go feteletseng e bile ba le bantle, jaaka batho bagaetsho pele ga ba bolawa.

16 Mme go ne ga diragala gore nna, Nifae, ka bona gore Baditšhaba ba ba neng ba dule mo botshwarong ba ne ba ikokobetsa fa pele ga Morena, mme thata ya Morena e ne e na le bone.

17 Mme ka bona gore mmaabo Baditšhaba ba ne ba kgobokanye fa godimo ga metsi, le fa godimo ga lefatshe, go lwa kgatlhanong le bone.

18 Mme ka bona gore thata ya Modimo e ne e na le bone, mme le gore kgalefo ya Modimo e ne e le mo go botlhe ba ba neng ba kgobokanetse mmogo go lwa kgatlhanong le bone.

19 Mme nna, Nifae, ka bona gore Baditšhaba ba ba neng ba dule mo botshwarong ba ne ba golotswe ka thata ya Modimo go tswa mo diatleng tsa ditšhaba tse dingwe tsotlhe.

20 Mme go ne ga diragala gore nna, Nifae, ka bona gore ba ne ba tswelela pele mo lefatsheng; mme ka bona buka, mme e ne ya isiwa pele gareng ga bone.

21 Mme moengele a re go nna: A o itse tlhaloso ya buka?

22 Mme ka re go ene: Ga ke itse.

23 Mme a re: Bona e tswa mo molomong wa Mojuta. Mme Nna, Nifae, ka e bona; mme a re go nna: Buka e o e bonang e ke pego e e kwadilweng ka Bajuta, e e nang le dikgolagano tsa Morena, tse a neng a di dira go ntlo ya Iseraele; mme gape e na le diporofito di le dintsi tsa baporofiti ba ba boitshepho; mme ke pego e e kwadilweng fela jaaka megabo e e mo dipapetlaneng tsa borase, kwa ntle ga gore ga di dintsi; le fa go ntse jalo, di na le dikgolagano tsa Morena, tse a di dirileng go ntlo ya Iseraele; ka jalo he, ke tsa tlhwatlhwa e kgolo go Baditšhaba.

24 Mme moengele wa Morena a re go nna: O bonye gore buka e ile pele go tswa mo molomong wa Mojuta; mme fa e ya pele go tswa mo molomong wa Mojuta e ne e tshotse botlalo jwa efangele ya Morena, yo ka ene baaposetole ba ba lesome le bobedi ba nayang bosupi; mme ba naya bosupi ka fa boammaaruring jo bo leng mo Kwanyaneng ya Modimo.

25 Ka jalo he, dilo tse di tswa go Bajuta mo boitshekong go ya go Baditšhaba, ka fa boammaaruring jo bo leng mo Modimong.

26 Mme fa di sena go ya ka seatla sa baaposetole ba ba lesome le bobedi ba Kwanyana, go tswa kwa Bajuteng go ya go Baditšhaba, o bona go bopiwa ga kereke eo e kgolo e e bodiabole, e e bodiabole thata godimo ga dikereke tsotlhe tse dingwe; gonne bona, ba ntshitse mo efangeleng ya Kwanyana dikarolo di le dintsi tse di motlhofo le botlhokwa thata; mmogo le dikgolagano tse dintsi tsa Morena ba di ntshitse.

27 Mme tsotlhe tse ba di dirile gore ba ka tla ba sokamisa ditsela tse di siameng tsa Morena, gore ba ka tla ba foufatsa matlho le go thatafatsa dipelo tsa bana ba batho.

28 Ka jalo he, o bona gore fa buka e sena go feta ka diatla tsa kereke e kgolo e e bodiabole, gore go dilo tse dintsi tse di motlhofo le botlhokwa tse di ntshitsweng mo bukeng, e e leng buka ya Kwanyana ya Modimo.

29 Mme morago ga dilo tse di motlhofo le botlhokwa tse di sena go ntshiwa e ya pele go ditšhaba tsotlhe tsa Baditšhaba; mme morago e sena go ya pele go ditšhaba tsotlhe tsa Baditšhaba, ee, le go ya go tlola boidiidi jwa metsi a o a bonyeng le Baditšhaba ba ba duleng mo botshwarong, o bona—ka ntlha ya dilo tse dintsi tse di motlhofo le botlhokwa tse di ntshitsweng go tswa mo bukeng, tse di neng di le motlhofo go tlhaloganngwa ke bana ba batho, ka fa botlhofong jo bo mo Kwanyaneng ya Modimo—ka ntlha ya dilo tse di ntshitsweng mo efangeleng ya Kwanyana, bontsi jo botona go feta bo a kgopiwa, ee, mo e leng gore Satane o na le thata e kgolo mo go bone.

30 Le fa go ntse jalo, o bone gore Baditšhaba ba ba duleng mo botshwarong, mme ba tsholeleditswe ka thata ya Modimo godimo ga ditšhaba tse dingwe tsotlhe, mo sefatlhogong sa lefatshe le le tlhophegileng godimo ga mafatshe otlhe, le e leng lefatshe le Morena Modimo a dirileng kgolagano le rrago gore peo ya gagwe e tlaa le tsaya e le lefatshe la boswa jwa bone; ka jalo he, o bona gore Morena Modimo ga a kitla a letla gore Baditšhaba ba ka senya gotlhelele motswako wa peo ya gago, ba ba leng gareng ga bakaulengwe ba gago.

31 Le fa e le go letla gore Baditšhaba ba ka senya peo ya bakaulengwe ba gago.

32 Le e seng gore Morena Modimo o ka letla gore Baditšhaba ba ka nnela ruri mo seemong se se maswe seo sa bofofu, se o bonang ba le mo go sone, ka ntlha ya dikarolo tse di motlhofo tse di botlhokwa thata tsa efangele ya Kwanyana tse di beilweng morago ke kereke e e bodiabole eo, e go bopiwa ga yone o go boneng.

33 Ka jalo he go bua Kwanyana ya Modimo: Ke tlaa nna kutlwelobotlhoko go Baditšhaba, ka go etela masalela a ntlo ya Iseraele ka katlholo e kgolo.

34 Mme go ne ga diragala gore moengele wa Morena a bue le nna, a re: Bona, go bua Kwanyana ya Modimo, fa ke sena go etela masalela a ntlo ya Iseraele—mme masalela a ke buang ka ga one a, ke peo ya ga rrago—ka jalo he, fa ke sena go ba etela mo katlholong, mme ke ba iteile ka seatla sa Baditšhaba, mme morago ga Baditšhaba ba kgopiwa mo go feteletseng ka ntlha ya dikarolo tse di motlhofo tse di botlhokwa tsa efangele ya Kwanyana tse di beilweng morago ke kereke e e bodiabole eo, e e leng mmaagwe-diaka, go bua Kwanyana—ke tlaa nna kutlwelobotlhoko mo go Baditšhaba ka letsatsi leo, mo e leng gore ke tlaa tsisa pele go bone, ka thata ya me, bontsi jwa efangele ya me, e e tla bong e le motlhofo mme e bile e le botlhokwa, go bua Kwanyana.

35 Gonne, bona, go bua Kwanyana: Ke tlaa itshupa mo peong ya gago, gore ba tle ba kwale dilo tse dintsi tse ke tlaa di ba rerelang, tse di tlaa nnang motlhofo le botlhokwa; mme morago ga peo ya gago e senngwa, mme e nyenyafala mo tlhoka tumelong, ga mmogo le peo ya bakaulengwe ba gago, bona, dilo tse di tlaa fitlhwa, go tla pele go Baditšhaba, ka mpho le thata ya Kwanyana.

36 Mme mo go tsone go tlaa kwalwa efangele ya me, go bua Kwanyana, le lefika la me le poloko ya me.

37 Mme go sego ba ba tlaa senkang go tlisa pele Sione wa me ka tsatsi leo, gonne ba tlaa nna le mpho le thata ya Mowa o o Boitshepho; mme fa ba ka itshoka go ya bokhutlong ba tlaa tsholelediwa godimo ka letsatsi la bofelo, mme ba tlaa bolokwa mo motseng wa bogosi jo bo senang bokhutlo jwa Kwanyana; mme mang yo o tlaa anamisang kagiso, ee, dikgang tsa boipelo jo bogolo, ba tlaa nna bantle jang fa godimo ga dithaba.

38 Mme go ne ga diragala gore ke bone masalela a peo ya bakaulengwe ba me, mme gape le buka ya Kwanyana ya Modimo, e e neng ya ya pele go tswa molomong wa Mojuta, gore e tsile pele go tswa go Baditšhaba go ya go masalela a peo ya bakaulengwe ba me.

39 Mme morago ga e sena go tla pele go bone ke ne ka bona dibuka tse dingwe, tse di tlileng pele ka thata ya Kwanyana, go tswa go Baditšhaba go ya go bone, mo go kgoneng ka puo Baditšhaba le masalela a peo ya bakaulengwe ba me, ga mmogo le Bajuta ba ba neng ba gasame mo sefatlhogong sotlhe sa lefatshe, gore dipego tse di kwadilweng tsa baporofiti le tsa baaposetole ba ba lesome le bobedi ba Kwanyana ke boammaaruri.

40 Mme moengele a bua le nna, a re: Dipego tse di kwadilweng tse tsa bofelo, tse o di bonyeng gareng ga Baditšhaba, di tlaa tlhoma boammaaruri jwa tsa ntlha, tse e leng tsa baaposetole ba ba lesome le bobedi ba Kwanyana, mme di tlaa dira gore go itsege dilo tse di motlhofo le botlhokwa tse di ntshitsweng mo go tsone; mme di tlaa dira gore go itsege go lotso lotlhe, diteme, le batho, gore Kwanyana ya Modimo ke Morwa Rara wa Bosakhutleng le Mmoloki wa lefatshe; le gore batho botlhe ba tshwanetse go tla kwa go ene, e seng jalo ga ba kake ba bolokwa.

41 Mme di tshwanetse go tla ka fa mafokong a a tlaa tlhomiwang ka molomo wa Kwanyana; mme mafoko a Kwanyana a tlaa itsewe mo dipegong tse di kwadilweng tsa peo ya gago, ga mmogo le mo dipegong tse di kwadilweng tsa baaposetole ba ba lesome le bobedi ba Kwanyana; ka jalo he tsoo-pedi di tlaa tlhomiwa mo bongweng; gonne go na le Modimo o le mongwe le Modisa a le mongwe mo godimo ga lefatshe lotlhe.

42 Mme nako e etla ya gore a itshupegetse ditšhaba tsotlhe, mmogo go Bajuta le gape go Baditšhaba; mme fa a sena go itshupa go Bajuta ga mmogo le go Baditšhaba, ke gone a tlaa itshupang go Baditšhaba le ga mmogo go Bajuta, mme ba morago e tlaa nna ba ntlha, mme ba ntlha e tlaa nna ba morago.