Scriptures
1 Nifae 10


Kgaolo 10

Lihae o bolelela-pele gore Bajuta ba tlaa tsewa botshwarwa ke ba Babilone—O bolela ka ga go tla gareng ga Bajuta ga ga Mesia, Mmoloki, Morekolodi—Lihae o bolela gape ka ga go tla ga yo o tlaa kolobetsang Kwanyana ya Modimo—Lihae o bua ka loso le tsogo ya Mesia—O tshwantsha phatlalalo le kgobokanyo ya Iseraele le setlhare sa motlhware—Nifae o bua ka ga Morwa Modimo, ka ga mpho ya Mowa o o Boitshepho, le ka ga botlhokwa jwa tshiamo. E ka nna dingwaga di le 600 go ya go dile 592 pele ga ga Keresete.

1 Mme jaanong nna, Nifae, ke tswelela ka go fa pego mo dipapetlaneng tse ka ditiragalo tsa me, le puso ya me le tirelo; ka jalo he, go tswelela ka pego ya me, ke tshwanetse go bua ka selekanyo sengwe ka ga dilo tsa ga ntate, gape le ka tsa bakaulengwe ba me.

2 Mme bonang, go ne ga diragala gore morago ga ntate a sena go dira bokhutlo jwa go bua mafoko a toro ya gagwe, gape le go ba rotloetsa go tlhoafalo yotlhe, o ne a bua le bone mabapi le Bajuta—

3 Gore morago ga ba sena go senngwa, le tota motse oo o mogolo Jerusalema, mme bontsi bo tseelwe botshwarwa kwa Babilone, go ya ka fa nakong e e beilweng ke Morena, ba tshwanetse go boa gape, ee, le go busetswa morago go tswa mo botshwarweng; mme fa ba sena go busetswa morago go tswa mo botshwarweng ba tshwanetse go tsaya gape lefatshe la boswa jwa bone.

4 Ee, le tota dingwaga di le makgolo a le marataro go tswa ka nako e ntate a neng a tswa kwa Jerusalema, moporofiti Morena Modimo o tlaa mo emeletsa gareng ga Bajuta—le tota Mesia, kgotsa, ka mafoko a mangwe, Mmoloki wa lefatshe.

5 Mme o ne gape a bua ka ga baporofiti, ke palo e kgolo jang e e pakileng ka dilo tse, ka ga Mesia yo, yo ka ga ene a neng a buile, kgotsa Morekolodi yo wa lefatshe.

6 Ka jalo he, losika lwa motho lotlhe ba ne ba le mo seemong sa tatlhego le sa go wa, mme go ka nna jalo, fa e se go ikanya Morekolodi yo.

7 Mme gape o ne a bua ka ga moporofiti yo o neng a tshwanetse go tla pele ga ga Mesia, go baakanya tsela ya Morena—

8 Ee, le tota o tlaa ya pele, le go kua mo nageng: Baakanyang tsela ya Morena, mme lo tlhamalatse ditselana tsa gagwe; gonne go eme mongwe gareng ga lona yo lo sa mo itseng; mme o mogolo go feta nna, yo kgole ya setlhako sa gagwe ke sa lekanang go e bofolola. Mme go le go ntsi go buile ntate ka ga selo se.

9 Mme ntate o ne a re o tshwanetse go kolobetsa mo Befebara, go feta Joretane; mme o ne gape a re o tshwanetse go kolobetsa ka metsi; le tota gore o tshwanetse a kolobetse Mesia ka metsi.

10 Mme morago ga a sena go kolobetsa Mesia ka metsi, o tlaa bona mme a nee bopaki gore o kolobeditse Kwanyana ya Modimo, yo o tlaa tsayang dibe tsa lefatshe.

11 Mme go ne ga diragala gore morago ga ntate a sena go bua mafoko a a bua le bakaulengwe ba me ka ga efangele e e neng e tshwanetse go rerwa mo gare ga Bajuta, gape le mabapi le go nyenyafala ga Bajuta mo tlhoka tumelong. Mme morago ga ba sena go bolaya Mesia, yo o tlaa tlang, mme morago ga a sena go bolawa o tlaa tsoga mo baswing, mme a itshupe, ka Mowa o o Boitshepho, go Baditšhaba.

12 Ee, le tota ntate o ne a bua thata ka ga Baditšhaba, le ka ga ntlo ya Iseraele, gore ba tshwanetse ba tshwantshiwe le setlhare sa motlhware, se dikala tsa sone di tshwanetseng go robiwa le go phatlaladiwa mo sefatlhogong sotlhe sa lefatshe.

13 Ka jalo he, o ne a re go tlhokega gore re tshwanetse re etelelwe pele ka maikaelelo a le mangwe go tsena mo lefatsheng la tsholofetso, mo go diragatseng lefoko la Morena, gore re aname mo sefatlhong sotlhe sa lefatshe.

14 Mme morago ga ntlo ya Iseraele e sena go phatlaladiwa ba tshwanetse go phuthiwa gape; kgotsa, mo tshobolokong, morago ga Baditšhaba ba sena go amogela botlalo jwa Efangele, dikala tsa tlholego tsa setlhare sa motlhware, kgotsa masalela a ntlo ya Iseraele, ba tshwanetse go lomelelwa, kgotsa go tla mo kitsong ya Mesia wa boammaaruri, Morena wa bone le Morekolodi wa bone.

15 Mme morago ga mokgwa o wa puo ntate a porofita a ba a bua le bakaulengwe ba me, gape le ka dilo di le dintsi go feta tse ke sa di kwaleng mo bukeng e; gonne ke kwadile bontsi jwa tsone jaaka gone go tlhokega mo go nna mo bukeng e nngwe ya me.

16 Mme dilo tse tsotlhe, tse ka tsone ke buileng, di dirilwe fa ntate a nna mo tanteng, mo mokgatsheng wa Lemuele.

17 Mme go ne ga diragala morago ga nna, Nifae, ke utlwile mafoko otlhe a ga ntate, mabapi le dilo tse a neng a di bona mo ponong, ga mmogo le dilo tse a neng a di bua ka thata ya Mowa o o Boitshepho, thata e a e amogetseng ka tumelo mo go Morwa Modimo—mme Morwa Modimo e ne e le Mesia yo o tlaa tlang—nna, Nifae, ke ne ka eletsa gape gore ke ka bona, le go utlwa, le go itse ka dilo tse, ka thata ya Mowa o o Boitshepho, o e leng mpho ya Modimo go botlhe ba ba mmatlang ka tlhoafalo, le jaaka mo dinakong tsa kgale le jaaka mo nakong eo e a tshwanetseng go itshupa mo baneng ba batho.

18 Gonne o a tshwana maabane, tsatsi leno, le ka metlha; mme tsela e baakanyeditswe batho botlhe go tswa kwa motheong wa lefatshe, fa e le gore ba ka ikotlhaya mme ba tla go ene.

19 Gonne yo ka tlhoafalo a batlang o tlaa bona; mme masaitseweng a Modimo a tlaa rarabololwa go bone, ka thata ya Mowa o o Boitshepho, fela jalo mo dinakong tseno jaaka mo dinakong tsa kgale, le fela jaaka mo dinakong tsa kgale jaaka mo dinakong tse di tlang; ka jalo he, tsela ya Morena ke tikologo e le ngwe ya bosakhutleng.

20 Jalo he gakologelwa, O motho, gonne ka ditiro tsotlhe tsa gago, o tlaa tlisiwa mo katlholong.

21 Ka jalo he, fa e le gore o batlile go dira boleo mo malatsing a tekeletso ya gago, mme o fitlhelwa o se phepa fa pele ga setilo sa katlholo sa Modimo; mme ga go selo sepe se se seng phepa se se ka nnang le Modimo; ka jalo he, o tlaa tshwanelwa ke go latlhiwa ka metlha.

22 Mme Mowa o o Boitshepho o naya taolo gore ke bue dilo tse, mme ke se di lobe.