Scriptures
1 Nifae 20


Kgaolo 20

Morena o senola maikaelelo a gagwe go Iseraele—Iseraele o tlhopilwe mo lehuting la molelo wa pogisego e bile o tshwanetse go tswa mo Babilone—Tshwantsha Isaia 48. E ka nna dingwaga di le 588 go ya go di le 570 pele ga ga Keresete.

1 Reetsang mme lo utlwe se, O ntlo ya ga Jakobe, ba lo bidiwang ka leina la Iseraele, mme lo tla pele go tswa mo metsing a Juta, kgotsa go tswa mo metsing a kolobetso, ba lo ikanang ka leina la Morena; mme lo umaka ka Modimo wa Iseraele; mme ba ikana e seng ka boammaaruri le e seng ka tshiamo.

2 Le fa go ntse jalo, ba ipitsa ba motse o o boitshepho, mme ga ba ipeye mo Modimong wa Iseraele, yo e leng Morena wa Masomosomo; ee, Morena wa Masomosomo ke leina la gagwe.

3 Bonang, ke begile dilo tsa pele go tswa kwa tshimologong; mme di ne tsa tsamaya pele go tswa mo molomong wa me, mme ka di supa. Ke ne ka di supa ka tshoganetso.

4 Mme ke ne ka se dira, ka gonne ke ne ke itse gore lo manganga, mme molala wa lona ke mosifa wa tshipi, mme phatla ya lona ke borase;

5 Mme ke sale le go tswa kwa tshimologong ke lo begela; pele ga go diragala ke lo di bontsha; mme ke ne ke di supa ke tshaba gore lo se re gongwe lwa re—Modimo wa me wa ditshetwa o di dirile, le setshwantsho se se betlilweng sa me, le setshwantsho sa tshipi e e nyerolotsweng sa me se di laotse.

6 Lo bonye lwa ba lwa utlwa tsotlhe tse; a mme ga lo na go di bega? Mme le gore ke lo bontshitse dilo tse disha go tswa nakong eno, le tota dilo tse di fitlhilweng, mme lo ne lo sa di itse.

7 Di bopilwe jaanong, mme e seng go tswa kwa tshimologong le pele ga letsatsi le lo neng lo sa di utlwe tota, di ne di begilwe go lona, e sere kgotsa lwa re—Bonang ke ne ke di itse.

8 Ee, mme lo ne lo sa utlwe; ee, lo ne lo sa itse; ee, go tswa ka nako eo tsebe tsa lona di ne di sa bulega; gonne ke itsile gore lo ne lo dira boferefere thata, mme lwa bidiwa batlola molao go tswa sebopelong.

9 Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya leina la me ke tlaa emisa tšhakgalo ya me, mme ka ntlha ya pako ya me, ke tlaa lo tlogela, gore ke se lo kgaole.

10 Gonne, bonang, ke lo phepafaditse; ke lo tlhophile mo lehuting la molelo la pogisego.

11 Ka ntlha ya me, ee, ka ntlha ya me ke tlaa dira se gonne ke ka se letle leina la me go kgotlelwa, mme ga ke kake ka naya kgalalelo ya me go yo mongwe.

12 Ntheetsa, O Jakobe, le Iseraele ba pitso ya me, gonne ke ene; ke wa ntlha, e bile gape ke wa bofelo.

13 Seatla sa me gape se beile motheo wa lefatshe, mme seatla sa me sa moja se phutholotse magodimo. Ke a ba bitsa mme ba eme ka dinao mmogo.

14 Lona lotlhe, ikgobokanyeng, mme lo utlwe; ke mang mo gare ga bone yo o begileng dilo tse go bone? Morena o mo ratile; ee, mme o tlaa diragatsa lefoko la gagwe le a le begileng ka bone; mme o tlaa dira boithatelo jwa gagwe mo Babilone; mme letsogo la gagwe le tlaa tla godimo ga Bakalatea.

15 Gape, Morena a re: Nna Morena, ee, ke buile; ee, ke biditse ene gore a bege, ke mo tlisitse, mme o tlaa dira tsela ya gagwe go tswelela.

16 Tlang gaufi go nna; ga ke a buela mo sephiring; go tswa kwa tshimologong, go tswa nako e go neng ga begiwa ke buile; mme Morena Modimo, le Mowa wa gagwe, ba nthomile.

17 Mme go bua jalo Morena, Morekolodi wa lona le Moitshephi wa Iseraele; ke mo romile, Morena Modimo wa lona yo o lo rutang go boelwa, yo o lo etelelang pele mo tseleng e lo tshwanetseng go tsamaya, o e dirile.

18 O gore lo ka bo lo obametse ditaelo tsa me—jaanong foo kagiso ya lona e ka bo e tshwana le noka, mme tshiamo ya lona jaaka makhubu a lewatle.

19 Peo ya lona le yone e nnile jaaka motlhaba; bana ba mpa tsa lona jaaka lokgwarapana la lone; leina la gagwe le ka bo le saka la kgaolwa le fa e le go senngwa go tswa fa pele ga me.

20 Tsamayang go tswa Babilone, tshabang lona go tswa mo Bakalateeng, ka lentswe la kopelo begang lona, bolelang se, buang go ya bokhutlong jwa lefatshe; lo re: Morena o rekolotse motlhanka wa gagwe Jakobe.

21 Mme ba ne ba seka ba nyora; o ne a ba etelela pele go ralala dikaka; o ne a dira gore metsi a elele go tswa mo lefikeng go bone; o ne a arola lefika gape mme metsi a hulegele kwa ntle.

22 Le go sa kgathalesege o dirile tsotlhe tse, mme bogolo go feta gape, ga go na kagiso, ga rialo Morena, go baleofi.