Scriptures
1 Nifae 6


Kgaolo 6

Nifae o kwala ka ga dilo tsa Modimo—Maikaelelo a ga Nifae ke go dira batho go dumela go tla go Modimo wa ga Aberahame, mme ba bolokwe. E ka nna dingwaga di le 600 go ya go di le 592 pele ga ga Keresete.

1 Mme jaanong, nna Nifae, ga ke neye losika lwa borraarona mo karolong eno ya pego e e kwadilweng ya me; le fa e le ka nako epe ga ke kitla ke e neela morago ga dipapetlana tse ke di kwalang tse; gonne e neilwe mo pegong e e kwadilweng e e neng e tshegeditswe ke ntate; ka jalo he, ga ke e kwale mo tirong e.

2 Gonne go ntekane gore ke bue gore re dikokomana tsa ga Josefe.

3 Mme ga gore sepe mo go nna gore ke nne kelotlhoko go naya pego e e tletseng ka dilo tsotlhe tsa ga ntate gonne di ka seka tsa kwalwa mo dipapetlaneng tse, gonne ke eletsa phatlha ya gore ke ka kwala ka ga dilo tsa Modimo.

4 Gonne botlalo jwa maikaelelo ke gore ke ka tla ka dira batho go dumela go tla go Modimo wa ga Aberahame, le Modimo wa ga Isake, le Modimo wa ga Jakobe, mme ba bolokwe.

5 Ka jalo he, dilo tse di itumedisang lefatshe ga ke di kwale, mme dilo tse di itumedisang go Modimo le go bao ba e seng ba lefatshe.

6 Ka jalo he, ke tlaa neela taelo go peo ya me, gore ba tle ba seka ba baya mo dipapetlaneng tse dilo tse di senang mosola go bana ba batho.