Scriptures
1 Nifae 15


Kgaolo 15

Peo ya ga Lihae ba tshwanetse go amogela efangele go tsweng go Baditšhaba mo malatsing a bofelo—Go kgobokana ga Iseraele go tshwantshiwa le setlhare sa motlhware se dikala tsa sone tsa tlholego di tlaa lomelelwang gape—Nifae o ranolola pono ya setlhare sa botshelo mme o bua ka tshiamiso ya Modimo mo go kgaoganyeng baleofi le basiami. E ka nna dingwaga di le 600 go ya go di le 592 pele ga ga Keresete.

1 Mme go ne ga diragala gore morago ga nna, Nifae, ke ne ke tserwe ke mowa, mme ke bonye dilo tsotlhe, ke ne ka boela kwa tanteng ya ga ntate.

2 Mme go ne ga diragala gore ke bone bakaulengwe ba me, mme ba ngangesana mongwe le yo mongwe ka ga dilo tse ntate a neng a di buile go bone.

3 Gonne ruri o ne a ba boleletse dilo di le dintsi tse dikgolo, tse di neng di le thata go tlhaloganyesega, fa e se fa motho a ka botsa Morena; mme bone ba le thata mo dipelong tsa bone, jalo he ba ne ba seka ba leba go Morena jaaka ba ne ba tshwanetse.

4 Mme jaanong nna, Nifae, ke ne ka utlwa botlhoko ka ntlha ya bothata jwa dipelo tsa bone, le gape, ka ntlha ya dilo tse ke neng ke di bonye, mme ke itse gore di tshwanetse go diragala ka ntlha ya boleo jo bogolo jwa bana ba batho.

5 Mme go ne ga diragala gore ke tlalelwe ka ntlha ya dipogisego tsa me, gonne ke ne ke tsaya gore dipogisego tsa me di ne di le dikgolo godimo ga tsotlhe, ka ntlha ya tshenyo ya batho ba me, gonne ke ne ke bone go wa ga bone.

6 Mme go ne ga diragala gore morago ke sena go amogela maatla ke ne ka bua le bakaulengwe ba me, ke eletsa go itse go tswa go bone tshimololo ya go nganga ga bone.

7 Mme ba re: Bona, ga re kgone go tlhaloganya mafoko a ntate a a buileng ka ga dikala tsa tlholego tsa setlhare sa motlhware, ga mmogo le ka ga Baditšhaba.

8 Mme ke ne ka ba raya ka re: A lo boditse Morena?

9 Mme ba nthaya ba re: Ga re ise; gonne Morena ga a dire selo se se ntseng jaana gore se itsege mo go rona.

10 Bonang, ka re go bone: Ke ka jang gore lo seka lwa tshegetsa ditaelo tsa Morena? Ke ka jang gore le tlaa nyelela, ka ntlha ya bothata jwa dipelo tsa lona?

11 A ga lo gakologelwe dilo tse Morena a di buileng?—Fa lo ka seka lwa thatafatsa dipelo tsa lona, mme lwa mpotsa ka tumelo, lo dumela gore lo tlaa amogela, ka tlhoafalo mo go tshegetseng ditaelo tsa me, ammaaruri dilo tse di tlaa dirwa gore di itsege go lona.

12 Bonang, ka re go lona, gore ntlo ya Iseraele e ne ya tshwantshanngwa le setlhare sa motlhware ke Mowa wa Morena o o neng o le mo go rraarona; mme bonang, a ga re a kgaolwa go tswa mo ntlong ya Iseraele, e bile a ga re kala ya ntlo ya Iseraele?

13 Mme jaanong, selo se rraarona a se rayang ka ga go lomelelwa ga dikala tsa tlholego ka botlalo jwa Baditšhaba, ke gore, mo malatsing a bofelo, fa peo ya rona e tla bong e sena go nyenyafala mo tlhoka tumelong, ee, mo sebakeng sa dingwaga di le dintsi, le ditshika tse dintsi morago ga Mesia a tlaa supiwa mo mmeleng go bana ba batho, jaanong botlalo jwa efangele ya ga Mesia bo tlaa tla go Baditšhaba, mme go tswa go Baditšhaba go tla go masalela a peo ya rona—

14 Mme ka letsatsi leo, masalela a peo ya rona a tlaa itse gore ke ba ntlo ya Iseraele, le gore ke batho ba kgolagano ba Morena; mme jaanong foo ba tlaa itse le go tla mo kitsong ya borraabomogologolwane, ga mmogo le mo kitsong ya efangele ya Morekolodi wa bone, e e neng ya rutwa borraabo ke ene; ka jalo he, ba tlaa tla mo kitsong ya Morekolodi wa bone ga mmogo le dintlha tsa thuto ya gagwe, gore ba ka tla ba itse gore ba ka tla jang kwa go ene mme ba bolokwa.

15 Mme a ka letsatsi leo, a ga ba kitla ba itumela mme ba neela pako go Modimo wa bone wa bosakhutleng, lefika la bone le poloko ya bone? Ee, ka letsatsi leo, a ga ba kitla ba amogela nonofo le dikotla go tswa mofineng wa boammaaruri? Ee, a ga ba ne ba tla kwa losakeng lwa boammaaruri lwa Modimo?

16 Bonang ka re go lona, Ee, ba tlaa gakologelwa gape gareng ga ntlo ya Iseraele; ba tlaa lomelelelwa mo teng, e le kala ya tlholego ya setlhare sa motlhware, mo setlhareng sa nnete sa motlhware.

17 Mme se ke se rraarona a neng a se raya; mme o ne a raya gore ga go kitla go diragala go fitlhelela morago ga ba phatlaladiwa ke Baditšhaba; mme o ne a raya gore go tlaa tla ka Baditšhaba, gore Morena a tle a supegetse Baditšhaba thata ya gagwe, ka one mabaka a o tlaa ganwa ke Bajuta, kgotsa ke ntlo ya Iseraele.

18 Ka jalo he, rraarona ga a bua ka peo ya rona fela, mme le ka ntlo yotlhe ya Iseraele, a supa kgolagano e e tlaa diragatswang mo malatsing a bofelo; kgolagano e Morena a e dirileng go rraetsho Aberahame, a re: Mo peong ya gago lotso lotlhe lwa lefatshe lo tlaa segofadiwa.

19 Mme go ne ga diragala gore Nna, Nifae, ke bue thata le bone ka ga dilo tse; ee, ke ne ka bua le bone ka ga tsosoloso ya Bajuta mo malatsing a bofelo.

20 Mme ke ne ka ba tlhalosetsa mafoko a ga Isaia, yo o neng a bua ka ga tsosoloso ya Bajuta, kgotsa ba ntlo ya Iseraele; mme morago ga ba sena go tsosoloswa ba se kitla gape ba tlhakatlhakanngwa, le fa e le go phatlaladiwa gape. Mme go ne ga diragala gore ke ne ka bua mafoko a le mantsi go bakaulengwe ba me, gore ba ne ba digela dipelo mme ba ikokobetsa fa pele ga Morena.

21 Mme go ne ga diragala gore ba bue le nna gape, ba re: Go raya eng selo se se rraarona a se bonyeng mo torong? Go raya eng setlhare se a se bonyeng?

22 Mme ke ne ka ba raya ka re: Se ne se emetse setlhare sa botshelo.

23 Mme ba nthaya ba re: Go raya eng thobane ya tshipi e rrarona a e bonyeng, e e neng e isa kwa setlhareng?

24 Mme ka ba raya gore e ne e le lefoko la Modimo; mme ba ba tlaa obamelang lefoko la Modimo, mme ba itsetsepela ka lone, ga ba kitla ba nyelela; le fa e le dithaelo le metswi e e melelo ya baganetsi ga di kitla di ba fenya go bofofu, go ba isa go sele kwa tshenyegong.

25 Ka jalo he, Nna, Nifae, ke ne ka ba rotloetsa gore ba eletlhoko lefoko la Morena; ee, ke ne ka ba rotloetsa ka botlhaga jotlhe jwa botho jwa me, le ka bokgoni jotlhe jo ke neng ke na le jone gore ba eletlhoko lefoko la Modimo le go gakologelwa go tshegetsa ditaelo tsa gagwe ka nako yotlhe mo dilong tsotlhe.

26 Mme ba ne ba nthaya ba re: Go raya eng molapo wa metsi o rraarona a neng a o bona?

27 Mme ka ba raya gore metsi a ntate a neng a a bona e ne e le makgapha; mme mogopolo wa gagwe o ne o tletse dilo tse dingwe mo a ileng a seka a lemoga makgapha a metsi ao.

28 Mme ka ba raya gore e ne e le seru se se sisimosang, se se neng se kgaoganya baleofi le setlhare sa botshelo, ga mmogo le go tswa mo baitshephing ba Modimo.

29 Mme ke ne ka ba raya gore se ne se emetse molete o o sisimosang oo, o moengele a ntheileng a re o ne o baakanyeditswe baleofi.

30 Mme ke ne ka ba raya gore rraarona o ne a bona gape gore tshiamiso ya Modimo le yone e ne ya kgaoganya baleofi le basiami; mme tshedimogo ya yone e ne e tshwana le tshedimogo ya molelo o o tukang, o o tlhatlogelang go Modimo ka metlha le metlha, e bile o sena phelelo.

31 Mme ba nthaya ba re: A selo se se raya botlhoko le khutsafalo tsa mmele ka malatsi a tekeletso, kgotsa se raya seemo sa bofelo sa botho morago ga loso lwa mmele wa senama, kgotsa se bua ka ga dilo tsa senama?

32 Mme go ne ga diragala gore ke ba reye gore e ne e le boemo jwa dilo mmogo tsa senama le tsa semowa; gonne letsatsi le tlaa tla la gore ba atlholwe ka fa ditirong tsa bone, ee, le ditiro tse di dirilweng ke mmele wa senama mo malatsing a bone a tekeletso.

33 Ka jalo he, fa ba ka swela mo boleong jwa bone, ba tlaa tshwanelwa ke go kgaolwa le bone, fa e le ka ga dilo tsa semowa, tse di amanang le tshiamo; ka jalo he, ba tshwanetse go tlisiwa go ema fa pele ga Modimo, go atlholwa ka fa ditirong tsa bone; mme fa ditiro tsa bone e ne e le tse di makgapha ba tshwanetse go tlhokega go nna makgapha; mme fa ba le makgapha go tshwanetse go tlhokega gore ba seka ba nna mo motseng wa bogosi jwa Modimo; go sa nneng jalo, motse wa bogosi jwa Modimo le one o tshwanetse o nne makgapha.

34 Mme bonang, ka re go lona, motse wa bogosi jwa Modimo ga o makgapha, mme ga go kitla go nna sepe selo se se seng phepa se seka tsenang mo motsing wa bogosi jwa Modimo; ka jalo he go tshwanetse go tlhokega go nne le lefelo la makgapha le baakanyeditswe seo se se makgapha.

35 Mme go na le lefelo le le baakantsweng, ee, le one tota molete o o boitshegang oo o ke buileng ka one, mme diabole ke mmaakanyi wa lone; ka jalo he seemo sa bofelo sa botho jwa batho ke go nna mo motseng wa bogosi jwa Modimo, kgotsa go latlhelwa kwa ntle ka ntlha ya tshiamiso eo e ka yone ke buileng.

36 Ka jalo he, baleofi ba a kganelwa mo baitshephing, mme le mo setlhareng seo sa botshelo, se leungo la sone le leng la botlhokwa e bile le eletsega godimo ga maungo a mangwe otlhe; ee, mme ke mpho e kgolo mo go tsotlhe dimpho tsa Modimo. Mme jalo ka bua le bakaulengwe ba me. Amene.