Scriptures
1 Nifae 7


Kgaolo 7

Barwa Lihae ba boela kwa Jerusalema mme ba laletsa Išemaele le ba ntlo ya gagwe go kopana le bone mo loetong lwa bone—Leimene le ba bangwe baa ingaola—Nifae o rotloetsa bakaulengwe ba gagwe go nna le tumelo mo Moreneng—Ba mo bofa ka dikgole, mme ba rulaganya tshenyo ya gagwe—O gololwa ka thata ya tumelo—Bakaulengwe ba gagwe ba kopa maitshwarelo—Lihae le lekoko la gagwe ba ntsha setlhabelo le dikabelo tse di fisitsweng. E ka nna dingwaga di le 600 go ya go dile 592 pele ga ga Keresete.

1 Mme jaanong ke kare lo ka itse, gore morago ga ntate, Lihae, a sena go dira bokhutlo jwa go porofita ka ga peo ya gagwe, gone ga diragala gore Morena a bue le ene gape, a re gone go sa tshwanela gore ene, Lihae, a tseye lelwapa la gagwe go tsena mo nageng ba le nosi; mme gore barwawe ba tshwanetse go tsaya barwadi go nna basadi, gore ba ka tla ba emeletsa peo go Morena mo lefatsheng la tsholofetso.

2 Mme gone ga diragala gore Morena a mo laele gore nna, Nifae, le bakaulengwe ba me, re tshwanetse gape re boele kwa lefatsheng la Jerusalema, mme re tsise tlase Išemaele le ba lelwapa la gagwe mo nageng.

3 Mme go ne ga diragala gore nna, Nifae, ke ne gape, le bakaulengwe ba me, ra ya pele mo nageng go ya godimo kwa Jerusalema.

4 Mme go ne ga diragala gore re ye godimo kwa ntlong ya ga Išemaele, mme re ne ra bona thatlego mo matlhong a ga Išemaele, mo re neng ra bua le ene mafoko a Morena.

5 Mme go ne ga diragala gore Morena a nolofatse pelo ya ga Išemaele, ga mmogo le ba ntlo ya gagwe, mo e leng gore ba ne ba tsaya loeto lwa bone le rona go ya tlase mo nageng kwa tanteng ya ga ntate.

6 Mme go ne ga diragala gore fa re ntse re tsamaya mo nageng, bonang, Leimene le Lemuele le barwadia Išemaele ba le babedi le barwa Išemaele ba le ba babedi le malwapa a bone, ba ingaola kgatlhanong le rona; ee, kgatlhanong le nna, Nifae, le Seme, le rraabo Išemaele, le mosadi wa gagwe, le barwadie ba bangwe ba bararo.

7 Mme go ne ga diragala mo go yone ingaolo eo, ba ne ba eletsa go boela kwa lefatsheng la Jerusalema.

8 Mme jaanong nna, Nifae, ke utlwisitswe botlhoko ke bothata jwa dipelo tsa bone, jalo he ka bua le bone, ka re, ee, le go Leimene le go Lemuele tota: Bonang le bakaulengwe ba me ba batona, mme go tla jang gore lo nne thata jaana mo dipelong tsa lona, le bofofu jaana mo megopolong ya lona, gore le tlhoka gore nna, morwarraalona yo mmotlana, ke bue le lona, ee, mme ke tswe sekai go lona?

9 Go tla jang gore lo bo lo seka lwa obamela lefoko la Morena?

10 Go tla jang gore lo bo lo lebetse gore lo bonye moengele wa Morena?

11 Ee, mme go tla jang gore lo bo lo lebetse dilo tse dikgolo tse Morena a di re diretseng, mo go re gololeng go tswa mo diatleng tsa ga Labane, le go re re kgone go tsaya pego e e kwadilweng?

12 Ee, mme go tla jang gore lo bo lo lebetse gore Morena o kgona go dira dilo tsotlhe ka fa thatong ya gagwe, go bana ba batho, fa e le gore ba dirisa tumelo mo go ene? Ka jalo he, a re ikanyegeng go ene.

13 Mme fa go ka nna gore re ikanyege mo go ene, re tlaa tsaya lefatshe la tsholofetso; mme lo tlaa itse mo sebakeng sengwe se se tlang gore lefoko la Morena le tlaa diragatswa mabapi le tshenyego ya Jerusalema; gonne dilo tsotlhe tse Morena a di buileng mabapi le tshenyego ya Jerusalema di tshwanetse go diragatswa.

14 Mme bonang, Mowa wa Morena o emisa ka bonako go dira le bone; gonne bonang, ba itatotse baporofiti, mme Jeremia ba mo latlhetse mo kgolegelong. Mme ba lekile go tsaya botshelo jwa ga ntate, mo e leng gore ba mo kgweeditse go tswa mo lefatsheng.

15 Jaanong bonang, ka re go lona gore fa le ka boela kwa Jerusalema le lona lo tlaa nyelela le bone. Mme jaanong, fa le na le go itlhophela, yang kwa lefatsheng, mme lo gakologelwe mafoko a ke a buang go lona, gore fa le tsamaya le lona lo tlaa nyelela; gonne jalo Mowa wa Morena o mpatelela gore ke bue.

16 Mme go ne ga diragala gore fa nna, Nifae, ke sena go bua mafoko a go bakaulengwe ba me, ba ne ba ntenegela. Mme go ne ga diragala gore ba beye diatla tsa bone mo go nna, gonne bonang, ba ne ba gaketse go feta, mme ba ne ba mpofa ka dikgole, gonne ba ne ba batla go tsaya botshelo jwa me, gore ba tle ba ntlogele mo nageng go gaburwa ke dibatana.

17 Mme go ne ga diragala gore ka rapela go Morena, ke re: O Morena, go ya ka fa tumelong ya me e e mo go wena, a o tla nkgolola go tswa diatleng tsa bakaulengwe ba me; ee, le go mpha nonofo gore ke kgakgamolole dikgole tse ka tsone ke bofilweng.

18 Mme go ne ga diragala gore fa ke sena go bua mafoko a, bonang, dikgole di ne tsa bofologa go tswa mo diatleng tsa me le dinao, mme ka ema fa pele ga bakaulengwe ba me, mme ka bua le bone gape.

19 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba ntšhakgaletse gape, mme ba leka go baya diatla mo go nna; mme bonang, mongwe wa barwadia Išemaele, ee, ga mmogo le mmaagwe, le mongwe wa barwa Išemaele, ba bua le bakaulengwe ba me, mo ba neng ba nolofatsa dipelo tsa bone; mme ba emisa go leka go tsaya botshelo jwa me.

20 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba hutsafetse, ka ntlha ya boleo jwa bone, mo ba neng ba obama fa pele ga me, mme ba nkopa gore ke ba itswharele mo selong se ba neng ba se dirile kgatlhanong le nna.

21 Mme go ne ga diragala gore ke ba itshwarele ka nnete tsotlhe tse ba di dirileng, mme ke ne ka ba rotloetsa gore ba rapele go Morena Modimo wa bone go kopa maitshwarelo. Mme go ne ga diragala gore ba dire jalo. Mme morago ga ba sena go dira go rapela go Morena re ne gape ra tsamaya mo loetong la rona go ya ntlheng ya tante ya ga ntate.

22 Mme go ne ga diragala gore re tle tlase kwa tanteng ya ga ntate. Mme morago ga nna le bakaulengwe ba me le ba ntlo ya ga Išemaele botlhe re sena go tla tlase fa tanteng ya ga ntate, ba ne ba naya ditebogo go Morena Modimo wa bone; mme ba mo ntshetsa ditlhabelo le dikabelo tse di fisitsweng.