Scriptures
1 Nifae 11


Kgaolo 11

Nifae o bona Mowa wa Morena mme o bontshiwa mo ponong setlhare sa botshelo—O bona mmaagwe Morwa Modimo mme o ithuta ka ga boingotlo jwa Modimo—O bona kolobetso, tirelo, le papolo ya Kwanyana ya Modimo—O bona gape pitso le tirelo ya baaposetole ba ba lesome le metso e mebedi ba Kwanyana. E ka nna dingwaga di le 600 go ya go di le 592 pele ga ga Keresete.

1 Gonne go ne ga diragala morago ga ke sena go eletsa go itse dilo tse ntate a neng a di bonye, mme ke dumela gore Morena o ne a ka kgona go di dira gore di itsege go nna, fa ke ntse fatshe ke akanya ka kelelelo mo pelong ya me, ke ne ka tseelwa ke Mowa wa Morena, ee, kwa thabeng e e kwa godimo mo go feteletseng, e ke neng ke ise ke e bone pele, mme e mo go yone ke neng ke ise pele ke beye lenao la me.

2 Mme Mowa wa re go nna: Bona, o eletsa eng?

3 Mme ka re: Ke eletsa go bona dilo tse ntate a di bonyeng.

4 Mme Mowa wa re go nna: A o dumela gore rrago o bonye setlhare se a buileng ka ga sone?

5 Mme ka re: Ee, o itse gore ke dumela mafoko otlhe a ga ntate.

6 Mme fa ke sena go bua mafoko a, Mowa o ne wa goa ka lentswe le le kwa godimo, wa re: Hosana go Morena, Modimo o o kwa godimodimo; gonne ke Modimo godimo ga lefatshe lotlhe, ee, le godimo ga tsotlhe. Mme go segofaditswe wena, Nifae, gonne o dumela mo go Morwa Modimo yo o kwa godimodimo; ka jalo he, o tlaa bona dilo tse o di eleditseng.

7 Mme bona selo se se tlaa newa go wena go nna sesupo, gore morago ga o bona setlhare se se ungwileng leungo le rrago a le utlwileng, o tlaa bona gape monna a fologa a tswa mo legodimong, mme ene o tlaa mmona; mme morago ga o sena go mmona o tlaa naya bosupi gore ke Morwa Modimo.

8 Mme go ne ga diragala gore Mowa wa re go nna: Leba! Mme ka leba mme ka bona setlhare; mme se ne se tshwana le setlhare se ntate a neng a se bone; mme bontle jwa sone bo ne bo gaisa, ee, bo feta bontle jotlhe; mme bosweu jwa sone bo ne bo feta bosweu jwa kapoko e e gopilweng.

9 Mme go ne ga diragala gore morago ga ke sena go bona setlhare, ka re go Mowa: Ke bona gore o mpontshitse setlhare se se botlhokwa godimo ga tsotlhe.

10 Mme a re go nna: O eletsa eng?

11 Mme ka re go ene: Go itse tlhaloso ya sone—gonne ke ne ka bua nae jaaka monna a bua; gonne ke ne ke bona gore o ne a le mo setshwanong sa monna; mme le fa go ntse jalo, ke ne ke itse gore e ne e le Mowa wa Morena; mme o ne a bua le nna jaaka monna a bua le yo mongwe.

12 Mme go ne ga diragala gore o ne a re go nna: Leba! Mme ka leba jaaka e kete ke leba mo go ene, mme ka seka ka mmona; gonne o ne a tsamaile go tswa fa pele ga me.

13 Mme go ne ga diragala gore ke lebe, mme ka bona motse o mogolo wa Jerusalema, ga mmogo le metse e mengwe. Mme ka bona motse wa Nasaretha; mme mo motseng wa Nasaretha, ke ne ka bona kgarejwana; mme a le montle e bile a tlhatswegile mo go feteletseng.

14 Mme go ne ga diragala gore ke bone magodimo a bulega; mme moengele a fologa a tla go ema fa pele ga me; mme a re go nna: Nifae, o bonang?

15 Mme ka re go ene: Lekgarejwana, le lentle thata le boswaana godimo go makgarejwane a mangwe otlhe.

16 Mme a re go nna: A o itse boingotlo jwa Modimo?

17 Mme ka re go ene: Ke itse gore o rata bana ba gagwe; le fa go ntse jalo, ga ke itse tlhaloso ya dilo tsotlhe.

18 Mme a re go nna: Bona, lekgarejwana le o le bonang ke mmaagwe Morwa Modimo, morago ga mokgwa wa nama.

19 Mme go ne ga diragala gore ke bone gore o ne a tserwe mo Moweng; mme morago ga a sena go tsewa mo Moweng sebaka sa nako, moengele a bua le nna, a re: Leba!

20 Mme ka leba mme ka bona lekgarejwana gape, le tshotse ngwana mo matsogong a lone.

21 Mme moengele a re go nna: Bona Kwanyana ya Modimo, ee, le tota Morwa Rara wa Bosakhutleng! A o itse tlhaloso ya setlhare se rrago a neng a se bona?

22 Mme ka mo araba, ka re: Ee, ke lorato la Modimo, lo lo itshololelang kwa ntle mo dipelong tsa bana ba batho; ka jalo he, ke lo lo eletsegang godimo ga dilo tsotlhe.

23 Mme o ne a bua le nna, a re: Ee, mme lo lo itumedisang thata mo bothong.

24 Mme morago ga a sena go bua mafoko a, o ne a re go nna: Leba! Mme ka leba, mme ka bona Morwa Modimo a tsamaya gareng ga bana ba batho; mme ka bona bontsi bo wela fa dinaong tsa gagwe bo mo obamela.

25 Mme go ne ga diragala gore ke bone gore thobane ya tshipi, e ntate a neng a e bonye, e ne e le lefoko la Modimo, le le isang kwa motsweding wa metsi a a tshelang, kgotsa kwa setlhareng sa botshelo; metsi a a neng a emetse lorato lwa Modimo; mme ke ne ka bona gape gore setlhare sa botshelo se ne se emetse lorato lwa Modimo.

26 Mme moengele a re go nna gape: Leba mme o bone boingotlo jwa Modimo!

27 Mme ka leba mme ka bona Morekolodi wa lefatshe, yo ntate a neng a buile ka ga gagwe; mme ke ne gape ka bona moporofiti yo o tlaa baakanyang tsela fa pele ga gagwe. Mme Kwanyana ya Modimo ya ya pele mme ya kolobediwa ke ene; mme fa a sena go kolobediwa, ke ne ka bona magodimo a bulega, mme Mowa o o Boitshepho o fologa go tswa mo legodimong mme o nna mo go ene mo sebopegong sa lephoi.

28 Mme ke ne ka bona gore o ne a ya pele a direla go batho, ka thata le kgalalelo e kgolo; mme matshwititshwiti a ne a phuthegile mmogo go mo utlwa; mme ke ne ka bona gore ba ne ba mo ntshetsa kwa ntle go tswa gareng ga bone.

29 Mme ke ne ka bona gape ba le lesome le metso e mebedi ba bangwe ba mo setse morago. Mme go ne ga diragala gore ba tsewe mo Moweng go tswa fa pele ga sefatlhogo sa me, mme ka seka ka ba bona.

30 Mme go ne ga diragala gore moengele a bue le nna gape, a re: Leba! Mme ka leba, mme ka bona magodimo a bulega gape, mme ka bona baengele ba fologela mo baneng ba batho; mme ba ne ba direla go bone.

31 Mme o ne a bua le nna gape, a re: Leba! Mme ka leba, mme ka bona Kwanyana ya Modimo e tsamaya gareng ga bana ba batho. Mme ke ne ka bona matshwititshwiti a batho ba ba neng ba lwala, le ba ba neng ba bogisiwa ke malwetse a mefuta e e farologanyeng, le ba ba nang le bodiabole le mewa e e maswe; mme moengele o ne a bua mme a mpontsha dilo tse tsotlhe. Mme ba ne ba fodisiwa ka thata ya Kwanyana ya Modimo; mme bodiabole le mewa e e maswe di ne tsa kgophelwa kwa ntle.

32 Mme go ne ga diragala gore moengele a bue le nna gape, a re: Leba! Mme ka leba mme ka bona Kwanyana ya Modimo, gore o ne a tsewa ke batho; ee, Morwa Modimo o o senang bokhutlo o ne a atlholwa ke lefatshe; mme ka bona e bile ke naya bosupi.

33 Mme nna, Nifae, ka bona gore o ne a tsholelediwa mo sefapaanong mme a bolaelwa dibe tsa lefatshe.

34 Mme morago ga a sena go bolaiwa ka bona matshwititshwiti a lefatshe, gore ba ne ba kgobokane mmogo go lwa kgatlhonong le baaposetole ba Kwanyana; gonne jalo ba ba lesome le bobedi ba ne ba bidiwa ke moengele wa Morena.

35 Mme matshwititshwiti a lefatshe a ne a kgobokanye mmogo; mme ka bona gape gore ba ne ba le mo kagong e kgolo e e bulegileng, e e tshwanang le kago e ntate a neng a e bona. Mme moengele wa Morena a bua le nna gape, a re: Bona lefatshe le tlhalefo ya lone; ee, bona ntlo ya Iseraele e kgobokane mmogo go tla go lwa kgatlhanong le baaposetole ba ba lesome le metso e mebedi ba Kwanyana.

36 Mme go ne ga diragala gore ka bona le go naya bosupi, gore kago e kgolo e e bulegileng e ne e le boikgogomoso jwa lefatshe; mme e ne ya wa, mme go wa ga yone e ne e le mo gogolo mo go feteletseng. Mme moengele wa Morena a bua le nna, gape, a re: Jalo e tlaa nna tshenyego ya ditšhaba tsotlhe, lotso, diteme, le batho, ba ba tlaa lwang kgatlhanong le baaposetole ba ba lesome le metso e mebedi ba Kwanyana.