Scriptures
1 Nifae 14


Kgaolo 14

Moengele o bolelela Nifae ka ga ditshegofatso le dikhutso tse di tlaa welang Baditšhaba—Go na le dikereke di le pedi fela: Kereke ya Kwanyana ya Modimo le kereke ya ga diabole—Baitshephi ba Modimo mo ditšhabeng tsotlhe ba bogisiwa ke kereke e kgolo e e bodiabole—Moaposetole Johane o tlaa kwala ka ga bokhutlo jwa lefatshe. E ka nna dingwaga di le 600 go ya go di le 592 pele ga ga Keresete.

1 Mme go tlaa diragala, gore fa Baditšhaba ba ka obamela Kwanyana ya Modimo ka letsatsi leo le a tlaa ba itshupegetsang ka lefoko, gape le ka thata, mo tirong tota, mo go ntsheng dikgoreletsi tsa bone—

2 Mme ba seka ba thatafatsa dipelo tsa bone kgatlhanong le Kwanyana ya Modimo, ba tlaa balelwa gareng ga peo ya ga rrago; ee, ba tlaa balelwa gareng ga ntlo ya Iseraele; mme ba tlaa nna batho ba ba segofaditsweng mo lefatsheng la tsholofetso ka metlha; ga ba kitla ba tlisiwa tlase gape mo botshwarong; mme ntlo ya Iseraele ga e kitla e tlhakatlhakanngwa.

3 Mme lehuti le legolo, leo le ba le epetsweng ke kereke e kgolo e e bodiabole eo, e e neng ya simololwa ke diabole le bana ba gagwe, gore a tle a gogele botho jwa batho tlase kwa moleteng—ee, lone lehuti leo le le neng la epelwa go senngwa ga batho le tlaa tladiwa ke ba ba le epileng, go tshenyego gotlhelele ya bone, go bua Kwanyana ya Modimo; e seng tshenyego ya botho, fa e se tatlhelo ya jone mo moleteng o o senang bokhutlo.

4 Gonne bona, se ke ka fa botshwarong jwa ga diabole, gape le ka fa tshiamisong ya Modimo go botlhe ba ba tlaa dirang boleo le bodiabole fa pele ga gagwe.

5 Mme go ne ga diragala gore moengele a bue le nna, Nifae, a re: O bonye gore fa Baditšhaba ba ka ikotlhaya go tlaa siama ka bone; gape o itse ka ga dikgolagano tsa Morena go ntlo ya Iseraele; mme gape o utlule gore yo o tlaa sekeng a ikotlhaya o tlaa nyelela.

6 Jalo he, a khutsafalo e nne go Baditšhaba fa ba ka thatafatsa dipelo tsa bone kgatlhanong le Kwanyana ya Modimo.

7 Gonne nako e a tla, go bua Kwanyana ya Modimo, e ke tlaa dirang tiro e kgolo e e gakgamatsang mo baneng ba batho; tiro e e tlaa bong e sena bokhutlo mo ntlheng e nngwe kgotsa mo go e nngwe—e ka nna go ba kgona ka puo go kagiso le botshelo jo bosakhutleng, kgotsa go ba isa mo thatafalong ya dipelo tsa bone le mo bofofung jwa megopolo ya bone go tlisiweng ga bone tlase mo botshwarong, ga mmogo le mo tshenyegong, mmogo mo senameng le mo semoweng, go ya ka botshwaro jwa ga diabole, jo ke bo buileng.

8 Mme go ne ga diragala gore fa moengele a sena go bua mafoko a, a nthaya a re: A o gakologelwa dikgolagano tsa ga Rara le ntlo ya Iseraele? Ka mo raya ka re, Ee.

9 Mme go ne ga diragala gore a ntheye a re: Leba, mme o bone kereke e kgolo e e bodiabole e le, e e leng yone mmaagwe bodiabole, e mosimolodi wa yone e leng diabole.

10 Mme a nthaya a re: Bona go dikereke di le pedi fela; nngwe ke kereke ya Kwanyana ya Modimo, mme e nngwe ke kereke ya ga diabole; ka jalo he, yo o seng wa kereke ya Kwanyana ya Modimo ke wa kereke e kgolo eo, e e leng mmabodiabole; mme ke seaka sa lefatshe lotlhe.

11 Mme go ne ga diragala gore ke lebe mme ke bone seaka sa lefatshe lotlhe, mme o ne a ntse fa godimo ga boidiidi jwa metsi; mme o ne a na le taolo le thata mo godimo ga lefatshe lotlhe, gareng ga ditšhaba tsotlhe, lotso, diteme, le batho.

12 Mme go ne ga diragala gore ke bone kereke ya Kwanyana ya Modimo, mme dipalo tsa yone di ne di se kae, ka ntlha ya boleo le bodiabole jwa seaka se se neng se ntse fa godimo ga boidiidi jwa metsi; le fa go ntse jalo, ke ne ka bona gore kereke ya Kwanyana, ba e neng e le baitshephi ba Modimo, le bone ba ne ba le mo sefatlhogong sa lefatshe lotlhe; mme dithata le ditaolo tsa bone godimo ga sefatlhogo sa lefatshe di ne di le dipotlana, ka ntlha ya boleo jwa seaka se segolo se ke se bonyeng.

13 Mme go ne ga diragala gore ke bone mma-bodiabole yo mogolo a kgobokantse mmogo matshwititshwiti mo sefatlhogong sa lefatshe lotlhe, gareng ga ditšhaba tsotlhe tsa Baditšhaba, go lwa kgatlhanong le Kwanyana ya Modimo.

14 Mme go ne ga diragala gore Nna, Nifae, ke bone thata ya Kwanyana ya Modimo, gore e ne ya fologela mo godimo ga baitshephi ba kereke ya Kwanyana, le mo godimo ga batho ba kgolagano ba Morena, ba ba neng ba gasame mo sefatlhogong sotlhe sa lefatshe; mme ba ne ba ipapanne ka tshiamo le ka thata ya Modimo mo kgalalelong e kgolo.

15 Mme go ne ga diragala gore ke bone gore kgalefo ya Modimo e ne e tshetswe mo godimo ga kereke e kgolo e e bodiabole, mo e leng gore go ne go le dintwa le menahune ya dintwa mo ditšhabeng le lotso lotlhe la lefatshe.

16 Mme fa go simolola go nna dintwa le menahune ya dintwa gareng ga ditšhaba tsotlhe tse e neng e le tsa mmaagwe bodiabole, moengele o ne a bua le nna, a re: Bona, kgalefo ya Modimo e mo go mma-diaka; mme bona, o bona dilo tse tsotlhe—

17 Mme fa letsatsi le tla la gore kgalefo ya Modimo e tshelwe godimo ga mma-diaka, yo e leng kereke e kgolo e e bodiabole go gaisa dikereke tsotlhe tsa lefatshe, e mosimolodi wa yone e leng diabole, jaanong foo, ka letsatsi leo, tiro ya ga Rara e tlaa simologa, mo go baakanyetseng tsela ya tiragatso ya dikgolagano tsa gagwe, tse a di dirileng go batho ba gagwe ba e leng ba ntlo ya Iseraele.

18 Mme go ne ga diragala gore moengele a bue le nna, a re: Leba!

19 Mme ke ne ka leba mme ka bona monna, mme o ne a apere purapura e tshweu.

20 Mme moengele a nthaya a re: Bona mongwe wa baaposetole ba ba lesome le bobedi ba Kwanyana.

21 Bona, o tlaa bona mme a kwale masalela a dilo tse; ee, ga mmogo le dilo tse dintsi tse di kileng tsa nna teng.

22 Mme gape o tlaa kwala ka ga bokhutlo jwa lefatshe.

23 Ka jalo he, dilo tse a tlaa di kwalang di tshiamo le tlhamalalo mme e bile ke boammaaruri; mme bona di kwadilwe mo bukeng e o e bonyeng e tswa mo molomong wa Mojuta; mme ka nako e di duleng mo molomong wa Mojuta, kgotsa, ka nako e buka e duleng mo molomong wa Mojuta, dilo tse di neng di kwadilwe di ne di le motlhofo e bile di le phepa, mme di le botlhokwa go gaisa e bile di le motlhofo go tlhaloganngwa ke batho botlhe.

24 Mme bona, dilo tse moaposetole yo wa Kwanyana a tlaa di kwalang ke dilo tse dintsi tse o di bonyeng; mme bona, tse di setseng o tlaa di bona.

25 Mme dilo tse o tlaa di bonang go tswa fa o seka wa di kwala; gonne Morena Modimo o tlhomile moaposetole wa Kwanyana ya Modimo gore o tshwanetse a di kwale.

26 Mme gape ba bangwe ba ba nnileng teng mo go bone o supile dilo tsotlhe, mme ba di kwadile; mme tsa kanelwa go tla pele ka boitsheko jwa tsone, go ya ka boammaaruri jo bo leng mo Kwanyaneng, ka nako e e ipeetsweng ke Morena, go ntlong ya Iseraele.

27 Mme nna, Nifae, ke utlwile e bile ke naya bosupi gore leina la moaposetole wa Kwanyana e ne e le Johane, ka fa lefokong la moengele.

28 Mme bona, nna, Nifae, ke iditswe gore ke ka kwala masalela a dilo tse ke di bonyeng le go di utlwa; ka jalo he, dilo tse ke di kwadileng di ntekane; mme ke kwadile fela karolo e nnye ya dilo tse ke di bonyeng.

29 Mme ke naya bosupi gore ke bonye dilo tse ntate a di bonyeng, le gore moengele wa Morena o ne a di itsise go nna.

30 Mme jaanong ke dira bokhutlo jwa go bua ka ga dilo tse ke di bonyeng fa ke tserwe ke mowa; mme fa dilo tsotlhe tse ke di bonyeng di sa kwalwa, dilo tse ke di kwadileng ke boammaaruri. Mme go ntse jalo. Amene.