Scriptures
1 Nifae 5


Kgaolo 5

Saraya o ngongorega kgatlhanong le Lihae—Boobabedi ba itumetse ka go boa ga barwa ba bone—Ba ntsha ditlhabelo—Dipapetlana tsa borase di na le mekwalo ya ga Moše le baporofiti—Dipapetlana di supa Lihae e le kokomana ya ga Josefe—Lihae o porofita ka ga peo ya gagwe le tshomarelo ya dipapetlana. E ka nna dingwaga di le 600 go ya go di le 592 pele ga ga Keresete.

1 Mme go ne ga diragala gore fa re sena go tla kwa tlase mo nageng go rraarona, bonang, o ne a tlala boitumelo, ga mmogo le mme, Saraeya, o ne a itumetse mo go feteletseng, gonne ka boammarauri o ne a hutsafetse ka ntlha ya rona.

2 Ka gonne o ne a gopotse gore re nyeletse mo nageng; mme o ne gape a setse a ngongoregile kgatlhanong le ntate, a mmolelela gore ke monna wa dipontsho; a re: Bona wena o re ntshitse kwa lefatsheng la boswa jwa rona, mme barwaaka ga ba sa tlhole ba le teng, mme re nyelela mo nageng.

3 Mme morago ga puo e e ntseng jaana, mme o ne a ngongoregile kgatlhanong le ntate.

4 Mme go ne go diragetse gore ntate a bue go ene, a re: Ke itse gore ke monna wa dipontsho; gonne fa ke ne ke sa bona dilo tsa Modimo mo ponong ke ka bo ke seka ka itse bomolemo jwa Modimo, mme ka leta kwa Jerusalema, mme ka nyelela le bakaulengwe ba me.

5 Mme bona, ke amogetse lefatshe la tsholofetso, mo dilong tse ke ipelang; ee, mme ke itse gore Morena o tlaa golola barwaaka go tswa diatleng tsa ga Labane, le go ba tlisa tlase gape go rona mo nageng.

6 Mme go ya ka puo e e ntseng jaana, ntate, Lihae, a gomotsa mme, Saraeya, mabapi le rona, fa re ne re tsere loeto mo nageng go ya godimo kwa lefatsheng la Jerusalema, go tsaya pego e e kwadilweng ya Bajuta.

7 Mme fa re sena go boela kwa tanteng ya ga ntate, bonang boitumelo jwa bone bo ne bo tletse, e bile mme o ne a gomotsega.

8 Mme a bua, a re: Jaanong ke itse ka nnete gore Morena o laetse monna wa me go tshabela mo nageng; ee, mme gape ke itse ka nnete gore Morena o sireleditse barwaaka, mme a ba golola go tswa mo diatleng tsa ga Labane, mme a ba fa thata e ka yone ba ka kgonang selo se Morena a neng a se ba laetse. Mme Morago ga puo e e ntseng jaana e o ne a bua.

9 Mme go ne ga diragala gore ba itumele mo go feteletseng, mme ba ntsha setlhabelo le dikabelo tse di fisitsweng go Morena; mme ba naya ditebogo go Modimo wa Iseraele.

10 Mme morago ga ba sena go fa ditebogo go Modimo wa Iseraele, ntate, Lihae, a tsaya dipego tse di kwadilweng tse di neng di gabilwe mo dipapetlaneng tsa borase, mme a di sekaseka go tswa kwa tshimologong.

11 Mme o ne a bona gore di ne di na le dibuka tse tlhano tsa ga Moše, tse di neng di naya pego ka ga tlholego ya lefatshe, ga mmogo le ya ga Atame le Efa, ba e neng e le batsadi ba rona ba ntlha;

12 Ga mmogo le pego e e kwadilweng ya Bajuta go tswa kwa tshimologong, le go ya tlase tota kwa tshimologong ya puso ya ga Setekia, kgosi ya Juta;

13 Ga mmogo le diporofito tsa baporofiti ba ba boitshepho, go tswa kwa tshimologong, le go ya tlase tota kwa tshimologong ya puso ya ga Setekia; ga mmogo le diporofito di le dintsi tse di builweng ka molomo wa ga Jeremia.

14 Mme go ne ga diragala gore ntate, Lihae, gape a fitlhela mo dipapetlaneng tsa borase losika lwa borraagwe; ka jalo he a itse gore ke kokomana ya ga Josefe; ee, le ene tota Josefe, yo e neng e le morwa Jakobe yo o neng a rekisiwa mo Egepeto, a ba a babalelwa ka seatla sa Morena, gore o ka tla a babalela rraagwe, Jakobe, le botlhe ba ntlo ya gagwe mo go nyeleleng ka tlala.

15 Mme ba ne gape ba etelelwa go tswa mo botshwarong le go tswa mo lefatsheng la Egepeto, ke ene Modimo yoo yo o neng a ba babalela.

16 Mme jalo ntate, Lihae, o ne a lemoga losika lwa borraagwe. Le Labane gape e ne e le kokomana ya ga Josefe, ka jalo he ene le borraagwe ba ne ba tshegetsa dipego tse di kwadilweng.

17 Mme jaanong fa ntate a bona dilo tse tsotlhe, o ne a tladiwa ka Mowa, mme a simolola go porofita ka ga peo ya gagwe—

18 Gore dipapetlana tse tsa borase di tlaa tsamaya pele go ditšhaba tsotlhe, lotso, diteme, le batho ba e neng e le ba peo ya gagwe.

19 Ka jalo he, one a re dipapetlana tse tsa borase di seka tsa nyelela ka gope; le e seng gore di ka fifadiwa gape ke nako. Mme o ne a porofita dilo di le dintsi mabapi le peo ya gagwe.

20 Mme go ne ga diragala gore go fitlha fa, nna le ntate re ne re tshegeditse ditaelo tse ka tsone Morena a neng a re laetse.

21 Mme re ne re tsere dipego tse di kwadilweng tse Morena a neng a di re laetse, mme ra di sekaseka mme ra fitlhela gore di ne di eletsega; ee, le tota tsa botlhokwa jo bogolo mo go rona, ka jaana re ne re ka somarela ditaelo tsa Morena go bana ba rona.

22 Ka jalo he, e ne e le tlhalefo mo Moreneng gore re di tshole le rona, fa re ne re tsamaya mo nageng go ya kwa lefatsheng la tsholofetso.