Scriptures
1 Nifae 17


Kgaolo 17

Nifae o laelwa go aga sekepe—Bakaulengwe ba gagwe ba a mo ganetsa—O ba rotloetsa ka go ba balololela ditso tsa ditirisanyo tsa Modimo le Iseraele—Nifae o tletse thata ya Modimo—Bakaulengwe ba gagwe ba idiwa go mo kgoma, e se re kgotsa ba swaba jaaka letlhaka le le omeletseng. E ka nna dingwaga di le 592 go ya go di le 591 pele ga ga Keresete.

1 Mme go ne ga diragala gore re ne gape ra tsaya loeto lwa rona mo nageng; mme ra tsamaela ntlheng ya botlhaba go tsweng nako eo go ya pele. Mme re ne ra tsamaya mme ra ralala dipogisego tse dintsi mo nageng; mme basadi ba rona ba tsholela bana mo nageng.

2 Mme go ne go le gogolo masego a Morena mo go rona, gore fa re ne re tshela ka nama e e tala mo nageng, basadi ba rona ba ne ba sisetsa thata bana ba bone, mme ba ne ba nonofile, ee, le tota jaaka banna; mme ba ne ba simolola go tsaya maeto a bone kwa ntle ga go ngunanguna.

3 Mme jalo re bona gore ditaelo tsa Modimo di tshwanetse go diragadiwa. Mme fa go ka direga gore bana ba batho ba tshegetse ditaelo tsa Modimo, o a ba otla, le go ba nonotsha, le go ba fa tsela e ka yone ba ka kgonang selo se a se ba laetseng; ka jalo he, o ne a re fa tsela ya go kgona fa re ne re nna ka nakonyana mo nageng.

4 Mme re ne ra nna ka nakonyana sebaka sa dingwaga tse dintsi, ee, le tota dingwaga tse boroba bobedi mo nageng.

5 Mme re ne ra tla kwa lefatsheng le re neng ra le bitsa Letlepu, ka ntlha ya bontsi jwa maungo le gape mamepe a naga a lone; mme dilo tse tsotlhe di ne di baakantswe ke Morena gore re seka ra nyelela. Mme re ne ra bona lewatle, le re neng ra le bitsa Irienthamo, yo, ka tlhaloso a rayang boidiidi jwa metsi.

6 Mme go ne ga diragala gore re tlhome ditante tsa rona go bapa le letshitshi la lewatle; mme go sa kgathalesege re ne re sotlegile dipogisego tse dintsi le bothata jo bontsi, ee, mo e leng gore ga re kake ra di kwala tsotlhe, re ne re itumetse thata fa re tla fa letshitshing la lewatle; mme re ne ra bitsa leina la lefelo Letlepu, ka ntlha ya maungo a lone a mantsi.

7 Mme go ne ga diragala gore, morago ga nna, Nifae, ke sena go nna mo lefatsheng la Letlepu sebaka sa malatsi a le mantsi, lentswe la Morena la tla go nna, le re: Ema, mme o ikise mo thabeng. Mme go ne ga diragala gore ke eme mme ke ye kwa thabeng, mme ka goa go Morena.

8 Mme go ne ga diragala gore Morena a bue le nna, a re: O tlaa aga sekepe, ka fa mokgweng o ke tlaa o go bontshang, gore ke tle ke tseye batho ba gago go kgabaganya metsi a.

9 Mme ke ne ka re: Morena, ke ye kae gore ke tle ke bone borale, jo ke tlaa bo nyerisang, gore ke tle ke dire didirisiwa tsa go aga sekepe morago ga mokgwa o o bontshitseng go nna?

10 Mme go ne ga diragala gore Morena a mpolelele kwa ke tshwanetseng go ya teng go bona borale, gore ke tle ke dire didirisiwa.

11 Mme go ne ga diragala gore nna, Nifae, ke dire meuba e ka yone ke tlaa futswelang molelo, ya matlalo a diphologolo; mme fa ke sena go dira meuba gore ke nne le se ke ka futswelang ka sone molelo, ke ne ka itaanya matlapa a le mabedi gore ke dire molelo.

12 Gonne Morena o ne go fitlha jaanong a sa letla gore re ka dira molelo o montsi, fa re ntse re tsamaya mo nageng; gonne o ne a re: Ke tlaa dira dijo tsa lona gore di nne botshe, gore lo se di apeye;

13 Mme gape ke tlaa nna lesedi la lona mo nageng; mme ke tlaa baakanya tsela fa pele ga lona, fa go ka nna gore lo tshegetse ditaelo tsa me; ka jalo he, go lekana le jaaka lo tlaa tshegetsa ditaelo tsa me lo tlaa etelelwa pele go ya kwa lefatsheng la tsholofetso; mme lo tlaa itse gore ke nna ke lo eteletseng pele.

14 Ee, mme Morena o ne a re gape gore: Morago ga lo sena go goroga mo lefatsheng la tsholofetso, lo tlaa itse gore, nna, Morena, ke Modimo; le gore, nna, Morena, ke lo golotse mo tshenyegong; ee, gore ke lo tlisitse go tswa mo lefatsheng la Jerusalema.

15 Ka jalo he, nna, Nifae, ke ne ka leka thata go tshegetsa ditaelo tsa Morena, mme ke ne ka rotloetsa bakaulengwe ba me go boikanyego le tlhoafalo.

16 Mme go ne ga diragala gore ke dire didirisiwa tsa borale jo ke neng ka bo nyerisa go tswa mo letlapeng.

17 Mme fa bakaulengwe ba me ba bona gore ke ne ke le gaufi le go aga sekepe, ba ne ba simolola go ngunanguna kgatlhanong le nna, ba re: Morwarraarona ke sematla, gonne o akanya gore o ka aga sekepe; ee, mme gape o akanya gore o ka tlola boidiidi jo jwa metsi.

18 Mme jalo bakaulengwe ba me ba ngongorega ka nna, mme ba eletsa gore ba seka ba dira, ka ba ne ba sa dumele gore ke ka aga sekepe; le e seng gore ba dumele gore ke ne ke laetswe ke Morena.

19 Mme jaanong go ne ga diragala gore, nna, Nifae, ke ne ke hutsafetse mo go feteletseng ka ntlha ya bothata jwa dipelo tsa bone; mme jaanong fa ba sena go bona gore ke simolola go hutsafala ba ne ba itumetse mo dipelong tsa bone, mo e leng gore ba ne ba ipela mo godimo ga me, ba re: Rona re itsile gore ga o kake wa aga sekepe, gonne re itsile gore o ne o tlhaela mo tshekatshekong; ka jalo he, ga o kake wa fetsa tiro e kgolo jaana.

20 Mme wena o tshwana jaaka rraarona, yo o isitsweng go sele ke bomatla jwa megopolo ya pelo ya gagwe; ee, o re ntshitse mo lefatsheng la Jerusalema, mme re kaitse mo nageng dingwaga tse dintsi tse; mme basadi ba rona ba dirile thata ka bokete, ba goletswe ka bana; mme ba tsholela bana mo nageng le go boga dilo tsotlhe, fa e se loso; mme go ka ne go nnele botoka gore ba ne ba sule pele ga ba tswa mo Jerusalema go na le go tla go sotlega dipogisego tse.

21 Bonang, dingwaga tse dintsi tse re sotlegile mo nageng, nako e re ka bong re jele monate dithotho tsa rona le lefatshe la boswa jwa rona; ee, mme re ka tswa gongwe re ne re itumetse.

22 Mme re itse gore batho ba ba neng ba le mo lefatsheng la Jerusalema e ne e le batho ba ba siameng; ka ba ne ba tshegetsa ditao le dikatlholo tsa Morena, le ditaelo tsa gagwe tsotlhe, go ya ka fa molaong wa ga Moše; ka jalo he, re itse gore ke batho ba ba siameng; mme rraarona o ba atlhotse, mme a re ntsha koo ka gonne re ne re obamela mafoko a gagwe; ee, mme morwarraarona o tshwana le ene. Mme morago ga go bua ka mokgwa o wa puo, bakaulengwe ba me ba ne ba ngunanguna e bile ba ngongorega kgatlhanong le rona.

23 Mme go ne ga diragala gore, nna, Nifae, ke bue le bone, ke re: A lo dumela gore borraetsho, ba e neng e le bana ba Iseraele, ba ne ba ka bo ba ntshitswe mo diatleng tsa Baegepeto fa ba ne ba sa reetsa mafoko a Morena?

24 Ee, a lo itlhoma gore ba ka bo ba ntshitswe mo bokgobeng, fa Morena a ne a seka a laela Moše gore a ba etelele pele go tswa mo bokgobeng?

25 Jaanong lo itse gore bana ba Iseraele ba ne ba le mo bokgobeng; e bile lo itse gore ba ne ba rwele ditiro, tse di neng di le botlhoko go rwalwa; ka jalo he, lo itse gore go tshwanetse go tlhokega e ne e le selo se se molemo go bone gore ba ntshiwe mo bokgobeng.

26 Jaanong lo itse gore Moše o ne a laetswe ke Morena gore a dire tiro e kgolo eo; mme lo itse gore ka lefoko la gagwe metsi a Lewatle le Lehibidu a ne a kgaoganela kafa le kafa, mme ba feta fa gare mo lefatsheng le le omeletseng.

27 Mme lo itse gore Baegepeto ba ne ba betwa mo Lewatleng le Lehibidu, ba e neng e le mephato ya masole a ga Faro.

28 Mme lo itse gape gore ba ne ba fiwa e le dijo mana mo nageng.

29 Ee, mme gape lo itse gore Moše, ka lefoko la gagwe ka fa thateng ya Modimo e e neng e le mo go ene, o ne a itaya lentswe, mme ga tswa metsi, gore bana ba Iseraele ba itimole lenyora.

30 Mme le go sa kgathalesege gore ba ne ba eteletswe pele, Morena Modimo wa bone, Morekolodi wa bone, a tsamaya kwa pele ga bone, a ba etelela motshegare mme a ba fa lesedi bosigo, a ba direla dilo tsotlhe tse di neng di tlhokafala gore motho a di amogele, ba ne ba thatafatsa pelo tsa bone mme ba foufatsa ditlhaloganyo tsa bone mme ba kgoba kgatlhanong le Moše le kgatlhanong le Modimo wa boammaaruri yo o tshelang.

31 Mme go ne ga diragala gore ka fa lefokong la gagwe, o ne a ba nyeletsa; mme ka fa lefokong la gagwe, o ne a ba etelela; mme ka fa lefokong la gagwe, o ne a ba direla dilo tsotlhe; mme go ne go se sepe se se neng sa dirwa fa e se ka lefoko la gagwe.

32 Mme morago ga ba sena go tlola noka ya Joretane, o ne a ba dira dinatla mo go kobeng bana ba lefatshe, ee, go ba gasagasa go ya tshenyegong.

33 Mme jaanong, a lo itlhoma gore bana ba lefatshe le, ba ba neng ba le mo lefatsheng la tsholofetso, ba ba neng ba ntshiwa ke borraarona, a lo itlhoma gore e ne e le basiami? Bonang, ka re go lona, nnyaa.

34 A lo itlhoma gore borraarona ba ne ba ka bo ba kgethegile go ba feta fa ba ne ba ka bo ba nnile basiami? Ka re go lona, nnyaa.

35 Bonang, Morena o tsaya nama yotlhe ka go tshwana; yo e leng mosiami o ratiwa ke Modimo. Mme bonang, batho ba ba ne ba ganeditse lefoko lengwe le lengwe la Modimo, mme ba ne ba budule mo boleofing; mme botlalo jwa kgalefo ya Modimo bo ne bo le mo go bone; mme Morena o ne a hutsa lefatshe kgatlhanong le bone, mme o ne a le segofatsa go borraarona, ee o ne a le hutsa kgatlhanong le bone go ya tshenyegong ya bone, mme o ne a le segofatsa go borraarona mo go amogeleng thata ga bone godimo ga lone.

36 Bonang, Morena o bopile lefatshe gore le tle le nniwe; mme o bopile bana ba gagwe gore ba tle ba le tseye.

37 Mme o emeletsa tšhaba e e siameng, mme o nyeletsa ditšhaba tsa baleofi.

38 Mme o ne a etelela basiami pele kwa mafatsheng a botlhokwa, mme baleofi o a ba nyeletsa, mme a hutsa lefatshe go bone ka ntlha ya bone.

39 O busa kwa godimo kwa magodimong, gonne ke setilo sa bogosi jwa gagwe, mme lefatshe le ke setilo sa dinao tsa gagwe.

40 Mme o rata ba ba tlaa mo tsayang go nna Modimo wa bone. Bonang, o ne a rata borraaetsho, mme o ne a golagana le bone, ee, le tota Aberahame, Isake, le Jakobe; mme o ne a gakologelwa dikgolagano tse a neng a di dirile; ka jalo he, o ne a ba ntsha mo lefatsheng la Egepeto.

41 Mme o ne a ba pitlaganya mo nageng ka thobane ya gagwe; gonne ba ne ba thatafaditse dipelo tsa bone, fela jaaka lo dirile; mme Morena a ba pitlaganya ka ntlha ya boikepi jwa bone. O ne a romela dinoga tsa melelo tse di fofang gareng ga bone; mme fa ba sena go longwa, a baakanya tsela gore ba tle ba fole; mme tiro e ba neng ba tshwanetse go e dira e ne e le go leba; mme ka ntlha ya botlhofo jwa tsela kgotsa bomotlhofo jwa yone, go ne ga nna bontsi jo bo neng jwa nyelela.

42 Mme ba ne ba thatafatsa dipelo tsa bone ka nako le nako, mme ba kgoba kgatlhanong Moše, ga mmogo le kgatlhanong Modimo; le fa go ntse jalo, lo itse gore ba ne ba etelelwa pele ke thata ya gagwe e e senang molekane go ya kwa lefatsheng la tsholofetso.

43 Mme jaanong, morago ga dilo tse tsotlhe, nako e tlile ya gore ba nnile baleofi, ee, gaufi le go butswa; mme ga ke itse mme ka letsatsi le ba gaufi le go senngwa; gonne ke itse gore letsatsi le tlaa tla ka nnete la gore ba tshwanetse ba senngwe, kwa ntle ga ba se kae fela, ba ba tlaa tseelwang go ya botshwarong.

44 Ka jalo he, Morena o ne a laela ntate gore a emelele a ye mo nageng; mme Bajuta le bone ba ne ba batla go tsaya botshelo jwa gagwe; ee, mme le lona le ne la batla go tsaya botshelo jwa gagwe; ka jalo he, lo babolai mo dipelong tsa lona mme lo tshwana le bone.

45 Lo bofefo go dira boikepi mme le bonya go gakologelwa Morena Modimo wa lona. Lo bonye moengele, mme o ne a bua le lona; ee, lo utlwile lentswe la gagwe ka nako le nako; mme o buile le lona ka lentswe le lennye le le sa tshikhinyegeng, mme lo ne lo fetile go utlwa, mo lo neng lwa seka lwa utlwa mafoko a gagwe; ka jalo he, o ne a bua le lona jaaka lentswe la tladi, le le neng la dira lefatshe go roroma jaaka o kare le tlaa fatoga ka bogare.

46 Mme le lona lo itse gore ka thata ya lefoko la gagwe le le thata yotlhe, o ka dira lefatshe gore le ka felela; ee, mme lo itse gore ka lentswe la gagwe, o ka dira gore mafelo a a magwata a rethefale, mme mafelo a a borethe a phatloge. O, jaanong foo, ke eng, gore lo ka nna thata jaana mo dipelong tsa lona?

47 Bonang, botho jwa me bo kgagogile ke matlhoko le tshwenyego ka ntlha ya lona, mme pelo ya me e tlhokofetse; ke tshogetse gore lo tlaa latlhiwa ka metlha. Bonang, ke tletse Mowa wa Modimo, mo e leng gore marapo a me a senang nonofo.

48 Mme jaanong go ne ga diragala gore fa ke sena go bua mafoko a ba ne ba ntšhakgaletse, mme ba eletsa go ntatlhela mo boteng jwa lewatle; mme jaaka ba tla go baya diatla tsa bone mo go nna, ke ne ka bua le bone, ka re: Mo leineng la Modimo Mothatayotlhe, ke lo laela gore lo seka lwa ba lwa nkgoma, gonne ke tletse ka thata ya Modimo, le mo go jeweng ga nama ya me tota; mme yo o tlaa bayang diatla tsa gagwe mo go nna o tlaa swaba jaaka letlhaka le le omeletseng; mme o tlaa bo a se sepe fa pele ga thata ya Modimo, gonne Modimo o tlaa mo itaya.

49 Mme go ne ga diragala gore, nna, Nifae, ke re go bone gore ba seka ba tlhola ba ngunanguna kgatlhanong le rraabo; le fa e le go tlhoka go nthusa, gonne Modimo o ne a ntaetse gore ke age sekepe.

50 Mme ka ba raya ka re: Fa Modimo a ntaetse go dira dilo tsotlhe ke ka di dira. Fa a ka ntaela gore ke reye metsi a, nna lefatshe, a tlaa nna lefatshe; mme fa ke ka se bua, se tlaa diragala.

51 Mme jaanong, fa Morena a na le thata e kgolo jalo, mme a dirile dikgakgamatso tse dintsi jaana fa gare ga bana ba batho, mme ke ka jang a se kake a ntaela gore ke age sekepe?

52 Mme go ne ga diragala gore, nna, Nifae, ka bua dilo di le dintsi go bakaulengwe ba me, mo e leng gore ba ne ba didimala mme ba seka ba ganela kgatlhanong le nna; le fa e le go leka go baya diatla tsa bone mo go nna kgotsa go nkgoma ka menwana ya bone le tota ka sebaka sa malatsi a le mantsi. Jaanong ba ne ba seka ba dira se ba tshaba gore ba ka swaba fa pele ga me, gonne Mowa wa Modimo o ne o nonofile thata, le jalo o ne wa dira mo go bone.

53 Mme go ne ga diragala gore Morena a ntheye a re: Thapololela seatla sa gago go baukaulengwe ba gago, mme ba tlaa seke ba swabe fa pele ga gago, mme ke tlaa ba gakgamatsa, ga bua Morena, mme se ke tlaa se dira, gore ba ka itse gore ke Morena Modimo wa bone.

54 Mme go ne ga diragala gore ke thapolole seatla sa me go bakaulengwe ba me, mme ba seka ba swaba fa pele ga me; mme Morena o ne a ba tshikhinya, le tota ka fa lefokong le a neng a le buile.

55 Mme jaanong, ba ne ba re: Re itse ka tlhomamiso gore Morena o na le wena, gonne re itse gore ke thata ya Morena e e re tshikintseng. Mme ba wela fa pele ga me, mme ba ne ba le gaufi le go nkobamela, mme ka seka ka ba letla, ka re: Ke morwarraalona, ee, le tota morwarraalona yo mmotlana; ka jalo he, obamelang Morena Modimo wa lona, mme le tlotle rraalona le mmaalona, gore malatsi a lona a tle a nne maleele mo lefatsheng le Morena Modimo wa lona o tlaa lo le fang.