Scriptures
Mosaeya 7


Kgaolo 7

Amone o bona lefatshe la Lihae-Nifae, kwa Limohae a leng kgosi—Batho ba ga Limohae ba mo bokgobeng go Baleimene—Limohae o balolola ditso tsa bone—Moporofiti (Abinatae) o pakile gore Keresete ke Modimo le Rara wa dilo tsotlhe—Bao ba ba jwalang makgapha ba roba sefefo, mme ba ba bayang tshepho ya bone mo Moreneng ba tlaa gololwa. E ka nna dingwaga di le 121 pele ga ga Keresete.

1 Mme jaanong, go ne ga diragala gore fa kgosi Mosaeya a sena go nna le kagiso ka tswelelo sebaka sa ngwaga tse tharo, o ne a eletsa go itse mabapi le batho ba ba ileng godimo go nna kwa lefatsheng la Lihae-Nifae, kgotsa kwa motseng wa Lihae-Nifae; gonne batho ba gagwe ba ne ba sa utlwa sepe go tswa go bone go tswa nako ya ba tlogela lefatshe la Sarahemola; jalo he, ba ne ba mo lapisa ka letshwenyo la bone.

2 Mme go ne ga diragala gore kgosi Mosaeya a letle gore ba le lesome le borataro ba banna ba bone ba nonofileng ba ka tlhatlogela kwa lefatsheng la Lihae-Nifae go batlisisa ka ga bakaulengwe ba bone.

3 Mme go ne ga diragala gore ka moso ba simolole go ya godimo, ba na le mongwe Amone, ene e le monna yo o nonofileng wa senatla, e bile e le kokomana ya ga Sarahemola; mme o ne gape a le moeteledipele wa bone.

4 Mme jaanong, ba ne ba sa itse tsela e ba tshwanetseng go e tsaya mo nageng go tlhatlogela kwa lefatsheng la Lihae-Nifae; jalo he ba ne ba kaila malatsi a le mantsi mo nageng, le tota malatsi a le masome a mane ba ne ba kaila.

5 Mme fa ba sena go kaila malatsi a le masome a mane ba ne ba tla fa lentsweng, le le leng kwa bokone jwa lefatshe la Shaelamo, mme foo ba tlhoma ditante tsa bone.

6 Mme Amone a tsaya ba le bararo ba bakaulengwe ba gagwe, mme maina a bone e ne e le Amalekhae, Heleme, le Hemo, mme ba fologela mo lefatsheng la ga Nifae.

7 Mme bonang, ba ne ba kopana le kgosi ya batho ba ba neng ba le mo lefatsheng la ga Nifae, le mo lefatsheng la Shaelamo; mme ba ne ba agelelwa ke badisa ba kgosi, mme ba ne ba tsewa, mme ba golegwa, mme ba tsenngwa mo kgolegelong.

8 Mme go ne ga diragala gore fa ba sena go nna mo kgolegelong malatsi a le mabedi ba ne ba tlisiwa gape fa pele ga kgosi, mme dikgole tsa bone di ne tsa bofololwa; mme ba ne ba ema fa pele ga kgosi, mme ba ne ba letlelelwa, kgotsa ba laelwa, gore ba arabe dipotso tse a tlaa di ba botsang.

9 Mme o ne a re go bone: Bonang, ke bidiwa Limohae, morwa Noa, yo e neng e le morwa Sinifo, yo o duleng kwa lefatsheng la Sarahemola go tla go ja lefatshe le boswa, le e neng e le lefatshe la borraabo, yo o neng a dirwa kgosi ka lentswe la batho.

10 Mme jaanong, ke eletsa go itse lebaka le ka lone lo neng lwa nna le tshosologo jaana le go tla gaufi le dipota tsa motse, fa nna, ka bonna, ke ne ke na le badisa ba me kwa ntle ga kgoro?

11 Mme jaanong, ka ntlha ya se ke letleletse gore lo babalelwe, gore ke tle ke lo botse, e seng jalo ke ka bo ke dirile gore badisa ba me ba lo bolaye. Lo letleletswe go bua.

12 Mme jaanong, fa Amone a lemoga gore o ne a letleletswe go bua, o ne a ya pele mme obama fa pele ga kgosi; mme a ema gape a re: O kgosi, ke leboga thata fa pele ga Modimo letsatsi leno gore ke santse ke tshela, mme ke letleletswe go bua; mme ke tlaa leka go bua ka tshosologo;

13 Ka gonne ke tshepha gore fa o ne o nkitsile, o ka bo o sa letlelela gore ke apare dikgole tse. Gonne ke Amone, mme ke kokomana ya ga Sarahemola, mme ke tsile godimo go tswa kwa lefatsheng la Sarahemola go botsa mabapi le bakaulengwe ba me, ba Sinifo a ba tlisitseng godimo go tswa kwa lefatsheng leo.

14 Mme jaanong, go ne ga diragala gore fa Limohae a sena go utlwa mafoko a ga Amone, o ne a thamile mo go feteletseng mme a re: Jaanong, ke itse ka nnete gore bakaulengwe ba me ba ba neng ba le mo lefatsheng la Sarahemola ba santse ba tshela. Mme jaanong, ke tlaa ipela; mme ka moso ke tlaa dira gore batho ba me le bone ba ipele.

15 Gonne bonang, re mo bokgobeng go Baleimene, mme re kgethisiwa ka lekgetho le le botlhoko go tshegediwa, mme jaanong, bonang, bakaulengwe ba rona ba tlaa re golola mo bokgobeng jwa rona, kgotsa go tswa mo diatleng tsa Baleimene, mme re tlaa nna makgoba a bone; gonne go botoka gore re nne makgoba a Banifae go na le go duela lekgetho go kgosi ya Baleimene.

16 Mme jaanong, kgosi Limohae a laela badisa ba gagwe gore ba seka ba tlhola ba bofa Amone le fa e le bakaulengwe ba gagwe, mme a dira gore ba ye kwa lentsweng le le neng le le kwa bokone jwa Shaelamo, mme ba tlise bakaulengwe ba bone mo motseng, gore ba ka tla ba ja, ba nwe, mme ba ikhutse mo ditirong tsa mosepele wa bone; gonne ba ne ba sotlegile dilo di le dintsi; ba ne ba sotlegile tlala, lenyora, le letsapa.

17 Mme jaanong, go ne ga diragala ka moso gore kgosi Limohae a romela kitsiso se mmuso gareng ga batho botlhe ba gagwe, gore ka se ba ka tla ba ikgobokanya mmogo kwa tempeleng, go utlwa mafoko a a tshwanetseng go a bua go bone.

18 Mme go ne ga diragala gore fa ba ikgobokantse mmogo gore a bua le bone mo tlhalefong e, a re: O lona, batho ba me, tsholetsang ditlhogo tsa lona mme lo gomotsege, gonne bonang, nako e fa seatleng, kgotsa ga e kgakala, fa re tlaa bong re sa tlhole re le mo taolong ya baba ba rona, go sa kgathalesege go kgaratlha ga rona mo go ntsi, mo go neng go le lefela; mme ke santse ke tshepa gore go santse go na le kgaratlho e e diragatsang e e tlaa dirwang.

19 Jalo he, tsholetsang ditlhogo tsa lona, mme lo ipele, mme lo beye tshepho ya lona mo Modimong, mo Modimong yoo yo e neng e le Modimo wa ga Aberahame, le Isake, le Jakobe; Mme gape, Modimo yoo yo o neng a tlisa bana ba Iseraele go tswa mo lefatsheng la Egepeto, mme a dira gore ba tsamaye go ralala lewatle le lehibidu mo lefatsheng le le omeletseng, mme a ba jesa mana gore ba ka tla ba seka ba nyelela mo nageng; le dilo di le dintsi go feta o ne a di ba direla.

20 Mme gape, Modimo one oo, o tlisitse borraarona go tswa kwa lefatsheng la Jerusalema, mme o beile le go babalela batho ba gagwe le go fitlhelela jaanong; mme bonang, ke ka ntlha ya boikepi jwa rona le bodiabole jwa rona gore o re tlisitse mo bokgobeng.

21 Mme lona lotlhe lo basupi ka letsatsi le gore Sinifo, yo o neng a dirwa kgosi godimo ga batho ba, ene a ne a tletse matlhagatlhaga go ja boswa jwa lefatshe la borraagwe, jalo he, a tsiediwa ke botsipa le boferefere jwa ga kgosi Leimene, yo e neng ya re a sena go tsena mo tumalanong le kgosi Sinifo, le a sena go rolela mo matsogong a gagwe thuo ya karolo ya lefatshe, kgotsa le tota motse wa Lihae-Nifae, le motse wa Shaelamo, le lefatshe le le mo tikologong—

22 Mme tse tsotlhe o ne a di dira, ka maikaelelo a le mangwe fela a go tlisa batho ba mo taolong le mo bokgobeng. Mme bonang, rona mo nakong e, re duela lekgetho go kgosi ya Baleimene, selekanyo sa sephatlo sa mmidi, wa rona le bali ya rona, mme le dijwalo tsa rona tsotlhe tsa mefuta yotlhe tota, le sephatlo sa koketsego ya matsomane a rona le metlhape ya rona; mme le sephatlo sa sengwe le sengwe se re nang le sone kgotsa re se ruile tota, kgosi ya Baleimene o a di batla mo go rona, kgotsa matshelo a rona.

23 Mme jaanong, a se ga se botlhoko go tshegediwa? Mme a se ga se, pogisego ya rona, e kgolo? Jaanong bonang, go gogolo jang lebaka le re nang le lone go hutsafala.

24 Ee, ka re go lona, go gogolo mabaka a re nang le one go hutsafala; gonne bonang ke bakaulengwe ba rona ba le kae ba ba bolailweng, mme madi a bone a tshololetswe lefela, mme tsotlhe ka ntlha ya boikepi.

25 Gonne fa batho ba ba ne ba seka ba wela mo tlolong molao Morena o ka bo a seka a letla gore bosula jo bogolo jo bo tle mo go bone. Mme bonang, ba ne ba seka ba obamela go mafoko a gagwe; mme go ne ga tsoga dikomano gareng ga bone, le mo e leng gore ba ne ba tsholola madi gareng ga bone.

26 Mme moporofiti wa Morena ba ne ba mmolaile; ee, monna wa Modimo yo o kgethilweng, yo o ba boleletseng ka boleo le bodiabole jwa bone, mme a porofita ka dilo di le dintsi tse di tlaa tlang, ee, le go tla ga ga Keresete tota.

27 Le ka ntlha ya gore o ne a ba raya gore Keresete e ne e le Modimo, Rara wa dilo tsotlhe, mme o ne a re o tlaa tsaya mo go ene setshwano sa motho, mme e tlaa nna setshwano se mo go sone motho a neng a bopiwa mo tshimologong; kgotsa ka mafoko a mangwe, o ne a re motho o bopilwe mo setshwanong sa Modimo, le gore Modimo o tlaa fologela tlase gareng ga bana ba batho, mme a tseye go ene nama le madi, mme a tsamaya pele mo sefatlhogong sa lefatshe—

28 Mme jaanong, ka ntlha ya gore o ne a buile se, ba ne ba mmolaya; mme dilo di le dintsi go feta ba ne ba di dira tse di neng tsa tlisa kgalefo ya Modimo mo go bone. Jalo he, ke mang yo o gakgamalang gore ba mo bokgobeng, le gore ba iteilwe ka dipogisego tse di botlhoko?

29 Gonne bonang, Morena o ne a re: Ga ke kitla ke tlamela batho ba me mo malatsing a tlolo molao ya bone; mme ke tlaa thibela ditsela tsa bone gore ba seka ba tswelela; mme ditiro tsa bone di tlaa nna jaaka sekgoreletsi fa pele ga bone.

30 Mme gape, o ne a re: Fa batho ba me ba ka jwala makgapha ba tlaa roba mmoko wa one mo sefefong; mme maduo a seo ke botlhole.

31 Mme gape o ne a re: Fa batho ba me ba ka jwala makgapha ba tlaa roba phefo ya botlhaba, e e tlisang tshenyo ka bofefo.

32 Mme jaanong, bonang, tsholofetso ya Morena e diragaditswe, mme lo iteilwe le go bogisiwa.

33 Mme fa lo ka boela go Morena ka maikaelelo a a tletseng a pelo, mme lwa baya tshepho ya lona mo go ene, mme lwa mo direla ka tlhoafalo yotlhe ya mogopolo, fa lo ka dira se, o tlaa, lo golola mo bokgobeng, go ya ka fa thatong le kgatlhego ya gagwe.