Scriptures
Mosaeya 12


Kgaolo 12

Abinatae o tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya go porofita go senngwa ga batho le loso lwa ga Kgosi Noa—Baperesiti ba e seng ba nnete ba nankola lefoko la Modimo le le kwadilweng mme ba ipaya jaaka e kete ba tshegetsa molao wa ga Moše—Abinatae o simolola go ba ruta Ditaelo tse di Lesome. E ka nna dingwaga di le 148 pele ga ga Keresete.

1 Mme go ne ga diragala gore morago ga sebaka sa dingwaga tse pedi gore Abinatae o ne a tla gareng ga bone a itshwanolotse, gore ba ne ba sa mo itse, mme a simolola go porofita gareng ga bone a re: Jalo Morena o ntaetse, a re—Abinatae, tsamaya mme o porofite go batho ba ba me, gonne ba thatafaditse dipelo tsa bone kgatlhanong le mafoko a me; ga ba a ikotlhaela ditiro tsa bone tse di bosula; jalo he, ke tlaa ba etela mo tšhakgalong ya me, ee, mo tšhakgalong ya me e e boitshegang ke tlaa ba etela mo boikeping jwa bone le bodiabole.

2 Ee, khutsafalo a e tle go tshika e! Mme Morena o ntheile a re: thapolola seatla sa gago mme o porofite, o re: go bua jalo Morena, go tlaa diragala gore tshika e, ka ntlha ya boikepi jwa bone, ba tlaa tlisiwa mo bokgobeng, mme ba tlaa itewa mo letlhaeng; ee, mme ba tlaa kgweetswa ke batho, mme ba tlaa bolawa; mme manong a phefo, le dintša, ee, le dibatana tsa naga di tlaa gabura nama ya bone.

3 Mme go tlaa diragala gore botshelo jwa ga kgosi Noa bo tlaa tshwantshiwa le seaparo mo lehuting la molelo o o mogote; gonne o tlaa itse gore ke Morena.

4 Mme go tlaa diragala gore ke tlaa itaya batho ba ba me ka dipogisego tse di botlhoko, ee, ka tlala le ka leroborobo; mme ke tlaa dira gore ba kuwe letsatsi lotlhe.

5 Ee, mme ke tlaa dira gore ba nne le merwalo e bofeletswe mo mekwatleng ya bone; mme ba tlaa kgweeletswa kwa pele jaaka esele ya semumu.

6 Mme go tlaa diragala gore ke tlaa romela sefako gareng ga bone, mme se tlaa ba itaya; mme ba tlaa itewa gape ka phefo ya botlhaba; mme dikhukhwane di tlaa tshwenya lefatshe la bone le tsone, mme di gabure mabele a bone.

7 Mme ba tlaa itewa ka leroborobo le legolo—mme tse tsotlhe ke tlaa di dira ka ntlha ya boikepi le bodiabole jwa bone.

8 Mme go tlaa diragala gore kwa ntle ga gore ba ikotlhaye ke tlaa ba senya gotlhelele go tswa mo sefatlhogong sa lefatshe; mme le gontse jalo ba tlaa tlogela pego e e kwadilweng kwa morago ga bone, mme ke tlaa di babalelela ditšhaba tse dingwe tse di tlaa tsayang lefatshe; ee, le se ke tlaa se dira gore ke tle ke lemotshe bodiabole jwa batho ba go ditšhaba tse dingwe. Mme dilo di le dintsi Abinatae o ne a di porofita kgatlhanong le batho ba.

9 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba mo šakgaletse; mme ba ne ba mo tsaya ba mo isa a golegilwe fa pele ga kgosi, mme ba re go kgosi: Bona, re tlisitse monna fa pele ga gago yo o porofitileng bosula ka ga batho ba gago, mme a re Modimo o tlaa ba senya.

10 Mme gape a porofita bosula ka ga botshelo jwa gago, mme a re botshelo jwa gago bo tlaa tshwana le seaparo mo lehuting la molelo o mogolo.

11 Mme gape, o ne a re o tlaa nna jaaka letlhaka, le jaaka letlhaka le le omeletseng la tshimo, le le gatiwang ke diphologolo mme le gatakwa ka fa tlase ga dinao.

12 Mme gape, o ne a re o tlaa nna jaaka sethunya sa sitlwane, se e reng, fa se budule ka botlalo, fa phefo e foka, se kgweediwa pele mo sefatlhogong sa lefatshe. Mme o ipaya jaaka e kete Morena o se buile. Mme a re tse tsotlhe di tlaa tla mo go wena fa e se o ka ikotlhaya, mme se ka ntlha ya boikepi jwa gago.

13 Mme jaanong, O, kgosi, ke bosula bofe jo bogolo jo o bo dirileng, kgotsa ke dife dibe tse dikgolo tse batho ba gago ba di dirileng, gore re bonwe molato ke Modimo, kgotsa go atlholwa ke monna yo?

14 Mme jaanong, O kgosi, bona, ga re na molato, mme wena, O kgosi, ga o a leofa; jalo he, monna yo o akile ka ga gago, mme o porofitile mo lefeleng.

15 Mme bona, re nonofile, ga re na go tla mo bokgobeng, kgotsa go tsewa ditshwarwa ke baba ba rona; ee, mme o tsweletse mo lefatsheng, mme gape o tlaa tswelela.

16 Bona, monna ke yo, re mo tlisa mo diatleng tsa gago; o ka dira ka ene jaaka o bona go le molemo mo go wena.

17 Mme go ne ga diragala gore kgosi Noa a dire gore Abinatae a latlhelwe mo kgolegelong; mme a laela gore baperesiti ba ikgobokanye mmogo gore a tle a tshware therisano le bone gore a dire eng ka ene.

18 Mme go ne ga diragala gore ba reye kgosi ba re: Mo tlise fano gore re tle re mmotsolotse; mme kgosi a laela gore a tlisiwe fa pele ga bone.

19 Mme ba ne ba simolola go mmotsolotsa, gore ba tle ba mo fapaanye, gore ka se ba tle ba bone se ka sone ba ka mo latofatsang; mme o ne a ba araba ka tshosologo, mme a palela dipotso tsotlhe tsa bone, ee, mo kgakgamalong ya bone; gonne o ne a ba palela mo dipotsong tsotlhe tsa bone, mme a ba didimatsa mo mafokong otlhe a bone.

20 Mme go ne ga diragala gore mongwe wa bone a mo reye a re: A raya eng mafoko a a kwadilweng, le a a rutilweng ke borraarona, ba re:

21 Go gontle jang mo dithabeng dinao tsa gagwe yo o tlisang melaetsa e e molemo; yo o anamisang kagiso; yo o tlisang melaetsa e e molemo ya bomolemo; yo o anamisang poloko; yo o reng go Sione, Modimo wa gago o a busa;

22 Balebeledi ba gago ba tlaa tsholetsa lentswe; ka lentswe mmogo ba tlaa opela; gonne ba tlaa bona leitlho go leitlho, fa Morena a tlaa tlisa gape Sione;

23 Thubegang pele ka boipelo; opelang mmogo lona mafelo a matlotla a Jerusalema; gonne Morena o gomoditse batho ba gagwe, o rekolotse Jerusalema;

24 Morena o apotse letsogo la gagwe le le boitshepho mo matlhong a ditšhaba tsotlhe, mme dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe di tlaa bona poloko ya Modimo wa rona?

25 Mme jaanong Abinatae a ba raya a re: A lo baperesiti, mme lo itira jaaka e kete lo ruta batho ba, le go tlhaloganya mowa wa go porofita, mme lo eletsa go itse go tswa go nna gore dilo tse di raya eng?

26 Ka re go lona, a khutsafalo e tle go lona ka ntlha ya go sokamisa ditsela tsa Morena! Gonne fa e le gore lo tlhaloganya dilo tse, ga lo a di ruta; jalo he, lo sokamisitse ditsela tsa Morena.

27 Ga lo a ka lwa dirisa dipelo tsa lona mo go tlhaloganyeng; jalo he, ga lo a ka lwa nna botlhale. Jalo he, lo ruta eng batho ba?

28 Mme ba re: Re ruta molao wa ga Moše.

29 Mme gape o ne a ba raya a re: Fa e le gore lo ruta molao wa ga Moše ke eng lo sa o tshegetse? Ke eng lo baya dipelo tsa lona mo dikhumong? Ke eng lo dira boaka mme lo senya nonofo ya lona le diaka, ee, mme lo dira gore batho ba ba dire sebe, gore Morena a nne le lebaka go nthomela go porofita kgatlhanong le batho ba, ee, le bosula jo bogolo kgatlhanong le batho ba?

30 A ga lo itse gore ke bua boammaaruri? Ee, lo itse gore ke bua boammaaruri; mme lo tshwanetse go roroma fa pele ga Modimo.

31 Mme go tlaa diragala gore lo iteelwe boikepi jwa lona, gonne lo rile lo ruta molao wa ga Moše. Mme lo itseng mabapi le molao wa ga Moše? A poloko e tla ka molao wa ga Moše? Lwa reng?

32 Mme ba ne ba araba ba re poloko e tsile ka molao wa ga Moše.

33 Mme jaanong Abinatae o ne a ba raya a re: Ke itse gore fa lo tshegetsa ditaelo tsa Modimo lo tlaa bolokwa; ee, fa lo ka tshegetsa ditaelo tse Morena a di neetseng Moše kwa thabeng ya Sinai, a re:

34 Ke Morena Modimo wa gago, yo o go tlisitseng go tswa kwa lefatsheng la Egepeto, go tswa mo tlung ya bokgoba.

35 O se nne le Modimo ope yo mongwe fa pele ga me.

36 O seka wa itirela sepe setshwantsho se se betlilweng, kgotsa sepe setshwano sa sengwe mo legodimong kwa godimo, kgotsa dilo tse di mo lefatsheng kwa tlase.

37 Jaanong Abinatae a ba raya a re, A lo dirile tsotlhe tse? Ka re go lona, nnyaa, ga lo a dira. Mme a lo rutile batho ba gore ba dire dilo tse tsotlhe? Ke lo raya ke re, Nnyaa, ga lo a dira.