Scriptures
Mosaeya 26


Kgaolo 26

Maloko a le mantsi a Kereke a isiwa mo sebeng ke basadumeleng—Alema o solofetswa botshelo jo bosakhutleng—Ba ba ikotlhayang mme ba kolobediwa ba bona boitshwarelo—Maloko a kereke a a leng mo sebeng a a ikotlhayang a bo a ipolela mo go Alema le mo go Morena ba tlaa itshwarelwa; e seng jalo, ga ba na go balelwa gareng ga batho ba Kereke. E ka nna dingwaga di le 120 go ya go di le 100 pele ga ga Keresete.

1 Jaanong go ne ga diragala gore go ne go le ba le bantsi ba tshika e e neng e gola ba ba neng ba seka ba tlhaloganya mafoko a ga kgosi Benjamine, ba le bana ba bannye ka nako e a neng a bua le batho ba gagwe; mme ba ne ba sa dumele ngwao ya borraabo.

2 Ba ne ba sa dumele se se neng se builwe mabapi le tsogo ya baswi, le e seng gore ba ne ba dumela mabapi le go tla ga ga Keresete.

3 Mme jaanong ka ntlha ya tlhoka tumelo ya bone ba ne ba sa tlhaloganye lefoko la Modimo; mme dipelo tsa bone di ne di thatafetse.

4 Mme ba ne ba ka seka ba kolobediwa; le e seng gore ba tsene kereke. Mme ba ne ba le batho ba sele ka fa tumelong ya bone, mme ba nnela jalo ruri go tloga foo, le mo seemong sa bone sa selefatshe le sebe; gonne ba ne ba seka ba bitsa Morena Modimo wa bone.

5 Mme jaanong mo pusong ya ga Mosaeya ba ne ba se bantsi le fa e le go lekana le sephatlo sa batho ba Modimo; mme ka ntlha ya ditsuololo gareng ga bakaulengwe, ba ne ba ntsifala thata.

6 Gonne go ne ga diragala gore ba ne ba tsietsa bontsi ka mafoko a bone a a borethe, ba ba neng ba le mo kerekeng, mme ba ba dira gore ba dire dibe tse dintsi; jalo he go ne ga tlhokafala gore ba ba neng ba dira sebe, ba ba neng ba le mo kerekeng, ba gakololwe ke kereke.

7 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba tlisiwa fa pele ga baperesiti, mme ba neelwa go baperesiti ke baruti; mme baperesiti ba ba tlisa fa pele ga ga Alema, yo e neng e le moperesiti yo mogolo.

8 Jaanong kgosi Mosaeya o ne a file Alema taolo godimo ga kereke.

9 Mme go ne ga diragala gore Alema o ne a sa itse mabapi le bone; mme go ne go le basupi ba le bantsi kgatlhanong le bone; ee, batho ba ne ba ema mme ba paka ka ga boikepi jwa bone ka bontsi.

10 Jaanong go ne go ise go nne selo se se jaana se diragala pele ga fa mo kerekeng; jalo he Alema o ne a tshwenyegile mo moweng, mme o ne a dira gore ba tlisiwe fa pele ga kgosi.

11 Mme o ne a raya kgosi a re: Bona, fa ke bontsi jo re bo tlisitseng fa pele ga gago, ba ba latofadiwang ke bakaulengwe ba bone; ee, mme ba tshwerwe mo boikeping jo bo farologanyeng. Mme ga ba ikotlhaele boikepi jwa bone; jalo he re ba tlisitse fa pele ga gago, gore o tle o ba atlhole go ya ka fa melatong ya bone.

12 Mme kgosi Mosaeya a raya Alema a re: Bona, ga ke ba atlhole; jalo he ke ba naya mo diatleng tsa gago go atlholwa.

13 Mme jaanong mowa wa ga Alema o ne gape o tshwenyegile; mme o ne a tsamaya mme a botsa Morena gore a direng mabapi le kgang e, gonne o ne a boifa gore o ka dira phoso mo ponong ya Modimo.

14 Mme go ne ga diragala gore morago ga a sena go tshololela botho jwa gagwe jotlhe go Modimo, lentswe la Morena le ne la tla mo go ene, le re:

15 Go sego wena, Alema, gape go segofaditswe bone bao ba ba kolobeditsweng mo metsing a Momone. Wena o sego ka ntlha ya tumelo ya gago e e feteletseng mo mafokong a le nosi a motlhanka wa me Abinatae.

16 Mme go sego bone ka ntlha ya tumelo e e feteletseng ya bone mo mafokong a le nosi a o a buileng go bone.

17 Mme go sego wena ka ntlha ya gore o tlhomile kereke gareng ga batho ba; mme ba tlaa tlhongwa, mme ba tlaa nna batho ba me.

18 Ee, go sego batho ba ba ba ratang go tsaya leina la me; gonne ka leina la me ba tlaa bidiwa; mme ke ba me.

19 Mme ka ntlha ya gore o mpoditse mabapi le motlola molao, wena o segofaditswe.

20 Wena o motlhanka wa me; mme ke golagana le wena gore o tlaa nna le botshelo jo bosakhutleng; mme o tlaa ntirela le go ya pele mo leineng la me, mme o tlaa kgobokanya mmogo dinku tsa me.

21 Mme yo o tlaa utlwang lentswe la me o tlaa nna nku ya me; mme ene o tlaa mo amogela mo kerekeng, mme ene le nna ke tlaa mo amogela.

22 Gonne bona, e ke kereke ya me; mang le mang yo o kolobediwang o tlaa kolobediwa go boikotlhao. Mme mang le mang yo o tlaa mo amogelang o tlaa dumela mo leineng la me; mme ene ke tlaa mo itshwarela ka kgololesego.

23 Gonne ke nna yo ke tsayang mo go nna dibe tsa lefatshe; gonne ke nna yo o ba bopileng; mme ke nna yo ke nayang go ene yo o dumelang go ya bokhutlong lefelo ka fa seatleng sa me sa moja.

24 Gonne bona mo leineng la me ba a bidiwa; mme fa ba nkitse ba tlaa tla pele, mme ba tlaa nna le lefelo ka bosakhutleng ka fa seatleng sa me sa moja.

25 Mme go tlaa diragala gore fa terompeta ya bobedi e lela jaanong foo ba ba iseng ba ke ba nkitse ba tlaa tla pele mme ba tlaa ema fa pele ga me.

26 Mme jaanong foo ba tlaa itse gore ke Morena Modimo wa bone, gore ke Morekolodi wa bone; mme ga ba na go rekololwa.

27 Mme jaanong foo ke tlaa ipolela go bone gore ga ke ise ke ko ke ba itse; mme ba tlaa emelelela mo molelong o o senang bokhutlo o o baakanyeditsweng diabole le baengele ba gagwe.

28 Jalo he ke go raya ke re, gore ene yo o tlaa sekeng a utlwe lentswe la me, ene yoo o seka wa mo amogela mo kerekeng ya me, gonne ene ga ke na go mo amogela ka letsatsi la bofelo.

29 Jalo he ke go raya ke re, Tsamaya; mme mang le mang yo o tlaa tlolang molao kgatlhanong le nna, ene o tlaa mo atlhola go ya ka fa dibeng tse a di dirileng; mme fa a ipolela dibe tsa gagwe fa pele ga gago le nna, mme a ikotlhaya ka boammaaruri jwa pelo ya gagwe, ene o mo itshwarele, mme le nna ke tlaa mo itshwarela.

30 Ee, mme gantsi fela jaaka batho ba me ba ikotlhaya ke tlaa ba itshwarela melato ya bone kgatlhanong le nna.

31 Mme le lona le tlaa itshwarelana mongwe go yo mongwe melato ya lona; gonne ruri ka re go lona, yo o sa itshwareleng melato ya moagisane ka ene fa a re o a ikotlhaya, ene yoo o itlisitse ka fa tlase ga pono molato le kotlhao.

32 Jaanong ke go raya ke re, Tsamaya; mme mang le mang yo o tlaa sekeng a ikotlhaela dibe tsa gagwe, ene ga a na a balelwa mo gare ga batho ba me; mme se se tlaa elwa tlhoko go tswa mo nakong eno go ya pele.

33 Mme go ne ga diragala fa Alema a sena go utlwa mafoko a o ne a a kwala fatshe gore o ka tla a nna le one, le gore o ka tla a atlhola batho ba kereke eo go ya ka fa ditaelong tsa Modimo.

34 Mme go ne ga diragala gore Alema a tsamaye mme a atlhole bao ba ba neng ba tserwe mo boikeping, go ya ka fa lefokong la Morena.

35 Mme mang le mang ba ba neng ba ikotlhaela dibe tsa bone mme ba di ipolela, bone o ne a ba balela mo gare ga batho ba kereke;

36 Mme bao ba ba neng ba ka seka ba ipolela dibe tsa bone mme ba ikotlhaela boikepi jwa bone, bone bao ba ne ba seka ba balelwa mo gare ga batho ba kereke, mme maina a bone a ne a phimolwa.

37 Mme go ne ga diragala gore Alema o ne a laola merero yotlhe ya kereke; mme ba simolola gape go nna le kagiso le go tswelela mo go feteletseng mo mererong ya kereke, ba tsamaya ka tlhokomelo fa pele ga Modimo, ba amogela bontsi, mme ba kolobetsa bontsi.

38 Mme jaanong dilo tse tsotlhe Alema le badiri ka ene ba ba neng ba okametse kereke ba ne ba di dira, ba tsamaya ka tlhoafalo yotlhe, ba ruta lefoko la Modimo mo dilong tsotlhe, ba sotlega mekgwa yotlhe ya matshwenyego, ba tshwenngwa ke botlhe ba ba neng ba se ba kereke ya Modimo.

39 Mme ba ne ba gakolola bakaulengwe ba bone; mme ba ne gape ba gakololwa, mongwe le mongwe ka lefoko la Modimo, go ya ka dibe tsa gagwe, kgotsa ka dibe tse a neng a di dirile, ba laetswe ke Modimo go rapela ba sa emise, le go naya malebogo mo dilong tsotlhe.