Scriptures
Mosaeya 6


Kgaolo 6

Kgosi Benjamine o kwala maina a batho mme o tlhoma baperesiti go ba ruta—Mosaeya o busa e le kgosi e e siameng. E ka nna dingwaga di le 124 go ya go di le 121 pele ga ga Keresete.

1 Mme jaanong, kgosi Benjamine o ne a akanya gore go ne go le botlhokwa, morago ga a sena go fetsa go bua le batho, gore a tseye maina a bao botlhe ba ba tsenyeng mo kgolaganong le Modimo go tshegetsa ditaelo tsa gagwe.

2 Mme go ne ga diragala gore go ne go sena motho le fa e le a le mongwe, fa e se bana ba bannye, mme ba ba neng ba tsenye mo kgolaganong mme ba tsere mo go bone leina la ga Keresete.

3 Mme gape, go ne ga diragala gore fa kgosi Benjamine a sena go dira bokhutlo ja dilo tse tsotlhe, mme a sena go kgetha morwawe Mosaeya go nna mmusi le kgosi godimo ga batho ba gagwe, mme a mo file ditaelo tsotlhe mabapi le motse wa bogosi, mme gape a sena go tlhoma baperesiti go ruta batho, gore ka se ba ka utlwa mme ba itse ditaelo tsa Modimo, le go ba fuduwa mo kgakologelong ya maikano a ba neng ba a dirile, a phatlalatsa matswititshwiti, mme ba boela, mongwe le mongwe go ya ka fa malwapeng a bone, kwa matlong a bone.

4 Mme Mosaeya a simolola go busa mo boemong jwa ga rraagwe. Mme a simolola go busa mo ngwageng wa masome a mararo a dingwaga tsa gagwe, go dira gotlhe, dingwaga di ka nna makgolo a mane le masome a supa le borataro go tswa ka nako e Lihae a duleng kwa Jerusalema.

5 Mme kgosi Benjamine a tshela dingwaga tse tharo mme a swa.

6 Mme go ne ga diragala gore kgosi Mosaeya o ne a tsamaya mo ditseleng tsa Morena, mme a tlhokomela dikatlholo tsa gagwe le ditao tsa gagwe, mme a tshegetsa ditaelo tsa gagwe mo dilong tsotlhe eng le eng se a neng a se mo laela.

7 Mme kgosi Mosaeya o ne a dira batho ba gagwe gore ba tshwanetse ba leme lefatshe, mme le ene, ka boene, o ne a lema lefatshe, gore ka seo a seka a nna morwalo go batho ba gagwe, gore o ka tla a dira go ya ka fa go seo se rraagwe a se dirileng mo dilong tsotlhe. Mme go ne go sena dikomano gareng ga batho botlhe ba gagwe sebaka sa ngwaga di le tharo.