Scriptures
Mosaeya 23


Pego ka ga Alema le batho ba Morena, ba ba neng ba kobelwa mo nageng ke batho ba ga Kgosi Noa.

E le mo dikgaolo 23 le 24.

Kgaolo 23

Alema o gana go nna kgosi—O dira e le moperesiti yo mogolo—Morena o otlhaya batho ba gagwe, mme Baleimene ba gapa lefatshe la Helame—Emiulone, moeteledi wa baperesiti ba baleofi ba ga Kgosi Noa, o busa ka fa tlase ga kgosi ya Baleimene. E ka nna dingwaga di le 145 go ya go di le 121 pele ga ga Keresete.

1 Jaanong Alema, a ne a tlhagisitswe ke Morena gore mephato ya ga kgosi Noa e tlaa tla mo go bone, mme a dirile gore go itsege go batho ba gagwe, jalo he ba kgobokanya mmogo matsomane a bone, mme ba tsaya mabele a bone, mme ba emelelela mo nageng fa pele ga mephato ya masole ya ga kgosi Noa.

2 Mme Morena o ne a ba nonotsha, mo batho ba ga kgosi Noa ba neng ba seka ba ba tshwara go ba senya.

3 Mme ba tshaba malatsi a le boferabobedi a loeto mo nageng.

4 Mme ba tla mo lefatsheng, ee, le lefatshe le lentle le le siameng tota, lefatshe la metsi a a phepa.

5 Mme ba tlhoma ditante tsa bone, mme ba simolola go lema lefatshe, mme ba simolola go aga dikago; ee, ba ne ba le tlhaga, mme ba dira mo go feteletseng.

6 Mme batho ba ne ba eletsa gore Alema e nne kgosi ya bone, gonne o ne a ratwa ke batho ba gagwe.

7 Mme o ne a ba raya a re: Bonang, ga go tlhokafale gore re nne le kgosi; gonne go bua jalo Morena: Ga lona go tlotlomatsa nama e nngwe godimo ga e nngwe, kgotsa motho a le mongwe a seka a ikgopola godimo ga yo mongwe; jalo he ka re go lona ga go tlhokafale gore lo nne le kgosi.

8 Le fa go ntse jalo, fa go ne go kgonega gore nako tsotlhe lo ka nna le banna ba ba tshiamo le tlhamalalo go nna dikgosi tsa lona go ka bo go siame go lona go nna le kgosi.

9 Mme gakologelwang boikepi jwa ga kgosi Noa le baperesiti ba gagwe; mme nna ka bonna ke ne ka tshwarwa ke serai, mme ka dira dilo tse dintsi tse di neng di le bodiabole mo ponong ya Morena, tse di ntiretseng maikotlhao a a botlhoko;

10 Le fa go ntse jalo, morago ga pitlagano e ntsi, Morena o ne a utlwa selelo sa me, mme o ne a araba dithapelo tsa me, mme o ntirile sedirisiwa mo diatleng tsa gagwe mo go tliseng bontsi jaana jwa lona mo kitsong ya boammaaruri jwa gagwe.

11 Le fa go ntse jalo, mo go se ga ke ikgalaletse, gonne ga ke a lekana go ikgalaletsa.

12 Mme jaanong ka re go lona, lo ne lo gateletswe ke kgosi Noa, mme lo ne lo le mo bokgobeng mo go ene le baperesiti ba gagwe, mme lo tlisitswe mo boikeping ke bone; jalo he lo ne lo golegilwe ka dikgole tsa boikepi.

13 Mme jaanong jaaka lo golotswe ka thata ya Modimo go tswa mo dikgoleng tse; ee, le go tswa mo diatleng tsa ga kgosi Noa le batho ba gagwe, le gape go tswa mo dikgoleng tsa boikepi, le jalo ke eletsa gore lo eme ka thata mo kgololesegong e ka yone lo golotsweng, le gore lo se tshepe monna ope go nna kgosi godimo ga lona.

14 Mme gape lo seka lwa tshepa ope go nna moruti wa lona le fa e le modiredi wa lona, kwa ntle ga e le monna wa Modimo, a tsamaya mo ditseleng tsa gagwe e bile a tshegetsa ditaelo tsa gagwe.

15 Jalo Alema o ne a ruta batho ba gagwe, gore motho mongwe le mongwe a rate moagisanyi wa gagwe jaaka ene ka boene, gore go seka ga nna dikomano gareng ga bone.

16 Mme jaanong, Alema e ne e le moperesiti yo mogolo wa bone, ene e ne e le motlhomi wa kereke ya bone.

17 Mme go ne ga diragala gore ope a seka a amogela taolo go rera kgotsa go ruta fa e ne e se ka ene go tswa kwa Modimong. Jalo he o ne a tlhoma baperesiti botlhe ba bone le baruti botlhe ba bone; mme bape ba ne ba sa tlhomiwi kwa ntle ga gore e ne e le banna ba tshiamo le tlhamalalo.

18 Jalo he ba ne ba tlhokomela batho ba bone, mme ba ba otla ka dilo tse di amanang le tshiamo.

19 Mme go ne ga diragala gore ba simolole go tswelela mo go feteletseng mo lefatsheng; mme ba ne ba bitsa lefatshe Helame.

20 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba ntsifala mme ba tswelela mo go feteletseng mo lefatsheng la Helame; mme ba aga motse, o ba neng ba o bitsa motse wa Helame.

21 Le fa go ntse jalo Morena o bona go lekane go otlhaya batho ba gagwe; ee, o leka bopelotelele jwa bone le tumelo ya bone.

22 Le fa go ntse jalo—mang le mang yo o bayang tshepo ya gagwe mo go ene, ene yoo o tlaa tsholediwa ka letsatsi la bofelo. Ee, mme jalo go ne go ntse ka batho ba.

23 Gonne bonang, ke tlaa lo bontsha gore ba ne ba tlisiwa mo bokgobeng, mme ga go ope yo o neng a ka ba golola fa ese Morena Modimo wa bone, ee, le tota Modimo wa ga Aberahame le Isake le wa ga Jakobe.

24 Mme go ne ga diragala gore o ne a ba golola, mme o ne a supa pele thata ya gagwe e kgolo mo go bone, mme go ne go le gogolo maipelo a bone.

25 Gonne bonang, go ne ga diragala gore fa ba ne ba santse ba le mo lefatsheng la Helame, ee, mo motseng wa Helame, fa ba lema lefatshe mo tikologong, bonang mophato wa masole a Baleimene o ne o le mo melelwaneng ya lefatshe.

26 Jaanong go ne ga diragala gore bakaulengwe ba ga Alema ba tshaba go tswa mo masimong a bone, mme ba ikgobokanya mmogo mo motseng wa Helame; mme ba ne ba tshogile thata ka ntlha ya go bonala ga Baleimene.

27 Mme Alema a ya pele mme a ema gareng ga bone mme a ba rotloetsa gore ba seka ba boifa, mme gore ba gakologelwe Morena Modimo wa bone mme o tlaa ba golola.

28 Jalo he ba didimatsa dipoifo tsa bone, mme ba simolola go lelela go Morena gore a nolofatse dipelo tsa Baleimene, gore ba ba tlogele, le basadi ba bone, le bana ba bone.

29 Mme go ne ga diragala gore Morena a nolofatse dipelo tsa Baleimene. Mme Alema le bakaulengwe ba gagwe ba ne ba ya pele mme ba ineela mo diatleng tsa bone; mme Baleimene ba ne ba tsaya lefatshe la Helame.

30 Jaanong mephato ya masole a Baleimene, e e neng ya sala morago batho ba ga kgosi Limohae, e ne e timetse mo nageng malatsi a le mantsi.

31 Mme bonang, ba ne ba bonye baperesiti bale ba ga kgosi Noa, mo lefelong le ba neng ba le bitsa Emiulone; mme ba ne ba simolotse go tsaya lefatshe la Emiulone mme ba ne ba simolotse go lema lefatshe.

32 Jaanong leina la moeteledi pele wa baperesiti bao e ne e le Emiulone.

33 Mme go ne ga diragala gore Emiulone o ne a rapela Baleimene; mme o ne gape a romela basadi ba bone, ba e neng e le barwadia Baleimene, go rapela bakaulengwe ba bone, gore ba seka ba senya banna ba bone.

34 Mme Baleimene ba ne ba nna le bopelotlhomogi mo go Emiulone le bakaulengwe ba gagwe, mme ba seka ba ba senya, ka ntlha ya basadi ba bone.

35 Mme Emiulone le bakaulengwe ba gagwe ba ne ba tlhakana le Baleimene, mme ba ne ba tsamaya mo nageng ba batla lefatshe la Nifae fa ba bona lefatshe la Helame,le le neng le tshotswe ke Alema le bakaulengwe ba gagwe.

36 Mme go ne ga diragala gore Baleimene ba solofetsa Alema le bakaulengwe ba gagwe, gore fa ba ka ba bontsha tsela e e isang kwa lefatsheng la Nifae gore ba tlaa ba neela botshelo jwa bone le kgololesego ya bone.

37 Mme morago ga Alema a sena go ba bontsha tsela e e isang kwa lefatsheng la Nifae Baleimene ba ne ba seka ba tshegetsa tsholofetso ya bone; mme ba ne ba tlhoma badisa mo tikologong ya lefatshe la Helame, godimo ga ga Alema le bakaulengwe ba gagwe.

38 Mme ba bone ba ba setseng ba ya kwa lefatsheng la Nifae; mme bontlha bongwe jwa bone bo ne jwa boela kwa lefatsheng la Helame, mme gape ba tlisa le bone, basadi le bana ba badisa ba ba neng ba tlogetswe mo lefatsheng.

39 Mme kgosi ya Baleimene e ne e neile Emiulone gore a nne kgosi le mmusi mo godimo ga batho ba gagwe, ba ba neng ba le mo lefatsheng la Helame; le fa go ntse jalo a seka a nna le thata ya go dira sepe se se kgatlhanong le thato ya kgosi ya Baleimene.