Scriptures
Mosaeya 28


Kgaolo 28

Barwa Mosaeya ba ya go rerela Baleimene—A dirisa matlapa a mabedi a bolebi, Mosaeya o ranola dipapetlana tsa Bajarete. E ka nna dingwaga di le 92 pele ga ga Keresete.

1 Jaanong go ne ga diragala gore morago ga barwa Mosaeya ba sena go dira dilo tse tsotlhe, ba ne ba tsaya palo e potlana ya bone mme ba boela kwa go rraabo, kgosi, mme ba eletsa mo go ene gore a neele go bone gore ba ka tla, le bao ba ba neng ba ba tlhophile, ba ka ya godimo kwa lefatsheng la Nifae gore ba ka tla ba rera dilo tse ba neng ba di utlwile, le gore ba ka tla ba neela lefoko la Modimo go bakaulengwe ba bone, Baleimene—

2 Gore gongwe ba ka ba tlisa mo kitsong ya Morena Modimo wa bone, le go ba dumedisa ka ga boikepi jwa borraabo; le gore gongwe ba ka ba fodisa letlhoo la bone go Banifae, le gore gape ba ka tlisiwa go ipela mo Moreneng Modimo wa bone, gore ba ka tsalana mongwe go yo mongwe, le gore go se tlhole go nna dikomano mo lefatsheng lotlhe le Morena Modimo wa bone a le ba fileng.

3 Jaanong ba ne ba eletsa gore poloko e begelwe setshidi sengwe le sengwe, gonne ba ne ba sa kgone gore botho bope jwa motho bo senyege; ee, le dikakanyo tota tsa gore motho mongwe a itshokele botlhoko le khutsafalo e e sa feleng di ne tsa ba dira gore ba rorome le go tetesela.

4 Mme jalo Mowa wa Morena o ne wa dira mo go bone, gonne ba ne ba le masilo a baleofi e le ruri. Mme Morena o ne a bona go lekane mo kutlwelobotlhokong ya gagwe e e senang tshimologo le bokhutlo go ba somarela; le fa go ntse jalo ba sotlegile botlhoko le tshwenyego e ntsi ya botho ka ntlha ya boikepi jwa bone, ba sotlega thata e bile ba boifa gore ba ka kobiwa ka metlha.

5 Mme go ne ga diragalala gore ba ne ba rapela rraabone malatsi a le mantsi gore ba ka ya godimo kwa lefatsheng la Nifae.

6 Mme kgosi Mosaeya a tsamaya mme a botsa Morena gore a a letlelele barwawe go ya godimo gareng ga Baleimene go rera lefoko.

7 Mme Morena a raya Mosaeya a re: Ba lese ba tsamaye, gonne bontsi bo tlaa dumela mo mafokong a bone, mme ba tlaa nna le botshelo jo bosakhutleng; mme ke tlaa golola barwao go tswa mo diatleng tsa Baleimene.

8 Mme go ne ga diragala gore Mosaeya a neele gore ba ka tsamaya le go dira go ya ka fa kopong ya bone.

9 Mme ba tsaya loeto lwa bone mo nageng go ya godimo go rera lefoko gareng ga Baleimene; mme ke tlaa fa pego ya ditiro tsa bone go tsweng fa.

10 Jaanong kgosi Mosaeya o ne a sena ope yo a ka mo nayang bogosi, gonne go ne go se ope wa barwawe yo o neng a dumela bogosi.

11 Jalo he o ne a tsaya dipego tse di neng di gabilwe mo dipapetlaneng tsa borase, ga mmogo le dipapetlana tsa ga Nifae, le dilo tsotlhe tse a neng a di beile a bo a di babalela go ya ka fa ditaelong tsa Modimo, morago ga a sena go ranola le go dira gore go kwalwe dipego tse di neng di le mo dipapetlaneng tsa gauta tse di neng tsa bonwa ke batho ba ga Limohae, tse di neng tsa neelwa ene ka seatla sa ga Limohae;

12 Mme se o ne a se dira ka ntlha ya tlhobaelo e kgolo ya batho ba gagwe; gonne ba ne ba eletsa go feta selekanyo go itse mabapi le batho bao ba ba neng ba senngwa.

13 Mme jaanong a di ranola ka tiriso ya matlapana a mabedi ao a a neng a bofeletswe mo matshitshing a mabedi a bora.

14 Jaanong dilo tse di ne di baakantswe go tswa kwa tshimologong, mme tsa fitisediwa tlase go tswa tshikeng go ya tshikeng, ka maikaelelo a go tolokolola dipuo;

15 Mme di ne tsa bewa tsa ba tsa babalelwa ka seatla sa Morena, gore a tle a bontshe setshidi sengwe le sengwe yo o tlaa ruang lefatshe, boikepi le bodiabole jwa batho ba gagwe;

16 Mme mang le mang yo o nang le dilo tse o bidiwa molebi, go ya ka fa mokgweng wa dinako tsa bogologolo.

17 Jaanong fa Mosaeya a sena go fetsa go ranola dipego tse di kwadilweng tse, bonang, e neela pego ya batho ba ba neng ba senngwa, go tswa ka nako e ba neng ba senngwa go boela morago kwa go agiweng ga kago e e godileng, ka nako e Morena a neng a tlhakatlhakanya puo ya batho mme ba ne ba phatlaladiwa kwa ntle mo sefatlhogong sa lefatshe lotlhe, ee, gape le go tswa mo nakong eo tota go ya morago go fitlhelela go bopiwa ga ga Atame.

18 Jaanong pego e e ne ya dira batho ba ga Mosaeya gore ba lele mo go feteletseng, ee, ba ne ba tletse bohutsana; le fa go ntse jalo e ne ya ba fa kitso e ntsi, e mo go yone ba neng ba ipela.

19 Mme pego e e tlaa kwalwa go tswa fano; gonne bonang, go a tlhokafala gore batho botlhe ba itse dilo tse di kwadilweng mo pegong e.

20 Mme jaanong, jaaka ke lo reile, gore morago ga kgosi Mosaeya a sena go dira dilo tse, o ne a tsaya dipapetlana tsa borase, le dilo tsotlhe tse a neng a di beile, mme a di tlhoma mo go Alema, yo e neng e le morwa Alema; ee, dipego tse di kwadilweng tsotlhe, ga mmogo le diranodi, mme a di tlhoma mo go ene, mme a mo laela gore a di beye a bo a di babalele, le gape gore a beye pego e e kwadilweng ya batho, a di neela tlase go tswa tshikeng e nngwe go ya go e nngwe, le tota jaaka di ne di neilwe go ya tlase go tswa ka nako e Lihae a neng a tswa kwa Jerusalema.