Scriptures
Mosaeya 24


Kgaolo 24

Emiulone o bogisa Alema le batho ba gagwe—Ba tshwanetse go tlisiwa mo losong fa ba rapela—Morena o dira gore mekgweleo ya bone o nne e kete o motlhofo—O ba golola mo bokgobeng, mme ba boela kwa Sarahemola. E ka nna dingwaga di le 145 go ya go di le 120 pele ga ga Keresete.

1 Mme go ne ga diragala gore Emiulone o ne a bona go ratega mo matlhong a kgosi ya Baleimene; jalo he, kgosi ya Baleimene e ne ya neela ene le bakaulengwe ba gagwe gore ba tlhomiwe go nna baruti godimo ga batho ba gagwe, ee, le mo godimo ga batho ba ba neng ba le mo lefatsheng la Shemolone, le mo lefatsheng la Shaelamo le mo lefatsheng la Emiulone.

2 Gonne Baleimene ba ne ba tsere mafatshe a otlhe; jalo he, kgosi ya Baleimene e ne e tlhomile dikgosi godimo ga mafatshe a otlhe.

3 Mme jaanong leina la kgosi ya Baleimene e ne e le Leimene, a biditswe morago ga leina la ga rraagwe; mme jalo he o ne a bidiwa kgosi Leimene. Mme o ne a le kgosi godimo ga batho ba le bantsi.

4 Mme o ne a tlhoma baruti ba bakaulengwe ba ga Emiulone mo lefatsheng lengwe le lengwe le le neng e le la batho ba gagwe; mme jalo puo ya ga Nifae e ne ya simolola go rutwa gareng ga batho botlhe ba Baleimene.

5 Mme e ne e le batho ba ba botsalano mongwe go yo mongwe; le fa go ntse jalo ba ne ba sa itse Modimo; le fa e le bakaulengwe ba ga Emiulone go ba ruta sepe mabapi le Morena Modimo wa bone, le fa e le molao wa ga Moše; le fa e le go ba ruta mafoko a ga Abinatae;

6 Mme ba ne ba ba ruta gore ba beye pego e e kwadileng ya bone, le gore ba ka kwalelelana mongwe go yo mongwe.

7 Mme jalo Baleimene ba simolola go oketsega mo dikhumong, mme ba simolola go bapadisanya mongwe le yo mongwe le go gola mo go golo, mme ba simolola go nna batho ba ba boferefere le tlhalefo, go ya ka tlhalefo ya lefatshe, ee, batho ba ba boferefere thata, ba itumela mo mekgweng yotlhe ya boleo le borukutlhi, kwa ntle ga e ne e le gareng ga bakaulengwe ba bone.

8 Mme jaanong go ne ga diragala gore Emiulone a simolole go dirisa taolo mo godimo ga ga Alema le bakaulengwe ba gagwe, mme a simolola go mo tshwenya, mme a dira gore bana ba gagwe ba tshwenye bana ba bone.

9 Gonne Emiulone o ne a itse Alema, gore e ne e le mongwe wa baperesiti ba kgosi, le gore e ne e le ene yo o neng a dumela mafoko a ga Abinatae le gore o ne a kobelwa kwa ntle go tswa fa pele ga kgosi, mme jalo o ne a mo galefela; gonne o ne a le mo taolong ya ga kgosi Leimene, mme o ne a dirisa taolo mo go bone, mme a baya ditiro mo go bone, mme a baya badirisi mo godimo ga bone.

10 Mme go ne ga diragala gore go ne go le gogolo dipogisego tsa bone mo ba neng ba simolola go lelela mo gogolo go Modimo.

11 Mme Emiulone a ba laela gore ba emise dilelo tsa bone; mme a baya badisa godimo ga bone go ba lebelela, gore mang le mang yo o tlaa fitlhelwang a bitsa Modimo a tlisiwe mo losong.

12 Mme Alema le batho ba gagwe ba ne ba seka ba tsholeletsa mantswe a bone go Morena Modimo wa bone, mme ba ne ba tshololela dipelo tsa bone kwa go ene; mme o ne a itse dikakanyo tsa dipelo tsa bone.

13 Mme go ne ga diragala gore lentswe la Morena le tle kwa go bone mo dipogisegong tsa bone, le re: Tsholetsang ditlhogo tsa lona mme lo nne le kgomotsego e e molemo, gonne ke itse kgolagano e lo e dirileng go nna; mme ke tlaa golagana le batho ba me mme ke ba golole go tswa mo bokgobeng.

14 Mme gape ke tlaa tlhofofatsa mekgweleo e e pegwang mo magetleng a lona, gore le lona tota lo seka lwa e utlwa mo mekwatleng ya lona, le fa le le mo bokgobeng; mme se ke tlaa se dira gore lo tle lo eme lo le basupi ba me morago fa, le gore lo itse ka nnete gore nna, Morena Modimo, ke etela batho ba me mo dipogisegong tsa bone.

15 Mme jaanong go ne ga diragala gore mekgweleo e e neng e pegilwe mo go Alema le bakaulengwe ba gagwe e ne ya diriwa motlhofo; ee, Morena o ne a ba nonotsha mo ba neng ba kgona go rwala mekgweleo ya bone ka motlhofo, mme ba ne ba ineela ka boitumelo le bopelotelele go thato yotlhe ya Morena.

16 Mme go ne ga diragala gore go ne go le gogolo jalo tumelo ya bone le bopelotelele jwa bone mo lentswe la Morena le neng la tla go bone gape, le re: Gomotsegang mo go molemo, gonne ka moso ke tlaa lo golola go tswa mo bokgobeng.

17 Mme a raya Alema a re: O tlaa tsamaya fa pele ga batho ba, mme ke tlaa tsamaya le wena mme ke golole batho ba go tswa mo bokgobeng.

18 Jaanong go ne ga diragala gore Alema le batho ba gagwe mo nakong ya bosigo ba ne ba kgobokanya maraka a bone, le mabele a bone; ee, le nako yotlhe ya bosigo tota ba ne ba phutha maraka a bone mmogo.

19 Mme mo mosong Morena a dira boroko jo bogolo go tla mo Baleimeneng, ee, le badirisi botlhe ba bone ba ne ba le mo borokong jwa lephula.

20 Mme Alema le batho ba gagwe ba ne ba emelelela mo nageng; mme fa ba sena go tsamaya letsatsi lotlhe ba ne ba tlhoma ditante tsa bone mo mokgatšheng, mme ba bitsa mokgatšha Alema, ka ntlha ya gore o ne a etelela pele tsela ya bone mo nageng.

21 Ee, mme mo mokgatšheng wa Alema ba ne ba tshololela ditebogo tsa bone go Modimo ka ntlha ya gore o ne a nnile kutlwelobotlhoko mo go bone, mme a tlhofofatsa mekgweleo ya bone, mme o ne a ba golotse go tswa mo bokgobeng; gonne ba ne ba le mo bokgobeng, mme ope o ne a ka seka a ba golola kwa ntle ga e ne e le Morena Modimo wa bone.

22 Mme ba ne ba neela malebogo go Modimo, ee, banna botlhe ba bone le basadi botlhe ba bone le bana botlhe ba bone ba ba neng ba kgona go bua ba tsholetsa mantswe a bone mo go bakeng Modimo wa bone.

23 Mme jaanong Morena a raya Alema a re: Itlhaganele wena mme o intshe wena le batho ba mo lefatsheng le, gonne Baleimene ba tsogile mme ba lo latetse; jalo he intsheng mo lefatsheng le, mme ke tlaa emisa Baleimene mo mokgatšheng o, gore ba seka ba tla go feta mo patlong ya batho ba gago.

24 Mme go ne ga diragala gore ba tswe mo mokgatšheng, mme ba tseela loeto lwa bone mo nageng.

25 Mme morago ga ba sena go nna mo nageng malatsi a le lesome le bobedi ba ne ba goroga mo lefatsheng la Sarahemola; mme kgosi Mosaeya le ene o ne a ba amogela ka boipelo.