Scriptures
Mosaeya 19


Kgaolo 19

Giteone o batla go bolaya Kgosi Noa—Baleimene ba tlhasela lefatshe—Kgosi Noa o boga loso ka molelo—Limohae o busa e le kgosi e e ntshang sehuba. E ka nna dingwaga di le 145 go ya go di le 121 pele ga ga Keresete.

1 Mme go ne ga diragala gore mophato wa masole a kgosi wa boa, ba senkile mo lefeleng batho ba Morena.

2 Mme jaanong bonang, matsholo a kgosi a ne a le mannye, a ne a fokoditswe, mme go ne ga simolola go nna le kgaogano gareng ga batho ba ba neng ba setse.

3 Mme bontlha jo bonnye jwa simolola go kgwa matshosetsi kgatlhanong le kgosi, mme ga simolola go nna le komano e kgolo gareng ga bone.

4 Mme jaanong go ne go le monna gareng ga bone yo leina la gagwe e neng e le Giteone, mme ene e ne e le monna yo o nonofileng gape e le mmaba go kgosi, jalo he a ntsha tšhaka ya gagwe, mme a ikana mo kgalefong ya gagwe gore o tlaa bolaya kgosi.

5 Mme go ne ga diragala gore a lwe le kgosi; mme fa kgosi a lemoga gore o ne a le gaufi le go mo fekeetsa, a tshaba mme a sia mme a ya godimo ga kago e e godileng e e neng e le gaufi le tempele.

6 Mme Giteone a mo sala morago mme o ne a le gaufi le go palama kago e e godileng go bolaya kgosi, mme kgosi a latlhela matlho a gagwe mo tikologong go ya kwa lefatsheng la Shemolone, mme bonang, mophato wa masole a Baleimene o ne o le mo melelwaneng ya lefatshe.

7 Mme jaanong kgosi o ne a kuela kwa godimo mo botlhokong le khutsafalo ya botho jwa gagwe, a re: Giteone, se mpolae, gonne Baleimene ba mo go rona, mme ba tlaa re senya; ee, ba tlaa senya batho ba me.

8 Mme jaanong kgosi e ne e sa tshwenyega mo go kalo ka ga batho ba gagwe jaaka a ne a tshwenyegile ka botshelo jwa gagwe; le fa go ntse jalo, Giteone o ne a baya botshelo jwa gagwe.

9 Mme kgosi a laela batho gore ba tshabe fa pele ga Baleimene mme ene ka boene o ne a ya kwa pele ga bone, mme ba ne ba tshabela mo nageng, ka basadi ba bone le ka bana ba bone.

10 Mme go ne ga diragala gore Baleimene ba ne ba ba sala morago, mme ba ne ba ba tshwara, mme ba simolola go ba bolaya.

11 Jaanong go ne ga diragala gore kgosi a ba laele gore banna botlhe ba tlogele basadi ba bone le bana ba bone, mme ba tshabe fa pele ga Baleimene.

12 Jaanong go ne go le ba le bantsi ba ba neng ba seka ba ba tlogela, mme ba bogolo ba ne ba nna le go nyelela le bone. Mme ba bangwe ba tlogela basadi ba bone le bana ba bone mme ba tshaba.

13 Mme go ne ga diragala gore ba ba neng ba nna le basadi ba bone le bana ba bone ba dira gore barwadia bone ba bantle ba eme pele mme ba rapele Baleimene gore ba seka ba ba bolaya.

14 Mme go ne ga diragala gore Baleimene ba ne ba na le bopelotlhomogi mo go bone, gonne ba ne ba kgatlhilwe ke bontle jwa basadi ba bone.

15 Jalo he Baleimene ba ne ba lesa matshelo a bone, mme ba ba tsaya ditshwarwa mme ba ba tseela morago kwa lefatsheng la Nifae, mme ba ba letlelela gore ba ka nna le lefatshe, ka fa tlase ga tumalano ya gore ba tlaa tlisa kgosi Noa mo diatleng tsa Baleimene, le go neela dithoto tsa bone, le tota sephatlo sa tsotlhe tse ba nang le tsone, sephatlo sa gauta ya bone, le selefera ya bone, le dilo tsotlhe tsa bone tsa botlhokwa, mme jalo ba tshwanetse ba duela sehuba go kgosi ya Baleimene ka ngwaga le ngwaga.

16 Mme jaanong go ne go le mongwe wa barwa ba kgosi mo gare ga bao ba ba neng ba tserwe botshwaro, yo leina la gagwe e neng e le Limohae.

17 Mme jaanong Limohae o ne a eletsa gore rraagwe a seka a nyelediwa; le fa go ntse jalo, Limohae o ne a sa tlhoke kitso ya boikepi jwa ga rraagwe, ene ka boene e ne e le monna yo o tshiamo le tlhamalalo.

18 Mme go ne ga diragala gore Giteone a roma banna go tsena mo nageng ka sephiri, go batla kgosi le bao ba ba neng ba na le ene. Mme go ne ga diragala gore ba rakane le batho mo nageng, botlhe kwa ntle ga kgosi le baperesiti ba gagwe.

19 Jaanong ba ne ba ikanne mo dipelong tsa bone gore ba tlaa boela kwa lefatsheng la Nifae, mme fa basadi ba bone le bana ba bone ba bolailwe, ga mmogo le bao ba ba neng ba sala le bone, gore ba tlaa batla ipusolosetso, mme gape ba nyelele le bone.

20 Mme kgosi a ba laela gore ba seka ba boa; mme ba ne ba šakgaletse kgosi, mme ba mo dira gore a boge, le mo losong ka molelo.

21 Mme ba ne ba le gaufi le go tsaya baperesiti le bone mme ba ba baya mo losong, mme ba tshaba fa pele ga bone.

22 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba le gaufi le go boela kwa lefatsheng la Nifae, mme ba rakana le banna ba ga Giteone. Mme banna ba ga Giteone ba ne ba ba bolelela ka ga tsotlhe tse di diragaletseng basadi ba bone le bana ba bone; le gore Baleimene ba ba letleletse gore ba ka nna le lefatshe ka go duela sehuba go Baleimene la sephato sa tsotlhe tse ba neng ba na le tsone.

23 Mme batho ba ne ba bolelela banna ba ga Giteone gore ba bolaile kgosi, le gore baperesiti ba gagwe ba tshabile go tswa mo go bone go ya kwa teng mo nageng.

24 Mme go ne ga diragala gore morago ga ba sena go fetsa modiro, gore ba boela kwa lefatsheng la Nifae, ba ipela, ka ntlha ya gore basadi ba bone le bana ba bone ba ne ba sa bolawa; mme ba bolelela Giteone se ba se dirileng go kgosi.

25 Mme go ne ga diragala gore kgosi ya Baleimene o ne a dira maikano go bone, gore batho ba gagwe ba seka ba ba bolaya.

26 Mme gape Limohae, e ne e le morwa kgosi, a ne bogosi bo tlhomile mo go ene ke batho, a dira maikano go kgosi ya Baleimene gore batho ba gagwe ba tlaa duela sehuba go ene, le e leng tota sephatlo sa tsotlhe tse ba neng ba na le tsone.

27 Mme go ne ga diragala gore Limohae o ne a simolola go tlhoma motse wa bogosi le go tlhoma kagiso gareng ga batho ba gagwe.

28 Mme kgosi ya Baleimene a tlhoma badisa mo tikologong ya lefatshe, gore a tle a beye batho ba ga Limohae mo lefatsheng, gore ba tle ba seka ba emelelela mo nageng; mme o ne a tlhokomela badisa ba gagwe go tswa mo sehubeng se a neng a se amogela go tswa go Banifae.

29 Mme jaanong kgosi Limohae o ne a nna le kagiso e e tsweletseng mo motseng wa gagwe wa bogosi sebaka sa dingwaga di le pedi, ka Baleimene ba ne ba seka ba ba kgerisa le fa e le go batla go ba nyeletsa.