Scriptures
Mosaeya 4


Kgaolo 4

Kgosi Benjamine o tswelela ka puiso ya gagwe—Poloko e tla ka ntlha ya Tetlanyo—Dumela mo Modimong gore o bolokwe—Tshegetsang phimolo ya dibe tsa lona ka boikanyego—Nayang bontlha bongwe jwa dithoto tsa lona go bahumanegi—Dirang dilo tsotlhe ka tlhalefo le tsamaiso. E ka nna dingwaga di le 124 pele ga ga Keresete.

1 Mme jaanong, go ne ga diragala gore fa kgosi Benjamine a sena go dira bokhutlo jwa go bua mafoko a a neng a tlisitswe go ene ke moengele wa Morena, gore o ne a latlhela matlho a gagwe mo tikologong mo matshwititshwiting, mme bonang ba ne ba wetse fa fatshe, gonne poifo ya Morena e ne e tlile mo go bone.

2 Mme ba ne ba ipona mo seemong sa bone sa selefatshe, le go fetwa ke lorole lwa lefatshe tota. Mme botlhe ba ne ba kuela kwa godimo ka lentswe le le lengwe, ba re: O nna le kutlwelobotlhoko, mme o dirise madi a a letlanyang a ga Keresete gore re tle re amogele boitshwarelo jwa dibe tsa rona, mme dipelo tsa rona di tle di itshekisiwe; gonne re dumela mo go Jesu Keresete, Morwa Modimo, yo o bopileng legodimo le lefatshe, le dilo tsotlhe; yo o tlaa tlang tlase gareng ga bana ba batho.

3 Mme go ne ga diragala gore morago ga ba sena go bua mafoko a Mowa wa Morena o ne wa tla mo go bone, mme ba ne ba tletse ka boipelo, ba amogetse phimolo ya dibe tsa bone, mme ba na le kagiso ya letswalo, ka ntlha ya tumelo e e feteletseng e ba neng ba na le yone mo go Jesu Keresete yo o tlaa tlang, go ya ka fa mafoko a kgosi Benjamine a neng a a buile go bone.

4 Mme kgosi Benjamine gape a bula molomo wa gagwe mme a simolola go bua le bone, a re: Ditsala tsa me le bakaulengwe ba me, losika lwa me le batho ba me, ke tlaa gape ke batle tshekegelo tsebe ya lona, gore lo tle lo utlwe mme le tlhaloganye masalela a mafoko a me a ke tlaa a buang le lona.

5 Gonne bonang, fa e le gore kitso ya bomolemo jwa Modimo ka nako e e lo tsositse go tlhaloganyong ya bolefela jwa lona, le botlhoka mosola jwa lona le seemo sa go wa—

6 Ka re go lona, fa e le gore le tsile mo kitsong ya bomolemo jwa Modimo, le thata ya gagwe e e senang bolekane, le tlhalefo ya gagwe, le bopelotelele jwa gagwe, le boitshoko jwa gagwe go bana ba batho; ga mmogo le tetlanyo e e baakantsweng go tswa kwa motheong wa lefatshe, gore jalo poloko e ka tla mo go ene yo o tlaa bayang tshepho ya gagwe mo Moreneng, mme a tlhoafale mo go tshegetseng ditaelo tsa gagwe, mme a tswelele mo tumelong le go ya kwa bokhutlong jwa botshelo jwa gagwe, ke raya botshelo jwa mmele o o swang—

7 Ka re, yo ke ene motho yo o amogelang poloko, ka tetlanyo e e neng ya baakanngwa go tswa kwa motheong wa lefatshe go losika lotlhe lwa motho, ba ba kileng ba nna fa e sale go wa ga ga Atame, kgotsa ba ba leng teng, kgotsa ba ba tlaa nnang, le go ya kwa bofelong jwa lefatshe.

8 Mme se ke mokgwa o ka one poloko e tlang. Mme ga go poloko epe e nngwe fa e se e go builweng ka yone; le e seng gore go na le maemo ape a ka one motho a ka bolokwang fa e se maemo a ke lo a boleletseng.

9 Dumelang mo Modimong; dumelang gore o teng, le gore o bopile dilo tsotlhe, mmogo mo legodimong le mo lefatsheng; dumelang gore o na le tlhalefo yotlhe, le thata yotlhe, mmogo mo legodimong le mo lefatsheng; dumelang gore motho ga a tlhaloganye dilo tsotlhe tse Morena a ka di tlhaloganyang.

10 Mme gape, dumelang gore lo tshwanetse go ikotlhaela dibe tsa lona mme lwa di tlogela, mme lo ikokobetse fa pele ga Modimo; mme lo kope ka boammaaruri jwa pelo gore a lo itshwarele; mme jaanong, fa lo dumela dilo tse tsotlhe bonang gore lo a di dira.

11 Mme gape ka re go lona jaaka ke buile pele, gore jaaka lo tlile mo kitsong ya kgalalelo ya Modimo, kgotsa fa le itsile bomolemo jwa gagwe mme lo utlwile lerato la gagwe, mme lo amogetse phimolo ya dibe tsa lona, se se dirang boipelo jo bogolo mo go feteletseng mo bothong jwa lona, le jalo ke ka re lo ka gakologelwa, mme lwa tshwara mo kgakologelong ka nako yotlhe, bogolo jwa Modimo, le bolefela jwa lona, le bomolemo le boitshoko jwa gagwe mo go lona, ditshidi tse di sa itekanelang, mme lo ikokobetse le tota mo boteng jwa boikokobetso, lo bitsa leina la Morena letsatsi le letsatsi mme lo eme ka nitamo mo tumelong ya seo se se tlaa tlang, se se neng se builwe ka molomo wa moengele.

12 Mme bonang, ka re go lona gore fa lo ka dira se lo tlaa ipela ka nako yotlhe, mme lo tladiwe ka lerato la Modimo, mme ka nako yotlhe lo tshware phimolo ya dibe tsa lona; mme lo tlaa gola mo kitsong ya kgalalelo ya gagwe yo o lo bopileng, kgotsa mo kitsong ya seo se se tshiamo le tlhamalalo le boammaaruri.

13 Mme ga lo na go nna le mogopolo wa go golahatsana, mme go nna ka kagiso, le go neela motho mongwe le mongwe go ya ka fa go se e leng tshwanelo ya gagwe.

14 Mme ga lo na go letla bana ba lona gore ba bolawe ke tlala, kgotsa ba sa ikatega; le fa e le go letla gore ba tlole melao ya Modimo, le go lwa le go omana mongwe le yo mongwe, le go direla diabole, yo e leng mong wa sebe, kgotsa yo e leng mowa o o bosula o o builweng ke borraarona, ene e le mmaba wa tshiamo yotlhe.

15 Mme lo tlaa ba ruta go tsamaya mo ditseleng tsa boammaaruri le tlhoafalo; lo tlaa ba ruta go ratana, le go direlana.

16 Mme gape, lona ka bolona lo tlaa tlamela ba ba tlhokang tlamelo ya lona; lo tlaa abela dilo tsa lona go ene yo o tlhokang; mme ga lo kake lwa letla gore mokopi a beye topo ya gagwe go lona mo lefeleng, mme lwa mmusetsa ntle go nyelela.

17 Gongwe lo tlaa re: Motho o tlisitse bohutsana jwa gagwe mo go ene; jalo ke tlaa seke ke mothuse, mme ga ke na go mo fa dijo tsa me, le fa e le go kgaogana le ene dilo tsa me gore a seka a sotlega, gonne dikotlhao tsa gagwe di tshiamo le tlhamalalo—

18 Mme ka re go lona, O motho, mang le mang yo o dirang se, ene yo o o na le lebaka le legolo go ikotlhaya; mme fa e se fa a ka ikotlhaela seo se a se dirileng o nyelela ka metlha, mme ga a na seabe mo motseng jwa bogosi wa Modimo.

19 Gonne bonang, a ga re bakopi rotlhe? A ga re a baya mo Mothong a le mongwe, e leng Modimo, mo dilwaneng tsotlhe tse re nang le tsone, mmogo mo dijong le diaparo, le mo gauteng le mo selefereng, le mo dikhumong tsotlhe tse re nang le tsone tsa mefuta yotlhe?

20 Mme bonang, le mo nakong e, lo ntse lo bitsa leina la gagwe, mme lo kopa phimolo ya dibe tsa lona. A mme o letleletse gore lo kopile mo lefeleng? Nnyaa; o tsheletse Mowa wa gagwe mo go lona, mme a dira gore dipelo tsa lona di tladiwe ka boipelo, mme a dira gore melomo ya lona e emisiwe gore lo seka lwa kgona go bona puo, bogolo jo bo feteletseng jalo e ne e le boipelo jwa lona.

21 Mme jaanong, fa Modimo, yo o lo bopileng, yo mo go ene le beileng matshelo a lona, le dilo tsotlhe tse lo nang natso le tse lo leng tsone, a neela go lona sengwe le sengwe se le se kopang se se siameng, ka tumelo, lo dumela gore lo tlaa amogela, O jaanong, ka fa lo tshwanetseng go kgaogana dilo tse lo nang le tsone mongwe le yo mongwe.

22 Mme fa lo atlhola motho yo o bayang topo ya gagwe ya dilo tsa lona go lona gore a se nyelele, mme lwa mmona molato, go tlaa bo go siame le go tlhamalala go le kae pono molato le kotlhao ya lona ka ntlha ya go mo ganela ka dilo tsa lona, tse e seng tsa lona mme e le tsa Modimo, yo le botshelo jwa lona e leng jwa gagwe; mme le go le jalo ga lo beye topo, le fa e le go ikotlhaela selo se lo se dirileng.

23 Ka re go lona, khutsafalo go monna yoo, gonne dilo tsa gagwe di tlaa nyelela le ene; mme jaanong, ke bua dilo tse go bao ba ba humileng go ya kafa dilong tsa lefatshe le.

24 Mme gape, ka re go bahumanegi, lona ba lo senang mme lo na le mo go lekaneng, go sala ka letsatsi le letsatsi; ke raya lona lotlhe ba lo sa feng mokopi, ka ntlha ya gore ga lo na; ke tlaa re lo re mo dipelong tsa lona gore: Ga ke neye ka ke sena sepe, mme fa ke ne ke na le gone, ke ne ke tlaa naya.

25 Mme jaanong, fa lo bua se mo dipelong tsa lona, lo nna lo sena molato, go seng jalo lo tlaa bonwa molato; mme pono molato le kotlhao ya lona e tshiamo le tlhamalalo gonne lo eletsa thata seo se lo sa se amogelang.

26 Mme jaanong, ka ntlha ya dilo tse tse ke di buileng go lona—ke gore, ka ntlha ya go tshegetsa phimolo ya dibe tsa lona ka letsatsi le letsatsi, gore lo ka tla lwa tsamaya lo sena molato fa pele ga Modimo—ke rata gore lo kgaogane le bahumanegi dilo tsa lona, motho mongwe le mongwe go ya ka se a nang le sone, jaaka go jesa ba ba bolailweng ke tlala, go apesa ba ba sa ikategang, go etela balwetse le go direla namolo ya bone, mmogo tsa semowa le selefatshe go ya ka go tlhoka ga bone.

27 Mme bonang gore dilo tse tsotlhe di dirwa ka tlhalefo le taolo; gonne ga go tlhokafale gore motho a siane go feta jaaka a na le nonofo. Mme gape, go tlhokafala gore a tlhoafale, gore ka se o ka tla a gapa sekgele; jalo he, dilo tsotlhe di tshwanetse go dirwa mo taolong.

28 Mme ke rata gore lo gakologelwe, gore yo o adimang mo moagisanying wa gagwe gareng ga lona, a buse selo se a se adimileng, go ya jaaka a dumelana, go seng jalo o tlaa dira sebe; mme gongwe o tlaa dira moagisanyi wa gago gore le ene a dire sebe.

29 Mme kwa bofelong, ga ke kake ka lo bolelela dilo tsotlhe tse mo go tsone lo ka dirang sebe; gonne go ditsela tse dintsi le mekgwa, tse dintsi thata mo ke ka sekeng ka di bala.

30 Mme go le kana ke ka lo bolelela, gore fa lo ka seka lwa ikela tlhoko le dikakanyo tsa lona, le mafoko a lona, le ditiro tsa lona, mme lwa ela tlhoko ditaelo tsa Modimo, mme lwa tswelela mo tumelong ya se lo se utlwileng mabapi le go tla ga Morena wa rona, le go ya kwa bofelong jwa matshelo a lona, lo tshwanetse go nyelela. Mme jaanong, O motho, gakologelwa, mme o se nyelele.