Scriptures
Moronae 1


Buka ya ga Moronae

Kgaolo 1

Moronae o kwalela poelo ya Baleimene—Banifae ba ba sa latoleng Keresete ba a bolawa. E ka nna mo ngwageng wa Morena wa 401 go ya go wa 421.

1 Jaanong nna, Moronae, morago ga ke sena go dira bokhutlo jwa go khutshwafatsa pego ya batho ba ga Jarete, ke ne ke gopotse gore ga ke na go kwala go feta, mme go fitlha jaana ga ke ise ke nyelele; mme ga ke dire gore ke itsege go Baleimene e se re kgotsa ba tlaa ntshenya.

2 Gonne bonang, dintwa tsa bone di a boitshega mo go feteletseng gareng ga bone; mme ka ntlha ya letlhoo la bone ba bolaya Monifae mongwe le mongwe yo o tlaa sekeng a latole Keresete.

3 Mme nna, Moronae, ga ke kake ka latola Keresete; ka jalo he, ke kaila gongwe le gongwe kwa ke ka yang go babalela botshelo jwa me.

4 Ka jalo he, ke kwala dilo tse dingwe di se kae, kgatlhanong le seo se ke neng ke se gopotse; gonne ke ne ke gopotse go sa kwale gape; mme ke kwala dilo tse dingwe di se kae, gore gongwe di ka nna tsa botlhokwa go bakaulengwe ba me, Baleimene, mo letsatsing lengwe le le tlaa tlang, go ya ka fa thatong ya Morena.