Scriptures
Moronae 2


Kgaolo 2

Jesu o neetse barutwana ba Banifae thata ya go naya neo ya Mowa o o Boitshepho. E ka nna mo ngwageng wa Morena wa 401 go ya go wa 421.

1 Mafoko a ga Keresete, a a a buileng go barutwana ba gagwe, ba ba lesome le bobedi ba a neng a ba tlhophile, jaaka a ne a baya diatla tsa gagwe mo go bone—

2 Mme a ba bitsa ka leina, a re: Lo tlaa bitsa Rara mo leineng la me, mo thapelong e kgolo; mme morago ga lo sena go dira se lo tlaa nna le thata gore kwa go ene yo mo go ene lo tlaa bayang diatla tsa lona, lo tlaa naya Mowa o o Boitshepho; mme mo leineng la me lo tlaa o naya, gonne jalo go dira baaposetole ba me.

3 Jaanong Keresete o buile mafoko a go bone ka nako ya go bonala ga gagwe ga ntlha; mme matshwititshwiti a ne a seka a se utlwa, mme barutwana ba ne ba se utlwa; mme mo bontsing jo bo lekanang le jaaka ba ne ba baya diatla tsa bone, ga wela Mowa o o Boitshepho.