Scriptures
Moronae 4


Kgaolo 4

Ka fa bagolwane le baperesiti ba segofatsang senkgwe sa selalelo go a tlhalosiwa. E ka nna mo ngwageng wa Morena wa 401 go ya go wa 421.

1 Mokgwa wa bagolwane ba bone le baperesiti ba direla nama le madi a ga Keresete go kereke; mme ba ne ba se direla go ya ka fa ditaelong tsa ga Keresete; ka jalo he re itse mokgwa gore o boammaaruri; mme mogolwane kgotsa moperesiti o ne a se segofatsa—

2 Mme ba ne ba khubama fatshe le kereke, mme ba rapela go Rara mo leineng la ga Keresete, ba re:

3 O Modimo, Rara wa Bosakhutleng, re go lopa mo leineng la Morwao, Jesu Keresete, go segofatsa le go itshekisa senkgwe se kwa bothong jwa botlhe bao ba ba nnang le seabe mo go sone; gore ba ka ja mo kgakologelong ya mmele wa Morwao, le go supa go wena, O Modimo, Rara wa Bosakhutleng, gore ba rata go tsaya mo go bone leina la Morwao, le go mo gakologelwa ka nako yotlhe, le go tshegetsa ditaelo tsa gagwe tse a di neileng bone, gore ba ka tla ka nako yotlhe ba nna le Mowa wa gagwe go nna le bone. Amene.