Scriptures
Moronae 9


Lokwalo lwa bobedi la ga Momone kwa go morwawe, Moronae.

E le mo kgaolo 9.

Kgaolo 9

Mmogo Banifae le Baleimene ba boleo mme ba a senyega—Ba a leketana le go bolaana—Momone o rapela gore letlhogonolo le bomolemo di ka nna mo go Moronae ka metlha. E ka nna mo ngwageng wa Morena wa 401 go ya go wa 421.

1 Morwaaka yo o rategang, ke kwala go wena gape gore o tle o itse go re ke santse ke tshela; mme ke kwala ka selekanyo sengwe ka ga seo se se botlhoko.

2 Gonne bona, ke nnile le ntwa e e botlhoko le Baleimene, e mo go yone re neng ra seka ra fenya; mme Akianthase o ole ka tšhaka, ga mmogo le Lurama le Emorane; ee, mme re latlhegetswe ke palo e kgolo ya banna ba rona ba ba kgethegileng.

3 Mme jaanong bona, morwaaka, ke a boifa gore e se re kgotsa Baleimene ba tlaa senya batho ba; gonne ga ba ikotlhae, mme Satane o a ba fuduwa ka tswelelo go šakgala mongwe go yo mongwe.

4 Bona, ke dira le bone ka tswelelo; mme fa ke bua lefoko la Modimo ka bogale ba a roroma le go šakgala kgatlhanong le nna; mme fa ke sa dirise bogale ba thatafatsa dipelo tsa bone kgatlhanong le lone; ka jalo he, ke a boifa e se re kgotsa Mowa wa Morena o emisitse go dira le bone.

5 Gonne mo go feteletseng jalo ba a šakgala gore go lebega mo go nna e kete ga ba na poifo ya loso; mme ba latlhegetswe ke lorato lwa bone, mongwe go ya go yo mongwe; mme ba nyora morago ga madi le pusoloso ka tswelelo.

6 Mme jaanong, morwaaka yo o rategang, go sa kgathalesege bothata jwa bone, a re dire ka tlhoafalo; gonne fa re ka emisa go dira, re tlaa tlisiwa ka fa tlase ga pono molato le kotlhao; gonne re na le tiro go e dira fa re santse re le mo motlaaganeng o wa mmopa, gore re ka fenya mmaba wa tshiamo yotlhe, mme ra lapolosa botho jwa rona mo motseng wa bogosi jwa Modimo.

7 Mme jaanong ke kwala ka selekanyo sengwe mabapi le ditshotlego tsa batho ba. Gonne go ya ka fa kitsong e ke e amogetseng go tswa ko go Emorane, bona, Baleimene ba na le magolegwa a le mantsi, a ba a tsereng kwa kagong e e godileng ya Sheraesa; mme e ne e le banna, basadi, le bana.

8 Mme banna le borraabo basadi bao le bana ba ba bolaile; mme ba jesa basadi dinama tsa banna ba bone, le bana dinama tsa borraabo; mme go sena metsi, fa e se go le gonnye, ba a naya go bone.

9 Mme go sa kgathalesege bodiabole jo bogolo jo jwa Baleimene, ga bo fete jwa batho ba rona mo Morianthamo. Gonne bona, bontsi jwa barwadia Baleimene ba ba tsere magolegwa; mme morago ga ba ba tseela seo se se neng se ratega go gaisa le botlhokwa godimo ga dilo tsotlhe, se e leng boitsholo jo bo itshekileng le boitsheko—

10 Mme morago ga ba sena go dira selo se, ba ne ba ba bolaya ka mokgwa o o setlhogo go gaisa, ba leketa mebele ya bone le go ya losong tota; mme morago ga ba sena go dira se, ba gabura nama ya bone jaaka dibatana tsa naga, ka ntlha ya bothata jwa dipelo tsa bone; mme ba se dira e le sekao sa bopelokgale.

11 O morwaaka yo o rategang, go ka direga jang batho ba ba ntseng jaana, ba ba senang tlhabologo—

12 (Mme dingwaga di se kae fela di fitile, mme ba ne ba le batho ba ba tlhabologileng ba ba itumedisang)

13 Mme O morwaaka, go ka direga jang batho ba ba ntseng jaana, ba boitumelo jwa bone bo leng mo bodiaboleng jo bontsi jaana—

14 Re ka solofela jang gore Modimo o tlaa itshwara mo katlholong kgatlhanong le rona?

15 Bona, pelo ya me e a lela: Khutsafalo go batho ba. Tla kwa ntle mo katlholong, O Modimo, mme o fitlhe dibe tsa bone, le boleofi, le bodiabole go tswa fa pele ga sefatlhogo sa gago!

16 Mme gape, morwaaka, go na le batlholagadi ba le bantsi le barwadia bone ba ba setseng mo Sheraesa; le karolo eo ya mefago e Baleimene ba neng ba seka ba e tsaya, bona, mophato wa ga Sinafae o thothile, mme wa ba tlogela go kaila kae le kae kwa ba ka yang go senka dijo; mme basadibagolo ba le bantsi ba a idibala mo tseleng mme ba swe.

17 Mme mophato o o nang le nna o bokowa; mme mephato ya Baleimene e fa gare ga Sheraesa le nna; mme go lekana le bontsi jo bo neng jwa tshabela kwa mophatong wa ga Arone, ba nnile batswa-setlhabelo go bosetlhogo jwa bone jo bo boitshegang.

18 O boleo jwa batho ba me! Ga ba na thulaganyo e bile ga ba kutlwelobotlhoko. Bona, ke monna fela, mme ke na le fela thata ya monna, mme ga ke kake ka tlhola ke patelela ditaelo tsa me.

19 Mme ba nonofile mo tshokamong ya bone; mme ba a tshwana mo bosetlhogong, ga ba sadise ope, le e seng batsofe le fa e le ba ba botlana; mme ba itumela mo selong sengwe le sengwe fela fa e se se se molemo; mme tshotlego ya basadi ba rona le bana ba rona mo sefatlhogo sotlhe sa lefatshe leno e feta sengwe le sengwe; ee, loleme ga lo kake lwa go bolela, le e seng gore go ka kwalwa.

20 Mme jaanong, morwaaka, ga ke sa tlhole ke nna mo ponong e e boitshegang e. Bona, o itse boleofi jwa batho ba; o itse gore ga ba na molawana wa tlholego, mme ba fetile go utlwa; mme boleofi jwa bone bo feta jwa Baleimene.

21 Bona, morwaaka, ga ke kake ka ba bua bontle go Modimo e se re kgotsa o tlaa nkitaya.

22 Mme bona, morwaaka, ke bua wena bontle go Modimo, mme ke tshepha mo go Keresete gore o tlaa bolokwa; mme ke rapela go Modimo gore a babalele botshelo jwa gago, go bona go boela ga batho ba gagwe go ene, kgotsa go senngwa gotlhelele ga bone; gonne ke itse gore ba tshwanetse go nyelela kwa ntle ga ba ka ikotlhaya mme ba boela kwa go ene.

23 Mme fa ba nyelela go tlaa bo go le jaaka go Bajarete, ka ntlha ya go rata ga dipelo tsa bone, ba batla madi le go busolosa.

24 Mme fa go ka nna gore ba nyelele, re itse gore bontsi jwa bakaulengwe ba rona ba ngwegetse ka kwa go Baleimene, mme ba le bantsi go feta le bone ba tlaa ngwegela kwa go bone; ka jalo he, kwala ka selekanyo sengwe dilo di se kae, fa o ka sadisiwa mme ka nyelela mme ka seka ka go bona; mme ke tshepha gore ke tlaa go bona mo bogautshwaneng; gonne ke na le dipego tse di kwadilweng tse di boitshepho tse ke tlaa di tlisang go wena.

25 Morwaaka, nna boikanyego mo go Keresete; mme a dilo tse ke di kwadileng di se go utlwise botlhoko, go go imelela tlase go ya losong; mme a Keresete a go tsholeletse godimo, mme a ditshotlego tsa gagwe le loso, le go supa mmele wa gagwe go borraarona, le kutlwelobotlhoko ya gagwe le boitshoko, le tsholofelo ya kgalalelo ya gagwe le botshelo jo bosakhutleng, di ikhutse mo tlhaloganyong ya gago ka metlha.

26 Mme a matlhogonolo a Modimo Rara, yo setilo sa gagwe sa bogosi se leng kwa godimo mo magodimong, le Morena wa rona Jesu Keresete, yo o ntseng ka fa letsogong la moja la thata ya gagwe, go fitlhelela dilo tsotlhe di tlaa nna mo taolong ya gagwe, a nne, mme a nne le wena ka metlha. Amene.