Scriptures
Moronae 5


Kgaolo 5

Mokgwa wa go segofatsa mofine wa selalelo o tlhongwa pele. E ka nna mo ngwageng wa Morena wa 401 go ya go wa 421.

1 Mokgwa wa go segofatsa mofine—bonang, ba ne ba tsaya senwelo, mme ba re:

2 O Modimo, Rara wa Bosakhutleng, re go lopa, mo leineng la Morwao, Jesu Keresete, go segofatsa le go itshekisa mofine o kwa bothong jwa botlhe bao ba ba o nwang, gore ba ka se dira mo kgakologelong ya madi a Morwao, a a tshololetsweng bone; gore ba ka supa go wena, O Modimo, Rara wa Bosakhutleng, gore ba mo gakologelwa ka nako yotlhe, gore ba ka nna le Mowa wa gagwe go nna le bone. Amene.