Scriptures
Moronae 3


Kgaolo 3

Bagolwane ba tlhoma baperesiti le baruti ka go ba baya diatla. E ka nna mo ngwageng wa Morena wa 401 go ya go wa 421.

1 Mokgwa o barutwana, ba ba neng ba bidiwa bagolwane ba kereke, ba neng ba tlhoma baperesiti le baruti—

2 Morago ga ba sena go rapela go Rara mo leineng la ga Keresete, ba baya diatla tsa bone mo go bone, mme ba re:

3 Mo leineng la ga Jesu Keresete ke go tlhoma go nna moperesiti, (kgotsa fa e ne e le moruti, ke go tlhoma go nna moruti) go rera boikotlhao le phimolo ya dibe ka Jesu Keresete, ka boitshoko jwa tumelo mo leineng la gagwe go ya kwa bokhutlong. Amene.

4 Mme morago ga mokgwa o ba ne ba tlhoma baperesiti le baruti, go ya ka dineo le dipitso tsa Modimo go batho; mme ba ne ba ba tlhoma ka thata ya Mowa o o Boitshepho, o o neng o le mo go bone.