Scriptures
Moronae 8


Kgaolo 8

Kolobetso ya bana ba bannye ke bodiabole jo bo bosula—Bana ba bannye ba a tshela mo go Keresete ka ntlha ya Tetlanyo—Tumelo, boikotlhao, bonolo le boikokobetso jwa pelo, kamogelo ya Mowa o o Boitshepho, le go itshoka go ya kwa bokhutlong di isa kwa polokong. E ka nna mo ngwageng wa Morena wa 401 go ya go wa 421.

1 Lokwalo lwa ga ntate Momone, lo kwaletswe nna, Moronae; mme lo ne lo kwaletswe go nna morago fela ga pitso ya me go tirelo. Mme mo tlhalefong e o ne a kwalela go nna, a re:

2 Morwaaka yo o rategang, Moronae, ke ipela mo go feteletseng gore Morena wa gago Jesu Keresete o ntse a go gopotse, mme o go bileditse kwa tirelong ya gagwe, le kwa tirong ya gagwe e e boitshepho.

3 Ke go gopola ka nako tsotlhe mo dithapelong tsa me, ka tswelelo ke rapela go Modimo Rara mo leineng la Ngwana wa gagwe yo o Boitshepho, Jesu, gore ene, ka bomolemo jwa gagwe jo bo senang bolekanyetso le matlhogonolo, o tlaa go tshegetsa ka go itshoka ga tumelo mo leineng la gagwe go ya kwa bokhutlong.

4 Mme jaanong, morwaaka, ke bua go wena mabapi le seo se se nkutlwisang botlhoko mo go feteletseng; gonne go nkutlwisa botlhoko gore go ka nna le manganga a tsoga gareng ga lona.

5 Gonne, fa e le gore ke ithutile boammaaruri, go ntse go le manganga gareng ga lona mabapi le kolobetso ya bana ba lona ba bannye.

6 Mme jaanong, morwaaka, ke eletsa gore o dire ka tlhoafalo, gore phoso e e maswe e e tlosiwe go tswa gareng ga lona; gonne, ka maikaelelo a ke kwadile lokwalo lo.

7 Gonne fela fa ke sena go itse dilo tse ka wena ka botsa Morena mabapi le kgang. Mme lefoko la Morena la tla kwa go nna ka thata ya Mowa o o Boitshepho, le re:

8 Reetsa mafoko a ga Keresete, Morekolodi wa gago, Morena wa gago le Modimo wa gago. Bonang, ke tlile mo lefatsheng e seng go bitsa basiami mme badira-dibe go boikotlhao; yo o itekanetseng ga a tlhoke ngaka, mme bone ba ba lwalang; ka jalo he, bana ba bannye ba itekanetse, gonne ga ba kgone go dira sebe; ka jalo he khutso ya ga Atame e ntshitswe go tswa mo go bone mo go nna, gore ga e na thata epe mo godimo ga bone; mme molao wa go rupa o fedisitswe mo go nna.

9 Mme morago ga mokgwa o Mowa o o Boitshepho o ne wa supa lefoko la Modimo go nna; ka jalo he, morwaaka yo o rategang, ke itse gore ke go ikgatlha mo go masisi fa pele ga Modimo, gore lo ka kolobetsa bana ba bannye.

10 Bona ka re go wena selo se o tlaa se ruta—boikotlhao le kolobetso go bao ba ba nang le boikarabelo e bile ba kgona go dira sebe; ee, ruta batsadi gore ba tshwanetse go ikotlhaya mme ba kolobediwe, mme ba ikokobetse jaaka bana ba bone ba bannye, mme ba tlaa bolokwa botlhe le bana ba bone ba bannye.

11 Mme bana ba bone ba bannye ga ba tlhoke boikotlhao, le fa e le kolobetso. Bona, kolobetso e go boikotlhao mo go diragatseng ditaelo go phimolo ya dibe.

12 Mme bana ba bannye ba a tshela mo go Keresete, le go tswa kwa motheong wa lefatshe tota; fa go sa nna jalo, Modimo ke Modimo o o sekametseng ntlha e nngwe, ga mmogo le Modimo o o fetogang, le motlotli wa batho; gonne go bana ba le kae ba bannye ba ba suleng kwa ntle ga kolobetso!

13 Ka jalo he, fa bana ba bannye ba ka seka ba bolokwa kwa ntle ga kolobetso, ba ba tshwanetse ba bo ba ile kwa moleteng o o sa feleng.

14 Bona ka re go wena, gore ene yo o gopolang gore bana ba bannye ba tlhoka kolobetso o mo santlhokong wa botlhoko le mo dikgoleng tsa boikepi; gonne ga a na le e seng tumelo, le fa e le tsholofelo, le fa e le bopelonomi; ka jalo he, fa a ka a kgaolwa a santse a le mo kakanyong, o tshwanetse go ya tlase kwa moleteng.

15 Gonne poitshego ke boleofi go gopola gore Modimo o boloka ngwana a le mongwe ka ntlha ya kolobetso, mme yo mongwe o tshwanetse go nyelela ka ntlha ya gore ga a na kolobetso.

16 Khutsafalo a e nne go bone ba ba tlaa sokamisang ditsela tsa Morena morago ga mokgwa o, gonne ba tlaa nyelela fa e se ba ikotlhaya. Bona, ke bua ka tshosologo, ke na le thata go tswa kwa Modimong; Mme ga ke boife se motho a ka se dirang; gonne lorato lo lo itekanetseng le koba poifo yotlhe.

17 Mme ke tletse bopelonomi, jo e leng lorato lo lo senang bokhutlo; ka jalo he, bana botlhe ba a tshwana go nna; ka jalo he, ke rata bana ba bannye ka lorato lo lo itekanetseng; mme botlhe ba a tshwana mme ke ba nna le seabe sa poloko.

18 Gonne ke itse gore Modimo ga se Modimo o o sokametseng ntlha nngwe, le e seng setshidi se se fetogang; mme ga a fetoge go tswa metlheng ya bosakhutleng yotlhe go ya metlheng ya bosakhutleng yotlhe.

19 Bana ba bannye ga ba kake ba ikotlhaya; ka jalo he, ke boleofi jo bo boitshegang go itsa mautlwelobotlhoko a a itshekileng a Modimo go bone, gonne botlhe ba a tshela mo go ene ka ntlha ya mautlwelobotlhoko a gagwe.

20 Mme ene yo o reng bana ba bannye ba tlhoka kolobetso o latola mautlwelobotlhoko a ga Keresete, mme o baya kwa lefeleng tetlanyo ya gagwe le thata ya thekololo ya gagwe.

21 Khutsafalo go ba ba jalo, gonne ba mo kotsing ya loso, molete, le botlhoko le khutsafalo e e sa feleng. Ke a bua ka tshosologo; Modimo o ntaetse. Reetsa go one mme o eletlhoko, kgotsa a ema kgatlhanong le wena kwa setilong sa katlholo sa ga Keresete.

22 Gonne bona gore bana ba bannye botlhe ba a tshela mo go Keresete, le gape botlhe bone ba ba senang molao. Gonne thata ya thekololo e tla mo go botlhe bone ba ba senang molao; ka jalo he, ene yo a sa bonwang molato, kgotsa ene yo o seng ka fa tlase ga pono molato le kotlhao, ga a kake a ikotlhaya; mme go yo o jalo kolobetso ga e tlise sepe—

23 Mme ke go ikgatlha fa pele ga Modimo, go latola mautlwelobotlhoko a ga Keresete, le thata ya Mowa wa gagwe o o Boitshepho, le go baya tshepho mo ditirong tse di suleng.

24 Bona, morwaaka, selo se ga se a tshwanela go nna; gonne boikotlhao bo go bone ba ba leng ka fa tlase ga pono molato le kotlhao le ka fa tlase ga khutso ya molao o o robilweng.

25 Mme maungo a ntlha a boikotlhao ke kolobetso; mme kolobetso e tla ka tumelo mo go diragatseng ditaelo; mme go diragatsa ditaelo go tlisa phimolo ya dibe;

26 Mme phimolo ya dibe e tlisa bonolo, le boikokobetso jwa pelo, mme ka ntlha ya bonolo le boikokobetso jwa pelo go tla ketelo ya Mowa o o Boitshepho, Mogomotsi yo o tlatsang ka tsholofelo le lorato lo lo itekanetseng, lorato lo lo itshokang ka tlhoafalo go thapelo, go fitlhelela bokhutlo bo tlaa tla, fa baitshephi botlhe ba tlaa nna le Modimo.

27 Bona, morwaaka, ke tlaa go kwalela gape fa ke sa tsamaye mo bogaufing kgatlhanong le Baleimene. Bona, boikgogomoso jwa setšhaba se, kgotsa batho ba Banifae, ba rurifaditse tshenyego ya bone fa e se ba ka ikotlhaya.

28 Ba rapelele, morwaaka, gore boikotlhao bo ka tla go bone. Mme bona, ke boifa e se re kgotsa Mowa o emisitse go dira le bone; mme mo karolong e ya lefatshe ba batla gape go baya fa fatshe thata yotlhe le taolo e e tswang kwa Modimong; mme ba latola Mowa o o Boitshepho.

29 Mme morago ga ba gana kitso e kgolo jaana, morwaaka, ba tshwanetse go nyelela ka bonako, mo go diragatseng diporofito tse di neng di builwe ke baporofiti, ga mmogo le mafoko a Mmoloki wa rona ka boene.

30 Sala sentle, morwaaka, go fitlhelela ke tlaa kwalela go wena, kgotsa ke tlaa kopana le wena gape. Amene.