Scriptures
Ethere 15


Kgaolo 15

Didikadike tsa Bajarete di bolawa mo ntweng—Shise le Khorianthama ba phutha batho botlhe go ntwa ya go swa—Mowa wa Morena o emisa go dira le bone—Setšhaba sa Bajarete se senngwa gotlhelele—Khorianthama a le nosi o a sala.

1 Mme go ne ga diragala gore fa Khorianthama a sena go fola dintho tsa gagwe, a simolola go gakologelwa mafoko a Ethere a neng a a buile go ene.

2 A bona gore go ne go setse go bolailwe ka tšhaka gaufi le didikadike tse pedi tsa batho ba gagwe, mme a simolola go utlwa botlhoko mo pelong ya gagwe; ee, go ne go bolailwe didikadike tse pedi tsa banna ba ba dinatla, ga mmogo le basadi ba bone le bana ba bone.

3 A simolola go ikotlhaela bosula jo a neng a bo dirile; a simolola go gakologelwa mafoko a a neng a builwe ka melomo ya baporofiti botlhe, mme a a bona, gore a ne a diragaditswe go fitlha fa, karolwana nngwe le nngwe; mme botho jwa gagwe jwa hutsafala mme jwa gana go gomotsega.

4 Mme go ne ga diragala gore a kwalele lokwalo go Shise, a mo kopa gore o ka tlogela batho, mme o tlaa neela motse wa bogosi ka ntlha ya matshelo a batho.

5 Mme go ne ga diragala gore fa Shise a sena go amogela lokwalo lwa gagwe a kwalela lokwalo go Khorianthama, gore fa a ka ineela, gore o ka tla a mmolaya ka tšhaka ya gagwe, gore o tlaa tlogela matshelo a batho.

6 Mme go ne ga diragala gore batho ba seka ba ikotlhaela boikepi jwa bone; mme batho ba ga Khorianthama ba ne ba fuduilwe go tšhakgalo kgatlhanong le batho ba ga Shise; mme batho ba ga Shise ba ne ba fuduilwe go tšhakgala kgatlhanong le batho ba ga Khorianthama; ka jalo he, batho ba ga Shise ba ne ba lwa le batho ba ga Khorianthama.

7 Mme fa Khorianthama a bona gore o ne a le gaufi le go wa o ne a tshaba gape fa pele ga batho ba ga Shise.

8 Mme go ne ga diragala gore a tle kwa metsing a Ripoliankhamo, se, ka tolokololo, ke botona, kgotsa go feta gotlhe; ka jalo he, fa ba tla kwa metsing a ba tlhoma ditante tsa bone; mme Shise le ene a tlhoma ditante tsa gagwe gaufi go bone; mme jalo he ka moso ba ne ba tla go lwa.

9 Mme go ne ga diragala gore ba lwe ntwa e e botlhoko mo go feteletseng, e mo go yone Khorianthama a neng a ntshiwa dintho gape, mme a idibala ka go latlhegelwa ke madi.

10 Mme go ne ga diragala gore mephato ya ga Khorianthama e ne ya gatelela mo mephatong ya ga Shise mo ba neng ba ba itaya, mo ba neng ba dira gore ba tshabe fa pele ga bone; mme ba ne ba tshabela go ya borwa, mme ba ne ba tlhoma ditante tsa bone mo lefelong le le neng le bidiwa Ogathe.

11 Mme go ne ga diragala gore mophato wa ga Khorianthama o ne wa tlhoma ditante tsa bone gaufi le lentswe Rama; mme e ne e le lone lentswe le kwa ntate Momone a neng a fitlha dipego tse di kwadilweng go Morena, tse di neng di le boitshepho.

12 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba kgobokanya batho botlhe mo sefatlhogong sotlhe sa lefatshe, ba ba neng ba sa bolawa, fa e ne e se Ethere.

13 Mme go ne ga diragala gore Ethere o ne a bona ditiro tsotlhe tsa batho; mme o ne a bona gore batho ba ba neng e le ba ga Khorianthama ba ne ba kgobokane mmogo kwa mophatong wa ga Khorianthama; mme batho ba ba neng e le ba ga Shise ba ne ba kgobokane mmogo go mophato wa ga Shise.

14 Ka jalo he, ba ne ka sebaka sa dingwaga di le nne ba kgobokanya mmogo batho, gore ba ka tla ba tsaya botlhe ba ba neng ba le mo sefatlhogong sa lefatshe, le gore ba ka tla ba amogela nonofo yotlhe e go neng go kgonega gore ba ka e amogela.

15 Mme go ne ga diragala gore fa botlhe ba ne ba kgobokane mmogo, mongwe le mongwe kwa mophatong o a neng a batla, le basadi ba bone le bana ba bone—mmogo banna, basadi le bana ba ipapanne ka dibetsa tsa ntwa, ba na le dithebe, le diiphemelo-sehubeng, le makarapa, mme ba apere morago ga mokgwa wa ntwa—ba ne ba gwantela pele mongwe kgatlhanong le yo mongwe go lwa; mme ba ne ba lwa letsatsi leo lotlhe, mme ba seka ba fenya.

16 Mme go ne ga diragala gore fa go setse go le bosigo ba bo ba lapile, mme ba boela kwa mathibelelong a bone; mme morago ga ba sena go boela kwa mathibelelong a bone ba simolola go kuruetsa le hutsafalo ka ntlha ya tatlhegelo ya ba ba neng ba bolailwe ba batho ba bone; mme go ne go le bogolo jalo dilelo tsa bone, go kuruetsa ga bone le dikhutsafalo, mo ba neng ba phatlola phefo mo go feteletseng.

17 Mme go ne ga diragala gore ka moso ba ne ba ya gape go lwa, mme bogolo le poitshego go ne go le letsatsi leo; le fa go ntse jalo, ba ne ba seka ba fenya, mme fa bosigo bo tla gape ba ne ba phatlola phefo ka dilelo tsa bone, le go kuruetsa ga bone, le go hutsafala ga bone, ka ntlha ya tatlhegelo ya ba ba bolailweng ba batho ba bone.

18 Mme go ne ga diragala gore Khorianthama a kwalele gape lokwalo go Shise, a kopa gore o ka seka a tla gape go lwa, mme gore a tseye bogosi, mme a tlogele matshelo a batho.

19 Mme bonang, Mowa wa Morena o ne o emisitse go dira le bone, mme Satane o ne a na le thata e e tletseng godimo ga dipelo tsa batho; gonne ba ne ba neetswe go bothata jwa dipelo tsa bone, le bofofu jwa megopolo ya bone gore ba ka tla ba senngwa; ka jalo he ba ya gape go lwa.

20 Mme go ne ga diragala gore ba lwe letsatsi leo lotlhe, mme fa bosigo bo tla ba robala godimo ga ditšhaka tsa bone.

21 Mme ka moso ba lwa le go fitlhelela bosigo bo tla tota.

22 Mme fa bosigo bo tla ba ne ba tlhapetswe ke tšhakgalo, le fela jaaka monna yo o tlhapetsweng ke mofine; mme ba ne ba robala gape godimo ga ditšhaka tsa bone.

23 Mme ka moso ba lwa gape; mme fa bosigo bo tla ba ne ba ole botlhe ka tšhaka fa e se ba le masome a matlhano le bobedi ba batho ba ga Khorianthama, le masome a marataro le boroba bongwe a batho ba ga Shise.

24 Mme go ne ga diragala gore ba robale godimo ga ditšhaka tsa bone bosigo joo, mme ka moso ba lwa gape, mme ba itaana ka nonofo ya bone ka ditšhaka tsa bone le ka dithebe tsa bone, letsatsi leo lotlhe.

25 Mme fa bosigo bo tla go ne go le masome a mararo le bobedi a batho ba ga Shise, le masome a mabedi le bosupa a batho ba ga Khorianthama.

26 Mme go ne ga diragala gore ba je mme ba robale, mme ba ipaakanyetse loso ka moso. Mme ba ne ba le banna ba batona ba le dinatla jaaka go ya ka nonofo ya banna.

27 Mme go ne ga diragala gore ba lwe sebaka sa dioura di le tharo, mme ba idibala ka tatlhegelo ya madi.

28 Mme go ne ga diragala gore fa banna ba ga Khorianthama ba sena go amogela nonofo e e lekaneng gore ba ka tsamaya, ba ne ba setse ba le gaufi le go tshaba gore ba boloke matshelo a bone; mme bonang, Shise a tsoga, ga mmogo le banna ba gagwe, mme a ikana mo kgalefong ya gagwe gore o tlaa bolaya Khorianthama kgotsa o tlaa nyelela ka tšhaka.

29 Ka jalo he, o ne a ba leleka, mme ka moso o ne a ba tshwara; mme ba ne ba lwa gape ka tšhaka. Mme go ne ga diragala gore fa ba ne ba o le botlhe ka tšhaka, fa e se fela Khorianthama le Shise, bonang Shise o ne a idibetse ka tatlhegelo ya madi.

30 Mme go ne ga diragala gore fa Khorianthama a sena go itshegetsa ka tšhaka ya gagwe, gore a itapolose go le gonnye, a kgaola tlhogo ya ga Shise.

31 Mme go ne ga diragala gore morago fa a sena go kgaola tlhogo ya ga Shise, gore Shise a emelela ka diatla tsa gagwe mme a wa; mme morago ga a kgaratlhela go hema, a swa.

32 Mme go ne ga diragala gore Khorianthama a wela fa fatshe, mme a nna jaaka e kete o ne a sena botshelo.

33 Mme Morena a bua go Ethere, mme a re go ene: Ya pele. Mme a ya pele, mme a bona gore mafoko a Morena otlhe a ne a diragaditswe; mme a feleletsa pego e e kwadilweng ya gagwe; (mme bongwe mo lekgolong jwa karolo ya yone ga ke a bo kwala) mme a di fitlha ka mokgwa o batho ba ga Limohae ba neng ba di bona.

34 Jaanong mafoko a bofelo a a kwadilweng ke Ethere ke a: Gore a Morena o rata gore ke ka fetoga gore ke seka ka swa, kgotsa gore ke sotlege thato ya Morena mo nameng, ga gore sepe, fa e le gore go ka nna gore ke bolokwe mo motseng wa bogosi jwa Modimo. Amene.