Scriptures
Ethere 11


Kgaolo 11

Dintwa, ditsuololo, le boleofi di rena botshelo jwa Sejarete—Baporofiti ba bolela pele go senngwa gotlhelele ga Bajarete fa e se ba ka ikotlhaya—Batho ba gana mafoko a baporofiti.

1 Mme ga tla gape mo malatsing a ga Khomo baporofiti ba le bantsi, mme ba porofita ka ga tshenyego ya batho ba bagolo bao fa e se fela ba ka ikotlhaya, mme ba boela go Morena, mme ba tlogela dipolao tsa bone le boleofi.

2 Mme go ne ga diragala gore baporofiti ba ganwe ke batho, mme ba ne ba tshabela kwa go Khomo go batla tshireletso, gonne batho ba ne ba senka go ba senya.

3 Mme ba ne ba porofita go Khomo dilo di le dintsi; mme o ne a segofadiwa mo malatsing otlhe a a setseng a gagwe.

4 Mme a tshela go fitlhelela dingwaga tse dintsi thata, mme a tshola Shibolamo; mme Shibolamo a busa mo boemong jwa gagwe. Mme morwarraagwe Shibolamo a ingaola kgatlhanong le ene, mme go ne ga simolola go nna le ntwa e kgolo mo go feteletseng mo lefatsheng lotlhe.

5 Mme go ne ga diragala gore morwarraagwe Shibolamo a dire gore baporofiti botlhe ba ba neng ba porofita ka go senngwa ga batho ba bolawe;

6 Mme go ne ga nna le tatlhegelo e e hutsafatsang e kgolo mo lefatsheng lotlhe, gonne ba ne ba pakile gore khutso e kgolo e tlaa tla mo lefatsheng, le gape mo bathong, le gore go tlaa nna le tshenyego e kgolo gareng ga bone, e e jaaka nngwe e e iseng e ke e nne mo sefatlhogong sa lefatshe, mme marapo a bone a tlaa nna jaaka dithota tsa mmu mo sefatlhogong sa lefatshe fa e se ba ka ikotlhaela boleofi jwa bone.

7 Mme ba ne ba seka ba obamela lentswe la Morena, ka ntlha ya makunutu a bone a boleo; ka jalo he, ga simolola go nna le dintwa le dikomano mo lefatsheng lotlhe, ga mmogo le tlala e ntsi le leroborobo, mo e leng gore go ne ga nna le tshenyego e kgolo, e e jaaka nngwe e e iseng e itsiwe mo sefatlhogong sa lefatshe; mme se sotlhe se ne sa diragala mo malatsing a ga Shibolamo.

8 Mme batho ba simolola go ikotlhaela boikepi jwa bone; mme go lekana le jaaka ba ne ba dira Morena o ne a nna le kutlwelobotlhoko mo go bone.

9 Mme go ne ga diragala gore Shibolamo o ne a bolawa, mme Sethe o ne a tlisiwa mo botshwarong, mme o ne a nna mo botshwarong malatsi otlhe a gagwe.

10 Mme go ne ga diragala gore Aha, morwawe, o ne a tsaya motse wa bogosi; mme o ne a busa godimo ga batho malatsi otlhe a gagwe. Mme o ne a dira mekgwa yotlhe ya boikepi mo malatsing a gagwe, jo ka jone a neng a dira tshololo ya madi e ntsi; mme malatsi a gagwe a ne a le mannye.

11 Mme Ifamo, e ne e le kokomana ya ga Aha, o ne a tsaya motse wa bogosi; mme le ene o ne a dira seo se se neng se le boleo mo malatsing a gagwe.

12 Mme go ne ga diragala gore mo malatsing a ga Ifamo go ne ga tla baporofiti ba le bantsi, mme ba porofita gape go batho; ee, ba ne ba porofita gore Morena o tlaa ba senya gotlhelele go tswa mo sefatlhogong sa lefatshe fa e se ba ka ikotlhaela boikepi jwa bone.

13 Mme go ne ga diragala gore batho ba thatafatse dipelo tsa bone, mme ba seka ba obamela mafoko a bone; mme baporofiti ba hutsafala mme ba ikgoga go tswa gareng ga batho.

14 Mme go ne ga diragala gore Ifamo o ne a diragatsa katlholo mo boleong mo malatsing otlhe a gagwe; mme a tshola Morane. Mme go ne ga diragala gore Morane a buse mo boemong jwa gagwe; mme Morane a dira seo se se neng se le boleo fa pele ga Morena.

15 Mme go ne ga diragala gore go tsoge boingaolo gareng ga batho, ka ntlha ya lekunutu leo la sephiri le le neng le agilwe go bona thata le poelo; mme go ne ga emelela monna wa senatla gareng ga bone mo boikeping, mme a lwa le Morane; e mo go yone a neng a thankgola sephatlo sa motse wa bogosi; mme o ne a tshegetsa sephatlo sa motse wa bogosi dingwaga di le dintsi.

16 Mme go ne ga diragala gore Morane o ne a mo thankgola, mme o ne a tsaya motse wa bogosi gape.

17 Mme go ne ga diragala gore go emelele monna yo mongwe wa senatla; mme e ne e le kokomana ya ga morwarraagwe Jarete.

18 Mme go ne ga diragala gore o ne a thankgola Morane mme a tsaya motse wa bogosi; ka jalo he, Morane a nna mo botshwarong malatsi otlhe a gagwe a a setseng; mme a tshola Khoriantho.

19 Mme go ne ga diragala gore Khoriantho a nne mo botshwarong malatsi otlhe a gagwe.

20 Mme mo malatsing a ga Khoriantho go ne ga tla gape baporofiti ba le bantsi, mme ba porofita ka dilo tse dikgolo tse di gakgamatsang, mme ba goa boikotlhao go batho, mme fa e se ba ka ikotlhaya Morena Modimo o tlaa dira katlholo kgatlhanong le bone mo go senngweng gotlhelele ga bone;

21 Le gore Morena Modimo o tlaa romela kgotsa o tlaa tlisa batho ba bangwe go tsaya lefatshe, ka thata ya gagwe, morago ga mokgwa o ka one a tlisitseng borraabo.

22 Mme ba ne ba gana mafoko otlhe a baporofiti, ka ntlha ya mokgatlho wa bone wa sephiri le bodiabole jo bo boleo.

23 Mme go ne ga diragala gore Khoriantho a tshole Ethere, mme a swa, a nnile mo botshwarong malatsi otlhe a gagwe.