Scriptures
Ethere 5


Kgaolo 5

Basupi ba le bararo le tiro ka boyone di tlaa ema e le bopaki jwa boammaaruri jwa Buka ya ga Momone.

1 Mme jaanong nna, Moronae, ke kwadile mafoko a ke neng ke a laetswe, go ya ka fa kgakologelong ya me; mme ke lo boleletse dilo tse ke di kanneng; jalo he lo se di kgome ka maikaelelo a gore lo ka di ranola; gonne selo seo se ileditswe lona, fa e se go ntse go tsweletse go tlaa nna tlhalefo mo Modimong.

2 Mme bona, lo ka tla lwa nna le tshiamelo gore lo ka bontsha dipapetlana go bao ba ba tlaa thusang go tlisa pele tiro e;

3 Mme go ba le bararo di tlaa supiwa ka thata ya Modimo; ka jalo he ba tlaa itse ka nnete gore dilo tse di boammaaruri.

4 Mme mo melomong ya basupi ba le bararo dilo tse di tlaa rurifadiwa; mme bopaki jwa ba bararo, le tiro e, e mo go yone go tlaa supiwang thata ya Modimo ga mmogo le lefoko la gagwe, tse ka tsone Rara, le Morwa, le Mowa o o Boitshepho ba nayang bosupi—Mme se sotlhe se tlaa ema e le bopaki kgatlhanong le lefatshe ka letsatsing la bofelo.

5 Mme fa go ka nna gore ba a ikotlhaya mme ba tla go Rara mo leineng la ga Jesu, ba tlaa amogelwa mo motseng wa bogosi jwa Modimo.

6 Mme jaanong, fa ke sena taolo ya dilo tse, atlholang lona; gonne lo tlaa itse gore ke na le thata fa lo tlaa mpona, mme re tlaa ema fa pele ga Modimo ka letsatsi la bofelo. Amene.