Scriptures
Ethere 1


Buka ya ga Ethere

Pego e e kwadilweng ya Bajarete, e e tserweng mo dipapetlaneng tse di masome a mabedi le bone tse di neng di bonwe ke batho ba ga Limohae mo malatsing a ga kgosi Mosaeya.

Kgaolo 1

Moronae o khutshwafatsa mekwalo ya ga Ethere—Losika lwa ga Ethere lo a balololwa—Puo ya Bajarete ga e a tlhakatlhakanngwa kwa Kagong e e Godileng ya Beibele—Morena o solofetsa go ba etelela pele go ya kwa lefatsheng le le kgethegileng le go ba dira setšhaba se segolo.

1 Mme jaanong nna, Moronae, ke tswelela go naya pego ya banni bao ba bogologolo tala ba ba neng ba senngwa ka seatla sa Morena mo sefatlhogong sa lefatshe le la bokone.

2 Mme ke tsaya pego ya me go tswa mo dipapetlaneng tse di masome a mabedi le bone tse di neng tsa bonwa ke batho ba ga Limohae, e e bidiwang Buka ya ga Ethere.

3 Mme jaaka ke gopola gore karolo ya ntlha ya pego e e kwadilweng e, e e buang mabapi le tlholego ya lefatshe, le gape ka ga Atame, le pego go tswa ka nako eo le go ya kwa kagong e e godileng e kgolo tota, le eng le eng dilo tse di diragetseng gareng ga bana ba batho go fitlhelela ka nako eo, e teng gareng ga Bajuta—

4 Jalo he, ga ke kwale dilo tseo tse di diragetseng mo malatsing a ga Atame go fitlhelela ka nako eo; mme di teng mo dipapetlaneng; mme yo o tlaa di bonang, ene yoo o tlaa nna le thata gore o ka tsaya pego e e tletseng.

5 Mme bonang, ga ke neye pego e e tletseng, mme karolo ya pego ke a e naya, go tswa kwa kagong e e godileng go tla tlase go fitlhelela ba sentswe.

6 Mme mo tlhalefong e ke naya pego. Ene yo o kwadileng pego e e kwadilweng e e ne e le Ethere, mme e ne e le kokomana ya ga Khoriantho.

7 Khoriantho e ne e le morwa Morane.

8 Mme Morane e ne e le morwa Ifamo.

9 Mme Ifamo e ne e le morwa Aha.

10 Mme Aha e ne e le morwa Sethe.

11 Mme Sethe e ne e le morwa Shibolane.

12 Mme Shibolane e ne e le morwa Khomo.

13 Mme Khomo e ne e le morwa Khorianthamo.

14 Mme Khorianthamo e ne e le morwa Emonikata.

15 Mme Emonikata e ne e le morwa Arone.

16 Mme Arone e ne e le kokomana ya ga Hethe, yo e neng e le morwa Hiafomo.

17 Mme Hiafomo e ne e le morwa Libo.

18 Mme Libo e ne e le morwa Kiše.

19 Mme Kiše e ne e le morwa Khoramo.

20 Mme Khoramo e ne e le morwa Lefi.

21 Mme Lefi e ne e le morwa Khimo.

22 Mme Khimo e ne e le morwa Morianthene.

23 Mme Morianthene e ne e le kokomana ya ga Ripolekhishe.

24 Mme Ripolekhishe e ne e le morwa Shese.

25 Mme Shese e ne e le morwa Hethe.

26 Mme Hethe e ne e le morwa Khomo.

27 Mme Khomo e ne e le morwa Khorianthamo.

28 Mme Khorianthamo e ne e le morwa Ima.

29 Mme Ima e ne e le morwa Oma.

30 Mme Oma e ne e le morwa Shule.

31 Mme Shule e ne e le morwa Khibo.

32 Mme Khibo e ne e le morwa Oraeha, yo eneng e le morwa Jarete;

33 Jarete yo o neng a tla pele le morwarraagwe le bamalwapa a bone, le ba bangwe le bamalwapa a bone, go tswa kwa kagong e e godileng e kgolo, ka nako e Morena a neng a tlhakatlhakanya puo ya batho, mme a ikana mo kgalefong ya gagwe gore ba tlaa phatlaladiwa mo sefatlhogong sotlhe sa lefatshe; mme go ya ka fa lefokong la Morena batho ba ne ba phatlaladiwa.

34 Mme morwarraagwe Jarete e le monna yo motona yo o senatla, mme monna yo o ratilweng thata ke Morena, Jarete, morwarraagwe, a re go ene: Lelela go Morena, gore a tle a seka a re tlhakatlhakanya gore re ka tla ra seka ra tlhaloganya mafoko a rona.

35 Mme go ne ga diragala gore morwarraagwe Jarete o ne a lelela go Morena, mme Morena a nna le bopelotlhomogi mo go Jarete; jalo he o ne a seka a tlhakatlhakanya puo ya ga Jarete; mme Jarete le morwarraagwe ba ne ba seka ba tlhakatlhakanngwa.

36 Jaanong foo Jarete a re go morwarraagwe: Lelela gape go Morena, mme go ka nna gore gongwe o tlaa faposa tšhakgalo ya gagwe go tswa go bone ba e leng ditsala tsa rona, gore ga a tlhakatlhakanye puo ya bone.

37 Mme go ne ga diragala gore morwarraagwe Jarete o ne a lelela go Morena, mme Morena o ne a nna le bopelotlhomogi mo ditsaleng tsa bone ga mmogo le bamalwapa a bone, gore ba ne ba seka ba tlhakatlhakanngwa.

38 Mme go ne ga diragala gore Jarete a bue gape go morwarraagwe, a re: Tsamaya mme o botse Morena gore a o tlaa re kgweetsa go tswa mo lefatsheng, mme fa e le gore o tlaa re kgweetsa go tswa mo lefatsheng, lelela go ene gore re tlaa ya kae. Mme go itseng mang gongwe Morena o tlaa re tseela pele mo lefatsheng le le kgethegileng godimo ga lefatshe lotlhe? Mme fa go ka nna jalo, a re nneng boikanyego go Morena, gore re ka le amogela go nna boswa jwa rona.

39 Mme go ne ga diragala gore morwarraagwe Jarete o ne a lelela go Morena go ya ka fa go seo se se neng se builwe ke molomo wa ga Jarete.

40 Mme go ne ga diragala gore Morena o ne a utlwa morwarraagwe Jarete, mme a nna le bopelotlhomogi mo go ene, mme a re go ene:

41 Tsamaya kwa mme o kgobokanye mmogo maraka a lona, mmogo tse ditonanyana le tse dinamagadi, tsa mofuta mongwe le mongwe; ga mmogo le peo ya lefatshe ya mofuta mongwe le mongwe; le bamalwapa a gago; ga mmogo le Jarete morwarraago le balelwapa la gagwe; ga mmogo le ditsala tsa gago le bamalwapa a bone, le ditsala tsa ga Jarete le bamalwapa a bone.

42 Mme fa o sena go dira se wena o tlaa tsamaya kwa tlhogong ya bone go fologela mo mokgatšheng o o go ya bokone. Mme koo ke tlaa kopana le wena, mme ke tlaa tsamaya fa pele ga gago go tsena mo lefatsheng le le kgethegileng godimo ga mafatshe otlhe a lefatshe.

43 Mme koo ke tlaa go segofatsa le peo ya gago, mme ke emeletse go nna go tswa peong ya gago, le peo ya ga morwarraago, le bone ba ba tlaa tsamayang le wena, setšhaba se segolo. Mme go tla bo go se sepe se segolo go gaisa setšhaba se ke tlaa se emeletsang go nna sa peo ya gago, mo sefatlhong sotlhe sa lefatshe. Mme jalo ke tlaa dira go wena ka ntlha ya gore nako e telele e o leletse go nna.