Scriptures
Ethere 13


Kgaolo 13

Ethere o bua ka ga Jerusalema yo moša yo o tla agiwang mo Amerika ke peo ya ga Josefe—o a porofita, o a kobiwa, o kwala ditso tsa Bajarete, mme o bolelela pele go senngwa ga Bajarete—ntwa e a gakala godimo ga lefatshe lotlhe.

1 Mme jaanong nna, Moronae, ke tswelela go feleletsa pego ya me e e kwadilweng mabapi le go senngwa ga batho ba ka bone ke ntseng ke kwala.

2 Gonne bonang, ba ganne mafoko otlhe a ga Ethere; gonne ka boammaaruri o ba boleletse ka ga dilo tsotlhe, go tswa kwa tshimologong ya motho; le gore morago ga metsi a sena go boela morago go tswa mo sefatlhogong sa lefatshe le le ne la nna lefatshe le le kgethegileng godimo ga mafatshe otlhe a mangwe, lefatshe le le kgethegileng la Morena; ka jalo he Morena o ka rata gore batho botlhe ba mo direle ba ba nnang mo sefatlhogong sa lone;

3 Le gore e ne e le lefelo la Jerusalema yo moša, yo o tlaa tswang kwa legodimong, le lefelo le le itshephileng le le boitshepho la Morena.

4 Bonang, Ethere o bone malatsi a ga Keresete, mme o buile mabapi le Jerusalema yo moša mo lefatsheng leno.

5 Mme o buile gape mabapi le ntlo ya Iseraele, le Jerusalema go tswa kwa Lihae a tlaa tlang—morago ga o tlaa senngwa o tlaa agiwa gape, motse o o boitshepho go Morena; ka jalo he, ga o kake wa nna Jerusalema o moša gonne o ne o le teng mo nakong ya bogologolo; mme o tlaa agiwa gape, mme o nne motse o o boitshepho wa Morena; mme o tlaa agiwa go ntlo ya Iseraele—

6 Le gore Jerusalema yo moša o tlaa agiwa mo lefatsheng le, go masalela a peo ya ga Josefe, dilo tse go tsone go neng go na le sekao.

7 Gonne jaaka Josefe a tlisitse rraagwe mo lefatsheng la Egepeto, le jalo tota o swetse koo; ka jalo he, Morena o tlisitse masalela a peo ya ga Josefe go tswa mo lefatsheng la Jerusalema, gore o ka tla a nna kutlwelobotlhoko go peo ya ga Josefe gore ba seka ba nyelela, le fela jaaka a ne a le kutlwelobotlhoko go rraagwe Josefe, gore a seka a nyelela.

8 Ka jalo he, masalela a ntlo ya ga Josefe a tla agiwa mo lefatsheng le; mme le tlaa nna lefatshe la boswa jwa bone; mme ba tlaa aga motse o o boitshepho go Morena, le jaaka go Jerusalema o mogologolo; mme ga ba na ba tlhola ba tlhakatlhakanngwa, go fitlhelela bokhutlo bo tla fa lefatshe le tlaa feta.

9 Mme go tlaa nna le legodimo le leša le lefatshe le leša; mme a tlaa nna jaaka go a magologolo fa e se fela gore a magologolo a fetile, mme dilo tsotlhe di nnile diša.

10 Mme jaanong foo go tla Jerusalema o moša; mme go sego bone ba ba nnang mo go ene, gonne ke bone ba diaparo tsa bone di ditshweu ka madi a Kwanyana; mme ke bone ba ba balelwang gareng ga masalela a peo ya ga Josefe, ba ba neng e le ba ntlo ya Iseraele.

11 Mme jaanong foo gape go tla Jerusalema o mogologolo; le banni ba one, go sego bone, gonne ba tlhatswitswe mo mading a Kwanyana; mme ke bone ba ba neng ba phatlaladitswe mme ba kgobokanngwa go tswa dikhutlong tse nne tsa lefatshe, le go tswa kwa mafatsheng a bokone, mme ke banni le seabe mo go diragatseng kgolagano e Modimo a e dirileng le rraabone, Aberahame.

12 Mme fa dilo tse di tla, di diragatsa lefoko la Modimo le le kwadilweng le le reng, go na le bone ba e neng e le ba ntlha, ba ba tlaa nnang ba bofelo; mme go na le bone ba eneng e le ba bofelo, ba ba tlaa nnang ba ntlha.

13 Mme ke ne ke le gaufi le go kwala go feta, mme ke a idiwa; mme bogolo le kgakgamatso e ne e le diporofito tsa ga Ethere; mme ba ne ba mo tsaya e le lefela, mme ba mo koba; mme o ne a iphitlha mo letshwagong la lefika motshegare, mme bosigo o ne a ya pele a lebelela dilo tse di tlaa tlang mo bathong.

14 Mme jaaka a ne a nna mo letshwagong la lefika o ne a dira mo go setseng ga pego e e kwadilweng e, a bona ditshenyego tse di neng di tla mo bathong, bosigo.

15 Mme go ne ga diragala gore mo ngwageng o ne oo, o a neng a kobiwa go tswa gareng ga batho go ne ga simolola go nna le ntwa e kgolo gareng ga batho, gonne ba ne ba le bantsi ba ba neng ba emelela, ba e neng e le banna ba ba dinatla, mme ba senka go senya Khorianthama ka maano a bone a sephiri a boleofi, a ka ga one go builweng.

16 Mme jaanong Khorianthama, a ithutile, ka boene, mo maretshweng otlhe a ntwa le boferefere jotlhe jwa lefatshe, ka jalo he a lwa le bone ba ba neng ba batla go mo senya.

17 Mme o ne a seka a ikotlhaya, le e seng barwawe ba bantle le fa e le barwadie; le e seng barwa le barwadia Khoho ba bantle; le e seng barwa le barwadia Khoriho ba bantle; mme mo tshobolokong, go ne go se bape ba barwa le barwadia ba bantle mo sefatlhogong sa lefatshe lotlhe ba ba neng ba ikotlhaela dibe tsa bone.

18 Ka jalo he, go ne ga diragala gore mo ngwageng wa ntlha o Ethere a neng a nna mo letshwagong la lefika, go ne go na le batho ba le bantsi ba ba neng ba bolawa ka tšhaka ya makunutu a a sephiri, ba lwa kgatlhanong le Khorianthama gore ba ka tla ba tsaya bogosi.

19 Mme go ne ga diragala gore barwa Khorianthama ba lwe thata mme ba tshologa madi thata.

20 Mme mo ngwageng wa bobedi lefoko la Morena la tla kwa go Ethere, gore a tsamaye mme a porofite go Khorianthama gore, fa a ka ikotlhaya, le ba ntlo yotlhe ya gagwe, Morena o tlaa naya go ene bogosi jwa gagwe le go sadisa batho.

21 Go seng jalo ba tlaa senngwa, le ba ntlo ya gagwe yotlhe kwa ntle ga gagwe. Mme o tlaa tshela fela go bona go diragadiwa ga diporofito tse di builweng mabapi le batho ba bangwe ba amogela lefatshe go nna boswa jwa bone; mme Khorianthama o tlaa amogela phitlho ka bone; mme motho mongwe le mongwe o tlaa senngwa fa e se fela Khorianthama.

22 Mme go ne ga diragala gore Khorianthama a seka a ikotlhaya, le e seng ba ntlo ya gagwe, le e seng batho; mme dintwa di ne tsa seka tsa ema; mme ba ne ba senka go bolaya Ethere, mme a tshaba go tswa fa pele ga bone mme a iphitlha gape mo letshwagong la lefika.

23 Mme go ne ga diragala gore go ne ga emelela Sherate, mme le ene o ne a lwa le Khorianthama; mme o ne a mo fenya, mo e leng gore mo ngwageng wa boraro o ne a mo tlisa mo botshwarong.

24 Mme barwa Khorianthama, mo ngwageng wa bone, ba ne ba fenya Sherate, mme ba ne ba tsaya bogosi gape go rraabone.

25 Jaanong go ne ga simolola go nna le ntwa mo sefatlhogong sotlhe sa lefatshe, monna mongwe le mongwe ka setlhopha sa gagwe a lwela seo se a neng a se eletsa.

26 Mme go ne go na le dirukutlhi, mme mo tshobolokong, mekgwa yotlhe ya boleofi mo sefatlhogong sotlhe sa lefatshe.

27 Mme go ne ga diragala gore Khorianthama o ne a šakgaletse Sherate mo go feteletseng, mme a ya kgatlhanong le ene ka mephato ya gagwe go lwa; mme ba ne ba kopana mo tšhakgalong e kgolo, mme ba ne ba kopana mo mokgatšheng wa Gilegale; mme ntwa e ne ya nna botlhoko mo go feteletseng.

28 Mme go ne ga diragala gore Sherate a lwe kgatlhanong le ene sebaka sa malatsi a le mararo. Mme go ne ga diragala gore Khorianthama a mo iteye, mme o ne a mo sala morago go fitlhelela a tla kwa dipoeng tsa Heshelane.

29 Mme go ne ga diragala gore Sherate a lwe le ene gape mo dipoeng; mme bonang, o ne a itaya Khorianthama, mme a mo kgweeletsa kwa morago gape kwa mokgatšheng wa Gilegale.

30 Mme Khorianthama o ne a lwa le Sherate gape mo mokgatšheng wa Gilegale, e mo go yone a neng a itaya Sherate mme a mmolaya.

31 Mme Sherate a gobatsa Khorianthama mo seropeng sa gagwe, mo a neng a seka a ya go lwa gape sebaka sa dingwaga di le pedi, mo nakong e batho botlhe mo sefatlhogong sa lefatshe ba neng ba tsholola madi, mme go ne go se ope go ba kganela.