Scriptures
Moronae 10


Kgaolo 10

Bopaki jwa Buka ya ga Momone bo tla ka thata ya Mowa o o Boitshepho—Dineo tsa Mowa di fiwa ba ba boikanyego—Dineo tsa Semowa di pata tumelo ka nako tsotlhe—Mafoko a ga Moronae a bua go tswa mo leroleng—Tlang go Keresete, lo bone boitekanelo mo go ene mme lo itshekise botho jwa lona. E ka nna mo ngwageng wa Morena wa 421.

1 Jaanong nna, Moronae, ke kwala ka selekanyo sengwe jaaka go bonala go le molemo mo go nna; mme ke kwalela go bakaulengwe ba me, Baleimene; mme ke ka re gore ba itse gore dingwaga di feta makgolo a mane le masome a mabedi di fetile fa e sale sesupo se newa sa go tla ga ga Keresete.

2 Ke kana dipego tse di kwadilweng tse, morago ga ke sena go bua mafoko a se kae ka tsela ya thotloetso go lona.

3 Bonang, ke le rotloetsa gore fa lo tlaa bala dilo tse, fa e ka nna tlhalefo mo Modimong gore lo di bale, gore lo tlaa gakologelwa gore Morena o ne a nnile kutlwelobotlhoko jang go bana ba batho, go tswa kwa tlholegong ya ga Atame le go ya kwa tlase tota go fitlhelela ka nako e lo tlaa amogelang dilo tse, mme lo e akanye ka boteng mo dipelong tsa lona.

4 Mme fa lo tlaa amogela dilo tse, ke tlaa lo rotloetsa gore lo botse Modimo, Rara wa Bosakhutleng, mo leineng la ga Keresete, fa dilo tse di se boammaaruri; mme fa lo ka botsa ka dipelo tse di nnete, ka maikaelelo a nnete, lo na le tumelo mo go Keresete, o tlaa supa boammaaruri jwa sone go lona, ka thata ya Mowa o o Boitshepho.

5 Mme ka thata ya Mowa o o Boitshepho lo ka itse boammaaruri jwa dilo tsotlhe.

6 Mme selo eng le eng se se molemo se tshiamo le tlhamalalo le boammaaruri; ka jalo he, ga go sepe se se molemo se se latolang Keresete, mme se dumela gore o teng.

7 Mme lo ka itse gore o teng, ka thata ya Mowa o o Boitshepho; ka jalo ke tlaa lo rotloetsa gore lo se latole thata ya Modimo; gonne o dira ka thata, go ya ka fa tumelong ya bana ba batho, go tshwana letsatsi leno le ka moso, le ka metlha.

8 Mme gape, ke a lo rotloetsa, bakaulengwe ba me, gore lo seka lwa latola dineo tsa Modimo, gonne di dintsi; mme di tswa kwa Modimong o le mongwe. Mme go na le ditsela tse di farologanyeng tse dineo tse di direlwang; mme ke Modimo o le mongwe yo o dirang tsotlhe tsotlhe; mme di fiwa ka ditshupegetso tsa Mowa wa Modimo go batho, go ba naya poelo.

9 Gonne bonang, kwa go mongwe go filwe ka Mowa wa Modimo, gore o ka ruta lefoko la tlhalefo;

10 Mme kwa go yo mongwe, gore o ka ruta lefoko la kitso ka Mowa one oo;

11 Mme kwa go yo mongwe, tumelo e kgolo mo go feteletseng; mme kwa go yo mongwe, dineo tsa go fodisa ka Mowa one oo;

12 Mme gape, kwa go yo mongwe, gore o ka dira dikgakgamatso tse dikgolo;

13 Mme gape, kwa go yo mongwe, gore o ka porofita mabapi le dilo tsotlhe;

14 Mme gape, kwa go yo mongwe, go bona baengele le mewa e e direlang;

15 Mme gape, kwa go yo mongwe, mefuta yotlhe ya diteme;

16 Mme gape, kwa go yo mongwe, tolokololo dipuo le mefuta ya diteme e e farologanyeng.

17 Mme dineo tse tsotlhe di tla ka Mowa wa ga Keresete; mme di tla go motho mongwe le mongwe ka go farologana, go ya jaaka a rata.

18 Mme ke tlaa lo rotloetsa, bakaulengwe ba me ba ba rategang, gore lo gakologelwe gore neo nngwe le nngwe e e molemo e tswa kwa go Keresete.

19 Mme ke tlaa lo rotloetsa, bakaulengwe ba me ba ba rategang, gore lo gakologelwe gore o a tshwana maabane, tsatsi leno, le ka metlha, le gore dineo tse tsotlhe tse ka ga tsone ke buileng, tse di leng tsa semowa, ga di kitla di fedisiwa, le tota go lekana jaaka lefatshe le tlaa ema, fela go ya ka tlhoka tumelo ya bana ba batho.

20 Ka jalo he, go tshwanetse ga nna le tumelo; mme fa go tshwanetse ga nna le tumelo go tshwanetse gape ga nna le tsholofelo; mme fa go tshwanetse ga nna le tsholofelo go tshwanetse gape ga nna le bopelonomi.

21 Mme kwa ntle ga lo na le bopelonomi ga lo kake ka gope lwa bolokwa mo motseng wa bogosi jwa Modimo; le e seng gore lo ka bolokwa mo motseng wa bogosi jwa Modimo fa lo sena tumelo, le e seng gore lo ka, fa lo sena tsholofelo.

22 Mme fa lo sena tsholofelo lo tshwanetse go tlhokega lo itlhoboge; mme go itlhoboga go tla ka ntlha ya boikepi.

23 Mme Keresete ka boammaaruri o rile go borraarona: Fa lo na le tumelo lo ka dira dilo tsotlhe tse di tlhokafalang go nna.

24 Mme jaanong ke bua go dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe—gore fa letsatsi le ka tla le thata le dineo tsa Modimo di tlaa fedisiwang gareng ga lona, e tlaa bo e le ka ntlha ya tlhoka tumelo.

25 Mme khutsafalo a e nne go bana ba batho fa se e le seemo; gonne ga go na go nna le ope yo o dirang molemo gareng ga lona, nnyaa e seng a le mongwe. Gonne fa go le a le mongwe yo o dirang molemo gareng ga lona, o tlaa dira ka thata le dineo tsa Modimo.

26 Mme khutsafalo go bone ba ba tlaa fedisang dilo tse mme ba swe, gonne ba swela mo dibeng tsa bone, mme ga ba kake ba bolokwa mo motseng wa bogosi jwa Modimo; mme ke se bua go ya ka fa mafokong a ga Keresete; mme ga ke ake.

27 Ke lo rotloetsa go gakologelwa dilo tse; gonne nako ka bonako e etla e lo tlaa itseng gore ga ke ake, gonne lo tlaa mpona kwa setilong sa Modimo; mme Morena Modimo o tlaa re go lona: A ga ke a bega mafoko a me go lona, a a neng a kwadilwe ke monna yo, go tshwana jaaka mongwe a lela go tswa baswing, ee, le tota jaaka mongwe a bua go tswa mo leroleng?

28 Ke bega dilo tse mo go diragatseng diporofito. Mme bonang, di tlaa ya pele go tswa mo molomong wa Modimo o o senang bokhutlo; mme lefoko la gagwe le tlaa sumela pele go tswa tshikeng go ya tshikeng.

29 Mme Modimo o tlaa supa go lona, gore seo se ke se kwadileng ke boammaaruri.

30 Mme gape ke tlaa lo rotloetsa gore lo tle go Keresete, mme lo tshware mpho nngwe le nngwe e e molemo, mme lo seka lwa kgoma mpho e e bosula, le fa e le selo se se seng phepa.

31 Mme tsoga, mme o eme go tswa mo leroleng, O Jerusalema; ee, mme o apare diaparo tsa gago tse dintle, O morwadia Sione; mme o nonotshe dimapo tsa gago mme o atolose melelwane ya gago ka metlha, gore wena o seka wa tlhola o tlhakatlhakanngwa, gore dikgolagano tsa ga Rara wa bosakhutleng tse a di dirileng go wena, O ntlo ya Iseraele, di ka diragadiwa.

32 Ee, tlang go Keresete, mme lo bone boitekanelo mo go ene, mme lo itime go se bomodimo jotlhe; mme fa lo ka itima go se bomodimo jotlhe, mme lwa rata Modimo ka bonatla jwa lona jotlhe, mogopolo le nonofo ya lona, jaanong foo matlhogonolo a gagwe a lo lekane, gore ka matlhogonolo a gagwe lo ka itekanela mo go Keresete; mme fa ka matlhogonolo a Modimo lo itekanetse mo go Keresete, ga lo kake ka gope lwa latola thata ya Modimo.

33 Mme gape, fa lona ka matlhogonolo a Modimo lo itekanetse mo go Keresete, mme lo sa latole thata ya gagwe, jaanong foo lo itshekisitswe mo go Keresete ka matlhogonolo a Modimo, ka tshololo ya madi a ga Keresete, e e leng mo kgolaganong ya ga Rara go phimolo ya dibe tsa lona, gore lo nne boitshepho, lo sena selabe.

34 Mme jaanong ke laela go botlhe, salang sentle. Ke ya ka bonako go ikhutsa mo lefelong le le boitshepho la Modimo, go fitlhelela mowa wa me le mmele di tlaa kopana gape, mme ke tlisitswe pele ke fentse go ralala phefo, go kopana le lona fa pele ga setilo se se itumedisang sa ga Jehofa yo mogolo, Moatlhodi wa bosakhutleng wa mmogo bonako le loso. Amene.

Bokhutlo